A. Merero ya ga Jaanong
1. Ditshitshinyo tsa Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko, Bogodu le Bonweenwee mo Pusong le mo Ditheong tse Dingwe tsa Puso
1.1. Letsatsi la gompieno la bo 22 Seetebosigo 2023 le garela sebaka sa ngwaga Kantoro ya Moporesitente e neetswe pegelo ya bofelo e e golotsweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko, Bogodu le Bonweenwee mo Pusong le mo Ditheong tse Dingwe tsa Puso.
1.2. Ka Diphalane 2022 Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a isa kwa Palamenteng leano le puso e tla le dirisang go diragatsa ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene eno. Kabinete mo nakong e e sa fediseng pelo e tla neelwa pegelo e e ka ga dikgato tse di setseng di dirilwe mo go tsenyeng tirisong ditshitshinyo tsa Khomišene eno.
2. Tokomane ya Tumelano ya Dithulaganyo tsa Tirisanommogo le Naga ya Fora go Thusana le Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU)
2.1. Naga ya Aforika Borwa, mo e neng e emetswe ke Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa e bong Rre Ronald Lamola, mmogo le naga ya Fora, e e neng e emetswe ke Tona ya Dinaga tsa Yuropa le Merero ya Dikamano le Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba e bong Mme Catherine Colonna, bobedi ba saenile tokomane ya tumelano ya dithulaganyo tsa tirisanommogo e leng se se tla tswelang SIU mosola.
2.2. Tumelano eno ya go dirisanammogo e thusa gape SIU ka bokgoni jwa go lwantshana le bosenyi jwa mo inthaneteng, bogodu jwa madi le ka go tlhatlhelana ka bokgoni jwa go sekaseka tshedimosetso.
2.3. Tirisanommogo eno e tla dira gore go tlhomiwe Sekolo sa go Lwantshana le Bonweenwee kwa Pretoria. Sekolo seno se tla tlhatlhelela batlhankedi ba SIU, batlhankedi ba ditheo tse dingwe tsa molao le tsa go lwantshana le bonweenwee mo dinageng tseo e leng leloko la Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC), mo Dinageng tseo e leng karolo ya Dinaga tse di Tshwaraganetseng Khumo ya Botlhe mmogo le mo Dinageng tseo e seng karolo ya Dinaga tse di Tshwaraganetseng Khumo ya Botlhe.
2.4. Tirisanommogo e ntšhwa eno e tla thusa gape le naga gore e kgone go samagana le dintlha tseo di utolotsweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko.
3. Leeto la Dinaga di le Pedi la Semmuso la go Jela Naga ya Rona Nala la Ditlhogo tsa Naga ya Netherlands le ya Denmark
3.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipuisano magareng ga Moporesitente Ramaphosa, Tonakgolo Mark Rutte wa naga ya Netherlands mmogo le Tonakgolo Mette Frederiksen wa naga ya Denmark, fa ba ne ba le mo leetong la bona la tiro ya semmuso kwa Pretoria mo bekeng eno. Leeto la mothale ono la go amogela baeng ba dinaga di le pedi ka nako e le nngwe ke la ntlha le nna teng ka fa nageng ya rona.
3.2. Tirisanommogo mo mererong ya ikonomi magareng ga dinaga ka boraro jwa tsona mo motsing ono ke sesupo sa tirisanommogo ya bogolotala e naga ya Aforika Borwa e nang le yona le dinaga tse pedi tseno tsa Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa tse di neng tsa thusa thata mekgatlho ya go lwela kgololesego mo nakong ya go lwantshana le puso ya tlhaolele.
3.3. Mo leetong leno naga ya Aforika Borwa e saenile mmogo le dinaga tse pedi tseno Memorantamo wa Tirisanommogo mo go thusaneng mo dikarolong tsa leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo.
3.4. Ditlamo le ditheo tsa dinaga tse tharo tseno di ne tsa itsise dipeeletso tse di di dirileng mmogo le dikarolo tseo di dirisanang mmogo mo go tsona, mme mo go tsona go na le maikano a go dirisa madi a le kanaka diranta tsa Amerika di le bilione go tlhoma Letlole la SA-H2 le le tla dirisediwang go bokeletsa dipeeletso tsa leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo.
3.5. Letlole la Tlamelo ka Matlole a Mafaratlhatlha a Setšhaba go Tlamela Metsi le Motlakase: Setheo sa Lefatshe sa Dipeeletso se ikaelela go tlhoma letsholo la letlole la tlamelo ka matlole a ka dira diranta tsa yuropa di le dimilione di le 300 mmogo le madi a go tswa thuso a diranta tsa yuropa di le dimilione di le100 go thusa naga ya Aforika Borwa gore e kgone go aga mafaratlhatlha a setšhaba a metsi le a motlakase.
4. Leeto la Baeteledipele ba Dinaga tsa Aforika le le ka ga go Fedisa Ntwa
4.1. Kabinete e itumedisitswe ke tsiboso ya ga Moporesitente Ramaphosa mabapi le Leeto la Baeteledipele ba Dinaga tsa Aforika le le ka ga go Fedisa Ntwa magareng ga naga ya Ukraine le ya Federeišene ya Russia mo Moporesitente a neng a nna le seabe mo go lona a na le baeteledipele ba dipuso tsa naga ya Senegal, Comoros, Zambia, Egypt, Congo-Brazzaville, mmogo le ba naga ya Uganda. Mo leetong leno go atlhaatlhilwe maemo a naga ya Aforika Borwa a go se sute mo lefokong la gore naga ga e kitla e tsaya letlhakore la ope mo ntweng eno mmogo le maikano a yona a gore go batliwe ditsela tse dingwe tsa go fedisa ntwa eno.
4.2. Kabinete e nopotse gore Moporesitente Volodymyr Zelensky wa naga ya Ukraine mmogo le Moporesitente Vladimir Putin wa naga ya Federeišene ya Russia ba amogetse letsholo la go fedisa ntwa la baeteledipele ba dinaga tsa Aforika ka diatla tsoopedi mme ba ne ba ikana gore ba tla nna ba buisane le baeteledipele ba Aforika mo dintlheng tse go buisanweng ka tsona mabapi le go fedisa ntwa.
4.3. Mo leetong leno go ne go enngwe ka le le reng tlhabano e tshwanetse e fokodiwe go kgontsha dikgato tsa go buisanela peo ya marumo fatshe gore di simololwe ka bonako, bana ba ba gapilweng ka dikgoka kwa nageng ya Ukraine gore ba busediwe gae, go gololwe masole a a tshwerweng mo nakong ya tlhabano mmogo le go nopola mafelo a botshabelo a a sa tshwanelwang go tlhaselwa ao ditirelo tsa go tswa baagi thuso di tla tlhomiwang mo go ona.
4.4. Kabinete e lebogile ditebogo go tswa mo baeteledipeleng ba bangwe mo lefatsheng ka botlhokwa jwa seo baeteledipele ba dinaga tsa Aforika ba se dirileng mo go lekeng go fedisa ntwa mme magareng ga bona ke ba ba jaaka Tonakgolo ya naga ya Denmark mmogo le Tonakgolo ya naga ya Netherlands, mmogo le Tona ya Dinaga tsa Yuropa le Merero ya Dikamano le Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba kwa nageng ya Fora.
4.5. Mo godimo ga leeto leno la go fedisa ntwa, naga ya Aforika Borwa e tla nna le seabe gape le mo Kopanong ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Dinaga tsa Aforika o o tla tshwarelwang kwa Russia kwa Moscow mo kgweding ya Phukwi, mme ka fa thoko puso ya rona e tla dirisa tšhono eno go buisana le Russia ka dintlha tse Diporesitente ka bobedi ba buisaneng ka tsona gore di atlhaatlhiwe.
4.6. Moeletsi wa Merero ya Tshireletso ya Naga wa Moporesitente Ramaphosa, Moporofesara Fholisani Sydney Mufamadi, o tla tsenela Kopano e e ka ga Merero ya Kagiso, e e tla tshwarwang ke Moporesitente Zelenksy, mme yona e tla tshwarelwa kwa Copenhagen, Denmark, ka kgwedi ya Phatwe.
4.7. Mabapi le merero e e ka ga sefofane se se neng se pegile batlhankedi ba pabalelo ya Moporesitente wa Aforika Borwa mmogo le batlhankedi ba bobegakgang kwa Poland fa se ne se lebile kwa Ukraine le kwa Russia, Kabinete e swabisitse ke seo se diragetseng fa sefofane seno se ne se kotama kwa Warsaw, Poland.
4.8. Kabinete e nopotse gore Lefapha la Dikamano le Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba le tla sala morago kgang eno ka go latela ditsela tse di matshwanedi tsa botipelomate.
5. Merero ya Kgwebisano
5.1. Kabinete e nopotse dipalopalo tsa kgwebisano tsa mo malobeng tse di tlhagisitsweng ke Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo tse di bontshang gore naga ya Aforika Borwa ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba kwa China e oketsegile mo ngwageng wa 2022 ya fitlha go dibilione tsa diranta tsa Amerika di le 33, palo eno e menagane gabedi ka bogolo fa e bapisiwa le e e latelang eno le naga ya Jeremane.
5.2. Fa go lebelelwa dipalo tsotlhe, dipalo tsa kgwebisano ya naga ya Aforika Borwa le naga ya China e oketsegile ka 30% mo e tlogileng mo diranteng tsa Amerika di le dibilione di le 44 mo ngwageng wa 2018 ya tlhatlogela mo diranteng tsa Amerika di le dibilione di le 57 mo bokhutlhong jwa ngwaga wa 2022. Go tloga ka ngwaga wa 2018 go fitlha ka ngwaga wa 2022 dipalopalo tse di rekotilweng tsa kgolo ngwaga yo mongwe le yo mongwe di tlhatlogile ka 10% (ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang naga ya China) mme 4.5% (ke ya ditlhagisiwa tse naga ya rona e di rekang kwa nageng ya China ). Naga ya Aforika Borwa mo dingwageng tsotlhe tseno di le tlhano ke yona e e rekisitseng go feta e e gwebisanang le yona.
6. Motlakase
6.1. Kabinete e itumedisitswe ke tumelano e e tla dirang gore naga ya Mozambique e rekisetse naga ya Aforika Borwa motlakase o o kana ka dimekawate di le 100 mme motlakase ono o tla nna teng mo dikgweding di le tharo tse di tlang fa go sena go saeniwa Tumelano ya Theko ya Motlakase. Mo dikgweding di le tharo go ya go di le 12 tse di tlang naga ya Aforika Borwa e tla reka motlakase o le kanaka dimekawate di le 1 000 kwa nageng ya Mozambique.
6.2. Kabinete e itumedisitswe gape le ke maemo a a tokafalang mo phetlhong ya motlakase kwa Eskom e leng seo se dirileng gore setlamo seno se nne le Mootlakase o o kwa godimo ga 60%.
6.3. Kabinete e leboga gape le maAforika Borwa ka go fokotsa tiriso ya motlakase, mme seno se dirile gore Eskom e kgone go fokotsa bogale jwa motlakase o o tshabetseng ruri. Go boloka motlakase ke maikarabelo a botlhe mme fa re tsaya dikgato seno se tla re tswela mosola rotlhe.
6.4. Kabinete e lebogile go menagane naga ya Rephaboliki ya China jaaka e koleketse naga ya Aforika Borwa sedirisiwa se se potlana sa go fetlha motlakase fa re le mo tlalelong se se jang bokanaka dimilione tsa diranta di le 167. Go santse go samaganwe le leano la go romela sedirisiwa seno kwa ditheong tsa puso go thusa gore di se anngwe ke ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri. Go tla tshwarwa mokete wa semmuso wa go abelana ka sedirisiwa seno ka gang fa Setheo sa Tlhatlhobo ya Dithoto kwa Melelwaneng sa Aforika Borwa se sena go garela tiro ya sona.
7. Metsi
7.1. Kabinete e amogetse tsibogelo e e tseneletseng go tswa kwa Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe ka ga dikgwetlho tse di leng teng ka fa nageng fa go tla mo mererong ya metsi le ya kgeleloleswe.
7.2. Tsibogelo eno e nopotse potlakiso ya diporojeke tsa mafaratlhatlha a metsi tse di jaaka:
7.2.1. Kgaolo ya bobedi ya Porojeke ya go agiwa ga Letamo la Metsi a a tswang kwa Nageng ya Lesotho e e jang madi a le kanaka R40 bilione mme metsi ano a tla fepa Gauteng le diporofense tse di mabapi. Tiro eno e tla garelwa ka ngwaga wa 2027.
7.2.2. Kgaolo ya 2A ya Porojeke ya go agiwa ga Letamo la Metsi a Mokolo Crocodile e e jang madi a le kanaka R4 bilione mme metsi ano a tla fepa porofense ya Bokone Bophirima le ya Limpopo. Go santswe go bokeletswa madi a mangwe a a tla agang kgaolo e nnwe gape e e tshwanetsweng go simololwa ka Motsheganong 2024, mme go lebeletswe gore yona e tla konosediwa ka 2030.
7.2.3. Mo matsholong a go tshwarisana tiro mmogo magareng ga puso le makala a meepo, porojeke ya go Aga Metswedi ya Metsi a Noka ya Olifants kwa porofenseng ya Limpopo e simolotse mme e ja madi a le kanaka R24 bilione, mme go lebeletswe gore yona e tla konosediwa ka 2030.
7.2.4. Mo tirisanommogong ya mothale o o tshwanang le ono kwa meepong ya kwa porofenseng ya Kapa Bokone, porojeke ya Vaal Gamagara e e tla jang R10 bilione e tla simolola kwa bokhutlhong jwa monongwaga mme le teng go lebeletswe gore yona e tla konosediwa ka 2030.
7.2.5. Porojeke ya go aga Letamo la Metsi la Groot Letaba kwa porofenseng ya Limpopo e e jang R500 milione e simolotse mo kgweding eno ka Seetebosigo 2023, mme yona e ka ga go oketsa Letamo la kwa Tzaneen. Porojeke eno e tla konosediwa ka 2025.
7.2.6. Kwa porofenseng ya Kapa Bophirima go agiwa ga Letamo la Metsi la Voëlvlei go tla simololwa ka 2024 mme go tla dirisiwa madi a le kanaka R1,2 bilione, mme porojeke eno go lebeletswe gore e tla konosediwa ka 2026.
7.3. Diporojeke tseno di dira bonnete jwa gore setšhaba se nne le metsi mme ka diporojeke tseno diketekete tsa batho di tla iponela ditiro, dikgwebo tse di leng gaufi le diporojeke tseno di tla unngwelwa jaaka badiri ba tla bo ba reka mo go tsona, mme e bile gape mafaratlhatlha a a tlhabolotsweng a tla tswela ikonomi ya dikgaolo tseo mosola.
8. Go Thankgololwa ga Lefelo la Aforika Borwa la Isotope (SAIF)
8.1. Kabinete e itumedisiwa ke tirisanommogo magareng ga Lefapha la Saense le Boitshimololedi mmogo le IThemba LABS, e e dirileng gore go bulwe SAIF, e leng lefelo la maemo a a kwa godimo le le lwantshanang le dikgwetlho tse di goletseng ruri tsa kankere jaaka e le jo bongwe jwa malwetse a a tlholang maso ka bontsi. Lefelo leno le tla samagana le dipatlisiso le dikatiso tse di tseneletseng mmogo le go oketsa tlhagiso ya radioisotopes. Kalafo ya radioisotope e alafana le disele tse di nang le kankere ntle le go ripitlana le disele tse di senang bolwetse jono tse di leng gaufi le tse di nang le jona.
8.2. Ga jaanong ke balwetse ba ka nna 5 000 ba maAforika Borwa ba ka ngwaga tlamelo eno e ba tswelang mosola, mme go solofetswe gore palo eno e tla oketsega ka halofo kgotsa halofo le kotara, mme tlhagiso ya ditlhagisiwa tsa SAIF e tla oketsega le go nna le didirisiwa tse dingwe tse dintšhwa tsa isotopes.
9. Go Amogelwa ga Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Kgwebo ya Postbank
9.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go amogelwa ga Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Kgwebo ya Postbank kwa Palamenteng (o o amogetsweng ke bobedi Kokoanotheomolao ya Naga mmogo le Lekgotla la Naga le le Emetseng Mebuso ya Diporofense), mme seno se rulaganyetsa gore banka ya puso e rebolelwe laesense ya go dira jaaka banka.
9.2. Molaotlhomo ono o samagana le matshosetsi a a tsamaisanang le sebopego sa ga jaana sa Postbank, jaaka o baakanya batshwarataolo le boikarabelo jwa setheo seno ka go tlhama setlamo se sentšhwa sa Postbank.
9.3. Kabinete e tla letela gore Moporesitente a saene molaotlhomo ono gore e nne molao e leng se se tla kgontshang gore Postbank e kwadisiwe jaaka Setlamo se se Laolwang jaaka Banka.
10. Matlafatso ya Bašwa
10.1. Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe go latela gore ba tsenele mekete ya Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa ka la bo 16 Seetebosigo 2023 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go potlakisa thuso ya bašwa mo mererong ya ikonomi gore re kgone go nna le bokamoso jo bo sa tseweng ke phefo”.
10.2. Kabinete e itumeletse go thankgololwa ga letsholo la maemo a a kwa godimo la Dibese tse di Thapang Baagi go Direla Setšhaba le le laolwang ke Lefapha la Thuto ya Motheo, Lefapha la Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi mmogo le Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri ka go tshwarisana tiro eno le Letsholo la Thuto le Ditiro la Dinaga tsa Yuropa. Dibese tseno tse di rweleng ditšhono di tsenelela le kwa mafelong a a tseneletseng kwa metseselegaeng e e kwa kgakala le ditšhono go thusa barutwana mmogo le go thusa batho ba ba batlanang le ditiro ka go ba neela ditšhono tsa ditiro tse di tsamaisanang le kitso le bokgoni jwa bona.
10.3. Kabinete e leboga gape le letsholo la Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae ka go ema bašwa nokeng ka go ba kgontsha gore ba tsenelele mo lephateng la temothuo gore ba tsosolose metsemagae go tshwana le seo se diriwang ke ba Koporasi ya Marapyane-Bakgatla primary. Koporasi eno e tlhodile ditiro di feta di le 100 mo motseselegaeng wa bona mme bašwa ba koporasi eno ba lema mabele le sonobolomo ka bontsi.
11. Letsholo la go Tima Melelo
11.1. Kabinete e akgotse batimamelelo ba le 400 ba maAforika Borwa ba ba rometsweng kwa Canada gore ba ye go thusa go pholosa matshelo, dintlo, dikgwebo le dimela tsa batho ba koo; kwa porofenseng ya Canada e e bediwang Alberta.
11.2. Go romelwa ga batimamolelo mo ngwageng wa 2023 go latela gore Tikwatikwe ya Ditimamelelo ya Dikgwa ya Setheo sa Naga ya Canada e romele kopo ya go thusiwa ka lepotlapotla. Tirisanommogo eno ya botlhano e e magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Canada ke bopaki jwa botsalano jo bo leng teng magareng ga dinaga tseno ka bobedi e bile ke sesupo sa ka fao naga ya Aforika Borwa e ikemiseditseng go thusa go tlhokomela lefatshe le tlhago, go sa kgathalesege gore ke ntlheng e fe ya lefatshe e tlhago le tikologo e iphitlhelang e le mo kotsing.
12. Metshameko ya Selemo ya Di-olimphiki tsa Batho ba ba Nang le Bogolofadi
12.1. Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa se tswelela go dira naga motlotlo kwa Metshamekong ya Selemo ya Di-olimphiki tsa Batho ba ba Nang le Bogolofadi kwa teropong ya Berlin, kwa nageng ya Jeremane, go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 25 Seetebosigo 2023. Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa se na le dikemedi di le 64 tsa baatlelete mmogo le bakatisi ba le 21 mme bano ke bona ba ba tla bong ba gaisana le baatlelete ba bangwe botlhe ba le 7 000 go tswa kwa dinageng di le 180. Bano ke dinaledi tsa naga ya rona e bile ba bontsha ka fao motho fa a ikotlile sehuba a ka ntshang ga tshwene ka gone.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Go saena ga naga ya Aforika Borwa go saenela Thulaganyo ya Luxembourg mabapi le Tumelano ya Dikgatlhegelo tsa Boditšhabatšhaba mo Didirisiweng tse di Rwalang Dithoto mo Mererong e e Tobaneng le Dithoto tse di Tsamaisiwang ka Diterene
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa palamenteng Thulaganyo ya Luxembourg e e Mabapi le Diterene gore e ye go saeniwa. Thulaganyo ya Luxembourg e e Mabapi le Diterene e tlisa kgolo ya ikonomi ka go letlelela makala a poraefete go oketsa tlamelo ya ditšhelete mo mererong ya intaseteri ya diterene.
1.2. Thulaganyo ya Luxembourg e e Mabapi le Diterene e nnile teng ka ntlha ya Katlego ya Kopanokgothakgothe ya kwa Motse Kapa e e ka ga Dikgatlhegelo tsa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba mo Didirisiweng tse di Rwalang Dithoto e e neng e tshwerwe ka ngwaga wa 2007. Naga ya Aforika Borwa e saenile thulaganyo eno mo ngwageng wa 2022, e leng sesupo sa ka fao naga e ikemiseditseng ka teng ka go fetola batsholateu mo mererong ye diterene.
C. Bao ba Thapilweng
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Evert Potgieter o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Matlole mo Setheong sa Melao ya Taolo ya Batlhankedi ba Thekiso ya Dintlo.
2. Rre Sandile Psychology Mkhize o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Magalies Water (Nako ya konteraka eno e atolositswe).
3. Batlhankedi ba Lekgotla la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo:
(a) Mme Joyene Isaacs (o thapilwe sešwa);
(b) Ngaka Poncho Mokaila (o thapilwe sešwa);
(c) Ngaka Jonty Tshipa;
(d) Rre Neo Harrison Masithela;
(e) Mme Clarinda Elizabeth Simpson;
(f) Ngaka Hilke Maartens;
(g) Rre Goodman Gcaba (o thapilwe sešwa);
(h) Ngaka Troy Govender;
(i) Ngaka Konanani Liphadzi (o thapilwe sešwa);
(j) Ngaka Pieter Naude Malan (o thapilwe sešwa); le
(k) Ngaka Owen Horwood.
4. Batho ba ba Thapilweng mo Setheong sa Dijanaga tse di Putlang Mebila go Kgabaganya Melelwane ya Dinaga:
(a) Mme Bukeka Mahlutshana; le
(b) Rre Leroy Nsibande.
5. Batho ba ba Thapilweng mo Botong ya Setheo sa Difofane tsa Baagi sa Aforika Borwa:
(a) Moatefokate Mpati Lebakeng; le
(b) Rre Tshepo Peege.
D. Melaotlhomo
1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa Manyalo wa Ngwaga wa 2022
1.1. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa Manyalo wa Ngwaga wa 2022 gore baagi ba dire ditshwaelo.
1.2. Molaotlhomo ono o neela maatla Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Manyalo mo nageng ya Aforika Borwa, mme ona Kabinete e o neseditse pula ka Mopitlwe 2022. Molaotlhomo ono o neela maatla Lefapha la Merero ya Selegae gore le kwale Molao wa Manyalo o le mongwe fela ka fa nageng.
1.3. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go dira bonnete jwa gore manyalo otlhe a diragadiwa go ya ka motheo wa tekatekano, wa go se tlhaolane le o o ka ga go naya batho seriti fela jaaka go tlhalosiwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.
1.4. Molaotlhomo yono wa sekwalwa se iseng se butswe o letlelela baagi ba maAforika Borwa le baagi ba bangwe ba ba leng ka fa nageng, go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe, ba tumelo efe kgotsa ba setso sefe, gore ba letleletswe go ka nyalana go ya ka metheo ya Molaotheo.
1.5. Molaotlhomo ono o tlhalosa dintlha tseo di ka dirisiwang go thibela manyalo a a jaaka go nyalwa ga ngwana kgotsa go nyala ngwana mmogo le manyalo a mangwe a a diriwang mme motho yo a nyalang kgotsa yo a nyalwang a se teng mo lenyalong la gagwe fa go saenwa ditokomane tsa kgolaganyo ya lenyalo.
2. Molaotlhomo wa Setheo sa Naga sa Mafaratlhatlha a Metswedi ya Metsi (NWRIA) wa Ngwaga wa 2022
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo wa NWRIA. Maitlhomo a ona a o tshitshinya gore NWRIA e rwale maikarabelo a go loga maano, go tlamela ka matlole le go tlhabolola mafaratlhatlha a metsi a naga. Molaotlhomo ono o tla rwala maikarabelo a mangwe gape a go tlhokomela le go tsosolosa mafaratlhatlha a a leng teng ga jaana a metsi.
2.2. Maikarabelo a setheo ke go dira bonnete jwa gore go na le metsi a a sa kgaleng, a a fepelwa baagi ka go lekalekana le ka go tshepagala go ya ka maikarabelo a molaotheo a go tlamelwa ka metsi le go tlhokomela ditikologo gore di nne di le phepa. Setheo seno se tla tlhomiwa jaaka Setheo sa Puso go ya ka Karolo ya bo 2 ya Molao wa Taolo ya Tiriso ya Madi a Puso (PFMA) wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 1 wa 1999). Setheo seno se tla rwala maikarabelo a ga jaanong a rwelweng ke Setheo sa Trans-Caledon Tunnel.
3. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa go Tswa mo Lenyalong wa Ngwaga wa 2023
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa go Tswa mo Lenyalong wa Ngwaga wa 2023.
3.2. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa go Tswa mo Lenyalong wa ngwaga wa 1979 (Molao wa bo 70 wa 1979) mme seno ke go tla ka mekgwa ya go disa gore ditshwanelo tsa bana ba batsadi ba bona ba nyalaneng ka Semoselema ga di gatakiwe. Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno gape ke go thusa go kaela ka ditsela tse di ka dirisiwang go arogana dithoto fa go tswiwa mo lenyalong la Semoselema; go tla ka melao ya go fedisa maatla a banna a go thopa dithoto fa ba tswa mo lenyalong la Semoselema.
3.3. Ka Seetebosigo 2022, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e rebotse katlholo ya gore Molao wa go Tswa mo Lenyalong yo o leng teng ga o tsamaisane le Molaotheo gonne ka mokgwa yo o kwadilweng ga o a akaretsa manyalo a Semoselema. Kgotlatshekelo eno e rebotse gape le gore Molao wa go Tswa mo Lenyalong ga o tsamaelane le Molaotheo gonne o na le kgethololo jaaka o kgetholola bana ba batsadi ba ba nyalaneng le bana ba batsadi ba ba sa nyalanang.
4. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Letlole la Tirisano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba go Tsosolosa Aforika (ARF)
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa sekwalwa se iseng se butswe sa Molaotlhomo yo o kwalolotsweng sešwa wa ARF gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Molao wa ARF (Molao wa bo 51 wa 2000). Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di raya gore jaanong ARF e tla bediwa Setheo sa Tirisanommogo le Tlhabololo ya Aforika Borwa. Setheo seno se tla dirisiwa jaaka sedirisiwa sa go laola, go tshegetsa le go tlhokomela thuso le tirisanommogo ya ditlhabololo tse di nnang teng tsa Aforika Borwa.
4.2. ARF e botlhokwa thata mo go tsholetseng kwa godimo dilo tse di botlhokwa le dikgatlhegelo tsa naga ya Aforika Borwa, Tsosoloso ya MaAforika mmogo le dikgato tsa go dira gore bontshelo bo nne botoka mo go botlhe mo lefatsheng.
4.3. ARF e botlhokwa thata mo nageng ya Aforika Borwa gonne e dira gore go nne le tirisanommogo magareng ga naga ya rona le dinaga tse dingwe, bogolosegolo magareng ga dinaga tsa Aforika, jaaka e tsholetsa tiriso ya temokerasi, tsamaiso e e siameng ya puso, dikgato tsa go thusa go thibela le go rarabolola dikgotlang, go tlhama matsholo a go thusa baagi le ikonomi le go a kopanya, dikgato tsa go tswa baagi thuso mmogo le dikgato tsa go tlhatlhelela badiredi ka bokgoni.
5. Tshedimosetso ya Sešweng Mabapi le Maemo a Naga ya Aforika Borwa a go Tlhophiwa Lekgetlo le Lengwe Gape go Nna Tokololo mo Lekgotleng la Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Difofane tsa Baagi
5.1. Kabinete e nopotse tshedimosetso ya sešweng mabapi le maemo a naga ya Aforika Borwa a go tlhophiwa lekgetlo le lengwe gape go nna Tokololo mo Lekgotleng la Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Difofane tsa Baagi.
F. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Mandela
1.1. Naga ya Aforika Borwa mmogo le lefatshe ka bophara e tla re mo kgweding ya Phukwi ya keteka Kgwedi ya Mandela ka molaetsamogolo yo o reng, “Phetogo ya Maemo a Loapi, Dijo le Go Ipopa Ngatana Nngwe”. Mo kgweding eno maAforika Borwa a keteka seabe se Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela a nnileng le sona mo botshelong, boswa jo a re tlogeletseng jona mo lefatsheng mme ba dira seno ka go tsaya dikgato go thusa go tokafatsa matshelo mo baaging ba rona, go dikana le tshokolo le go se lekalekane.
1.2. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go sola mosola kgwedi eno ka go dira sengwe se se tla nnang mosola mo baaging gore re kgone go aga Aforika Borwa yo Rre Mandela a neng a o batla.
2. Kopano e e ka ga Tumelano e Ntšhwa ya Tlamelo ka Matlole mo Lefatsheng
2.1. Moporesitente Ramaphosa e tla re ka la bo 22 le la bo 23 Seetebosigo 2023 a nna le seabe mo Kopanong e e ka ga Tumelano e Ntšhwa ya Tlamelo ka Matlole mo Lefatsheng e e tla tshwarelwang kwa nageng ya Fora.
2.2. Naga ya Aforika Borwa e tla bua ka dintlha di le dintsinyana tse di farologaneng tse di jaaka go fetolwa ga ditheo tsa matlole a tlhabologo, mathata a dikoloto, ditsela tse dintšhwa tsa tlamelo ya matlole, makgetho a boditšhabatšhaba mmogo le ditshwanelo tse di itlhophileng tse di ka ga go ikgogela morago.
3. Khonferense ya Lekgotla le le Emetseng Barutwana mo Dikolong (RCL)
3.1. Khonferense ya RCL e tla tshwarwa ka la bo 29 le la bo 30 Seetebosigo 2023 kwa Yunibesiti ya Pretoria mme maitlhomo ke go matlafatsa seabe sa di-RCL kwa dikolong.
3.2. Khonferense ya monongwaga e tla samagana le go matlafatsa barutwana, go nopola ditlhokwa tse barutwana ba nang le tsona mmogo le go tokafatsa tiro ya di-RCL. Eno ke kgato e e botlhokwa thata mo go tlhatlheleleng baeteledipele ba naga ba kamoso.
4. Metshameko ya Kgaisanelo ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa sa Ngwaga wa 2023
4.1. Jaaka jaanong go setse matsatsi a le 36 fela gore Metshameko ya Kgaisanelo ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa sa Ngwaga wa 2023 e simolole kwa Cape Town International Convention Centre go tloga ka la bo 28 Phukwi go fitlha ka la bo 06 Phatwe 2023, Kabinete e lebogile maAforika Borwa otlhe ka Botho jwa bona ka go amogela ka diatla tse di mofutho baromiwa ba ba tlileng go okomela maemo ka fa nageng ka bophara mo leetong la Meshameko ya Sejana sa Lefatshe.
4.2. Leeto leno ke karolo ya go gotetsa maikutlo a batho go fela pelo gore metshameko e simolola neng. Leeto leno le simolotse pele kwa porofenseng ya kwa KwaZulu-Natal mme le tla re go tswa koo la leba mo porofenseng ya Gauteng, Mpumalanga, Limpopo, Bokone Bophirima, Foreistata, Kapa Bokone mmogo le kwa Kapa Botlhaba. Leeto leno le tla garelwa kwa Kapa Bophirima jaaka e le yona porofense e metshameko e tla bong e tshamekelwa kwa go yona, mme leeto leno le tla garelwa pele metshameko eno e simolola ka la bo 28 Phukwi 2023.
5. Setlhopha sa Banyana Banyana se tla Leba kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya FIFA
5.1. Kabinete, mo legatong la baagi ba naga, e eletsa masego setlhopha sa naga sa kgwele ya dinao ya basadi sa Banyana Banyana, jaaka ba ipaakanyetsa go leba kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Basadi ya FIFA ka la bo 23 Seetebosigo 2023, mme metshameko eno e tla tshamekelwa kwa nageng ya Australia le ya New Zealand mo kgweding ya Phukwi.
5.2. Tiro e ntle ya setlhopha seno mo metshamekong e e farologaneng e dirile gore jaanong lefatshe ka bophara le simolole go sekegela tsebe tlhabololo ya metshameko ya kgwele ya dinao ya basadi mo nageng ya Aforika Borwa, mme seno ke karolo ya setšhaba ya go matlafatsa le go tshegetsa basadi ka fa nageng.
G. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Batshameki ba metshameko ya tenese ya batho ba ba dirisang ditulo tsa batho ba ba retelelwang ke go tsamaya ka maoto a bona e bong Donald Ramphadi le Kgothatso Montjane ba ba tlhageletseng jaaka dinaledi mo metshamekong e ba neng ba tshameka mo go yona kwa dikgaisanong tse di tlotlomadiwang tsa Roland Garros kwa nageng ya Fora.
- Botlhe ba ba fentseng Lebelo la metabogo la ngwaga wa 2023 la Comrade Marathon mmogo le bao ba nnileng le seabe mo lebelong le le potlana la go tloga kwa Pietermaritzburg go leba kwa Durban. Re akgola Tete Dijana mmogo le Gerda Steyn ka go latelana ga bona mo mabelong a bona e leng lebelo la banna le la basadi, mme ga re ba akgolele fela gore ke bafenyi, re ba akgolela gape le gore bobedi jwa bona bo fetile direkoto tse di sa bolong go nna teng tsa bafenyi ba mo malobeng.
- Re tlhoka gape le go akgola Rre wa kwa porofenseng ya Limpopo e bong Rre Johannes Mosehla yo, le fa a na le dingwaga di le 81, a lwetseng gore a konosetse lebelo la gagwe mo lebelong la di-comrade. Mo Kgweding eno ya Bašwa, MaAforika Borwa go sa kgathalesege gore ke ba dingwaga dife ba ka itseela botlhale go tswa mo moaging yono le go iponela merokotso ya go tshela ka go itlhokomela.
- Kabinete e batla gape le go akgola Nomhle Ngwenya jaaka e le ngwana wa mosetsanyana wa mothomontsho wa ntlha go iponela PhD mo dithutong tsa saense kwa yunibesiti ya Wits a na fela le dingwaga di le 25.
- Mme P Khoza yo a tlhophilweng go nna Moporesitente wa Kopano ya bo 42 ya ICAO e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 7 Diphalane 2022 kwa Montreal, Canada.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Tokololo ya Palamente, Mme Tina Joemat-Pettersson, yo e neng e le Monnasetulo mo Komiting ya Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba e e Samaganang le Merero ya Lephata la Sepodisi, yo mo nakong e e fetileng e neng e le Tona ya Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Boreatlhapi, yo gape e kileng ya nna Tona ya Merero ya Metlakase le Maokwane. O kile gape ya nna Mokhuduthamaga (MEC) wa Thuto kwa porofenseng ya gaabo ya Kapa Bokone. E ne gape e le yo mongwe wa ba ba nang le maemo a magolo mo Komiting ya Baeteledipele ba Mokgatlho wa Naga wa African National Congress (ANC) le mo Mokgatlhong wa basadi wa ANC. E ne e le molwelakgaratlho mo mokgatlhong wa dipolotiki wa United Democratic Front.
- Kgosi Kgagudi Kenneth Sekhukhune, Kgoshi ya Marota Mohlaletse, Hlabirw’a a Bauba yo e leng kgale a okame maemo a Modisabogosi jwa Morafe wa Bapedi. Kabinete e romela matshediso a yona le go baya ba Lelapa la Bogosi jwa Bapedi mo dithapelong tsa yona jaaka go ipaakanyediwa go felegetsa Modisabogosi kwa ntlong ya gagwe ya bofelo.
- Mokatisi yo a neng a tumile wa Setlhopha sa naga sa motshameko wa kgwele ya dinao sa Bafana Bafana, Rre Clive Barker, yo a neng a dira gore naga ya rona e fitlhelele seo se iseng se ke e se fitlhelele fa se ne se fenya Sejana sa Kgwele ya Dinao sa Metshameko ya Dinaga tsa Aforika ka ngwaga wa 1996, e e neng e tshamekelwa ka fa nageng lekgetlho la ntlha mo motsing oo.
Dipotsolotso:
Rre Michael Currin- Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 082 462 7896