A. Merero ya ga Jaanong
1. Motlakase
1.1. Kabinete e begetswe ke Tona ya Dikgwebo tsa Setšhaba Pravin Gordhan malebana le bokgoni jwa Eskom go fokotsa go timiwa ga motlakase kgapetsakgapetsa mme gape ya amogela pegelo ya tiro e e setseng e dirilwe go tswa kwa Komiting ya Setegeniki ya Komiti ya Bosetšhaba ya Mathata a Motlakase.
1.2. Go tla dirwa dikitsiso tse dingwe go latela go konosediwa ga dipuisano tse di tseneletseng malebana le dipegelo tseno.
1.3. Kabinete e tlhagisitse go swaba ga yona ka ntlha ya dikgoreletsego tse di bakwang ke go timiwa ga motlakase mo dikgwebong le mo matlong, bogolo segolo jaaka seno se diragala ka nako e puso e samaganeng le ditsereganyo tse di itsisitsweng ke Moporesidente Cyril Ramaphosa ka Phukwi 2022.
2. Dipeeletso
2.1. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Setsha se sentšhwa sa Sandvik Khomanani Manufacturing kwa Kempton Park, se e leng karolo ya peeletso e e solofeditsweng kwa Khonferenseng ya bone ya Dipeeletso ya Aforika Borwa (SAIC) e e neng e tshwaretswe kwa Sandton Convention Centre kwa Johannesburg ka la bo 24 Mopitlwe 2022.
2.2. Tlamelo eno e ntšhwa ya disekweremetara di le 62 000 e kopanya ditiro tse di neng di dirwa kwa ditsheng tse tlhano tse di farologaneng mme e na le badiri ba ka nna 550. Ke nngwe ya ditlamelo tsa Sandvik tse dikgolokgolo le tse di tsweletseng pele go gaisa mo lefatsheng, mme e na le bokgoni jwa go tlhagisa dilaisi tsa ka fa tlase ga lefatshe ka dimatheriale tse di fetang 60% tsa Aforika Borwa.
2.3. Kabinete e amogetse gape le leeto la Moporesidente Ramaphosa la go lekola maemo la kwa KwaZulu-Natala ka nako ya go tlhomiwa lefelo la tlhagiso ya dithoto la Hesto Harnesses kwa Stanger, KwaDukuza ka la bo 13 Lwetse 2022. Lefelo leno ke le lengwe la diporojeke di le tlhano tse go dirilweng dipeeletso mo go tsona tse e leng karolo ya maitlamo a setlamo sa Metair Investments Limited a go beeletsa R1.4 bilione go tshegetsa go atolosiwa le go fetolelwa ga Ford Ranger e ntšhwa go nna ya ka fa nageng.
2.4. Gape Moporesidente o tsenetse pulo ya porojeke ya ntšhwafatso le katoloso ya setlamo sa Sappi Saiccor Mill ya boleng jwa R7,7 bilione kwa Umkomaas, e maikaelelo a yona e leng go oketsa bokgoni jwa setlamo le bokgoni jwa sona jwa go gaisana lefatshe ka bophara fa se ntse se tlhama ditšhono tsa tiro tsa pakakhutshwane le tsa pakatelele.
2.5. Dipeeletso tseno ke karolo ya ditsholofetso tse di dirilweng ke beng ba diintaseteri kwa SAIC. Peeletso nngwe le nngwe e ntšhwa mo nageng ya rona e thusa mo go ageng sešwa le go busetsa sekeng ikonomi ya rona, mme e tswelela go dira gore Aforika Borwa e nne lefelo leo e leng mmamoratwa fa go tla mo go direng dipeeletso mo go lona.
3. Tlhabololo ya mafaratlhatlha
3.1. Kabinete e amogetse go bulwa ga karolo e ntšhwa ya Tsela ya Musina Ring kwa Limpopo e e tla dirang gore go nne bonolo gore batho ba tsamae kwa Musina, mme gape e letla gore go nne le tiragatso ya kgwebisano le ikonomi magareng ga Aforika Borwa le Dinaga tsa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika. Porojeke e e jeleng R640 milione e tlhametse batho ba kgaolo eo ditiro tsa nako e e tletseng di feta 275 mme ya tlamela baagi ba kgaolo eo le dikgwebopotlana (di-SMME) ka ditšhono.
3.2. Kago ya Tsela ya Musina Ring ke karolo ya lenaneo la puso la dikago, leo le tseelang tlhogong maitlhomo a ERRP, le maikaelelo a lona e leng go tlhama ditšhono tse botlhe ba nang le seabe mo go tsona le ditiro mo maphateng a a farologaneng le mo metseng.
4. Matlhotlhapelo a Jagersfontein
4.1. Kabinete e rometse matshediso a a tswang kwa botennye jwa dipelo kwa malapeng a ba ba latlhegetsweng ke matshelo morago ga go thubega ga lebota la moepo o o phuagantsweng wa kgaolo eno kwa Jagersfontein, kwa Foreisetata mme ga dutla kgosomano ya seretse se se bakileng matlhotlhapelo ka mahube a naka tsa kgomo ka Sontaga, 11 Lwetse 2022. Matlhotlhapelo ano a sentse gape dikago tsa motse oo, dithoto tsa tsa batho di tshwana le dikoloi le dintlo di le mmalwa.
4.2. Ka nako ya fa a ne a etetse koo ka Mosupologo, 12 Lwetse 2022, Moporesidente Ramaphosa o lebogile maiteko a go busetsa maemo sekeng a a dirwang mo lefelong leo. O ne a solofetsa gape gore puso e tla ema nokeng baagi ba ba amegileng ba Jagersfontein ka tshegetso e e tlhokegang. Kabinete e lebogela gore beng ba moepo ba rile ba ikemiseditse go tlamela puso ka thuso ya setegeniki le tshegetso fa e ka kopiwa ke Lekgotla la Diminerale la Aforika Borwa.
4.3. Intaseteri ya meepo e tswelela go nna le seabe se se botlhokwa mo ikonoming jaaka e tlhagisa ditiro ka go thapa batho k abo tsona le ka go thapa ditlamo tse tsona e tla nnang tsona tse di thapang batho, ka go duelela letseno la go romela ditlhagisiwa tsa ka kwano kwa dinageng tsa kwa ntle, mmogo le ka go dira gore go nne le dipeeletso go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle mmogo le go nna le seabe se se botlhokwa sa go tokafatsa matshelo a batho ba ba mo tikologong ya meepo.
4.4. Puso le mekgatlho mengwe e e seng ya puso e tlile ka thuso ya ka bonako ka go tlamela baagi ba ba amegileng ka bonno jwa tshoganyetso, ka go ba thoba maikutlo go ba ntsha mo letshogong le go ba thusa ka dithuso tse di botlhokwa di tshwana le go ba neela dikobo, dimaterase le diphuthelwana tsa dijo. Ga jaana metsi le motlakase di buseditswe sekeng mo lefelong leo.
4.5. Go solofetswe gore fela fa lefelo leno le sena go phepafadiwa, basetegeniki ba tla sekaseka seemo sa dikago tsa matlo. Kabinete e lebogile ditirelo tsa tshoganyetso, mekgatlho ya baagi le setšhaba ka ntlha ya seabe se ba nnileng le sona mo go abelaneng ka thuso.
5. Ikonomi
5.1. Kabinete e buisane ka seemo sa ikonomi morago ga dipalopalo tsa fa gautshwane tsa Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Stats SA) di sena go bontsha gore Letseno la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) la kotara ya bobedi ya 2022 e wetse tlase ka 0,7%. Dintlha tse di tlhotlheleditseng kwelotlase eno di akaretsa go timiwa ga motlakase, ntwa ya Russia le Ukraine, le dituelelo tse di kwa godimo tsa dilo tse go iphedisiwang ka tsona mmogo le infoleišene.
5.2. Ditsereganyo tse di dirilweng ke Leano la Kagosešwa le Tsosoloso ya Ikonomi (ERRP) di thusitse gore naga e se dubiwe ke ditsuatsue tsa maemo a boditšhabatšhaba a ikonomi, mme gape di dirile gore ditiro le ditsela tsa go iphedisa di se latlhege. Ditsereganyo tse di gagametseng tsa puso tsa ikonomi di simolola go ungwa maungo, jaaka go bonagetse mo dipholong tsa fa gautshwane tsa Dipatlisiso tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe tsa Merero ya Badiri tsa Stats SA, tse di bontshitseng gore go nnile le koketsego ya ditiro di feta 648 000 magareng ga kotara ya ntlha le kotara ya bobedi mo 2022.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Letlhomeso la Peoleitlho le Tshekatsheko (M&E) la Pholisi ya Bosetšhaba ya Bašwa (NYP)
1.1. Kabinete e amogetse leano la go diragatsa tiro la M&E le le tla dirang gore tiro ya peoleitlho e diragadiwe ka tshwanelo mmogo le tshekatsheko ya seabe sa dikarolo tse di botlhokwa tsa NYP 2020-2030. Leano leno le tlamela ka dintlha di le tlhano tse di botlhokwa tsa maemo a a kwa godimo tse di lepalepantsweng le dikarolo tse di botlhokwa tsa NYP.
1.2. Dintlha tseno di dirilwe le baamegi ba ba maleba ba ba nang le kgatlhego mo tlhabololong le maatlafatso ya bašwa mo nageng. Tshedimosetso e e tla kokoanngwang e tla aroganngwa go ya ka dingwaga, bong, bosemorafe le go ya ka mafelo a bodulo a dintlha tseno di tswang kwa go ona.
1.3. Ditiragalo tseno tsa go baya maemo leitlho di tla dirwa mo maphateng otlhe a puso, mo ditheong le mo lephateng la poraefete. Go tla kwala dipegelo tsa kotare e nngwe le e nngwe mme di phasaladiwe gabedi mo ngwageng.
2. Leano la go Dira Tiro la Pholisi ya Thulaganyo e e Golaganeng
2.1. Kabinete e neseditse pula Leano la go Dira Tiro la Pholisi ya Thulaganyo e e Golaganeng mo pusong, le le lebeletseng go samagana le mekhino e e supilweng ya dithulaganyo tsa pholisi mo tsamaisong ya ga jaana ya dithulaganyo.
2.2. Ditsereganyo tse di tshitshintsweng di tla samagana, gareng ga tse dingwe, le go tlhoka go lepalepanngwa ga dithulaganyo le didiriswa tsa peoleitlho. Ditsereganyo di tla itsise sediriswa sa peoleitlho e e theilweng mo bosuping. Gape letlhomeso la pholisi le tla itsise ponelopele e e bonolo mme go na le dithulaganyo tsa pakatelele go ya go tsa pakagare le tsa pakakhutshwane go ralala puso.
2.3. Le tla direla go itsise diphetogo tsa molao go tokafatsa tsamaelano le go bonela pele mo dithulaganyong le dipeoleitlho tsa puso.
3. Go Amogelwa ga Tumelano ya go Tlhamiwa ga Setheo sa Melemo sa Seaforika ( (AMA)
3.1. Kabinete e amogetse go saeniwa ga Tumelano ya go Tlhamiwa ga AMA le go neelwa ga yona kwa Palamenteng gore e amogelwe. Seno se tla dira gore tumelano e e amogetsweng ke Kokoanotheomolao ya Mokgatlho o o Tshwaraganetseng Aforika ka ngwaga wa 2019 e tsenngwe tirisong. Tumelano e tlhama AMA semmuso mo kontinenteng. Setheo seno se tla laola ditlhagisiwa tsa kalafi, le go tokafatsa pabalesego le go dira ga ditlhagisiwa tsa kalafi mo kontinenteng.
3.2. Go saeniwa le go amogelwa ga tumelano eno go tla tsweletsa maitlamo a Aforika Borwa mo lefatsheng le mo kontinenteng malebana le go maatlafatsa thulaganyo ya taolo ya ditlhagiswa tsa yona tsa boitekanelo.
4. Pegelo ya Tiragatso ya Lenaneo la Thotloetso ya Lekgetho la Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) – 2019/20 le 2020/21
4.1. Kabinete e amogetse go neelwa ga Palamente ga pegelo ya Lenaneo la Thotloetso ya Lekgetho la R&D ya dingwaga tse pedi tse di fetileng (2019/20 le 2020/21). Seno ke go tsamaelana le karolo 11D (17) ya Molao wa Lekgetho la Letseno wa ngwaga wa 1962 (Molao 58 wa 1962), o o laelang gore go tlhagisiwe dipegelo tseno kwa Palamenteng.
4.2. Lenaneo la thotloetso ya lekgetho le ikaeletse go rotloetsa ditlamo tsa poraefete go beeletsa mo R&D go susumetsa kgolo ya dipeeletso. Le kgontsha tsweletso ya saense le boitshimololedi gore go nne le kgolo ya ikonomi, le go tsweletsa bokgoni jwa go gaisana.
4.3. Kabinete e itumeletse gore pegelo e bontsha gore ditlamo tse dintšhwa di dirile dikopo tsa thotloetso ya lekgetho. E rotloetsa ditlamo tse dingwe go fitlhelela sekema seno jaaka karolo ya go godisa dipeeletso tsa tsona le go tlhosetsa kgolo ya ikonomi.
4.4. Ditlamo tse di kwa godimo tse nne tse di fitlheletseng thotloetso ya lekgetho di mo phetolong ya tsa temothuo; phetolo ya ditlhagiswa tsa meepo; maphata a dikhemikhale, ditlolo, melemo le botegeniki jwa motlakase le Thekenoloji ya Tshedimosetso, e leng maphata a Kabinete e beileng gore ke a ditlapele mo Thulaganyong ya Dikgato ya Pholisi ya Intaseteri. Pegelo ka botlalo e ka fitlhelelwa mo webosaeteng ya Lefapha la Saense le Boitshimololedi: www.dst.gov.za.
5. Foramo ya Molao wa Kgolo le Ditšhono wa Aforika (AGOA)– 2023
5.1. Kabinete e itumedisiwa ke ditiragalo tsa gore go tla tshwarelwa ka fa nageng Foramo ya AGOA ka ngwaga wa 2023. AGOA e simolotswe ke naga ya Amerika ka ngwaga wa 2000 go dira gore kgwebisano magareng ga dinaga tsa Borwa jwa Aforika le mmaraka wa dinaga tsa Amerika.
5.2. Ditlhagisiwa tse Aforika Borwa e di rekisetsang dinaga tsa kwa ntle ka fa tlase ga AGOA di akaretsa dijo tse di jewang, matokomane, dikoloi, dikarolo tsa dikoloi, tshipi le dikhemikhale. Letlha le lefelo di sa ntse di tla begwa.
6. Samiti ya Ditona ya Setlhopha sa Tlhokomelo ya mo Lefatsheng (GEO) – 2023
6.1. Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e tla tshwara Samiti ya Ditona ya GEO kwa Cape Town ka 2023. GEO ke setheo sa dipuso se se tlhomilweng ka 2003 morago ga Samiti ya Lefatshe ya 2002 ya Tlhabololo e e Tsweletsegang. E dira jaaka polatefomo ya maphatamantsi moo dinaga di ithaopang go nna le seabe mo dikgatong tse di tshwaraganetsweng tsa tsamaiso ya GEO.
6.2. Ga jaana mo go GEO go na le dipuso tsa bosetšhaba di feta 113, mme di le 30 mo go tsona di tswa mo kontinenteng ya Aforika mme go na le ditheo di ka nna 140 tse di nang le seabe, mme di le 11 tsa tsona di tswa mo Aforika. Aforika Borwa ga e a bolo go nna tokololo ya Komitikhuduthamaga e e tsayang karolo go tloga ka ngwaga wa 2005 mme batlhankedi ba tsa saense ba naga ya rona ga jaana ba na le seabe mo ditiragalong di le mmalwa tsa boitshimololedi mo dipatlisisong tse di gogwang kwa pele ke GEO.
7. Kgwedi ya Diphalane ya Dipalangwa (OTM) – 2022
7.1. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga letsholo la OTM ka Lamatlhatso, 1 Diphalane 2022, ka fa tlase ga moono: “Sishov’ingolovane: mmogo re aga mafaratlhatlha a dipalangwa a a agang le go tsweledisa boiphediso”.
7.2. Letsholo la OTM la ngwaga le ngwaga le dirisediwa go oketsa temoso ya dipalangwa jaaka nngwe ya dikarolo tsa botlhokwa tsa kgolo ya ikonomi le tlhabololo ya dibaka. Go tla nna le ditiragatso di le mmalwa go bontsha dintlha tse di farologaneng tsa mafaratlhatlha a dipalangwa a diphofo, mawatle, dipalangwa tsa botlhe le ditsela. Gape ditiragatso di tla oketsa temoso malebana le pabalesego le tshireletsego ya dipalangwa. Go tla nna gape le dipuisano le baamegi go buisanela dikgwetlho tse di farologaneng mo lephateng la dipalangwa.
7.3. Puso e sa ntse e itlamile go tokafatsa mafaratlhatlha a dipalangwa a naga, kwa metsemagaeng le metsesetoropong, go dira gore go nne bonolo go nolofatsa motsamao wa dithoto le batho.
8. Kopano ya Lenaneo la Ditšhabakopano la Manno a Batho - Habitat (UN-HABITAT)
8.1. Kabinete e amogetse go tshwarwa ga kopano ya ditokololo tsa UN-HABITAT kwa Johannesburg ka la bo 16 le la bo 17 Diphalane 2022.
8.2. Lefapha la Manno a Batho le tla gokaganya kopano eno ya matsatsi a le mabedi e e tla tsenelwang ke baeteledipele ba sepolotiki, badiri le babatlisisi, go akarediwa ditokololo tsa botlhokwa tsa Komiti ya Baemedi ba Leruri ba UN-HABITAT ba ba kwa Nairobi, Kenya. Dintlha tsa botlhokwa tse di tla buisanelwang di tla akaretsa go batla ditsereganyo tse di lereng diphetogo mo mafelong a baipei le ditakana.
8.3. Ditlamorago tsa dipuisano tseno di tla konosediwa ka go tlhomiwa ga Letlhomeso la Thulaganyo ya Ditiragatso e e Akaretsang, e e tla tlhagisiwang kwa Kokoanonopeomolaong ya UN-HABITAT go tlhomamisiwa ka 2023.
C. Melao e e Kwalolotsweng Sešwa
1. Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Lekgotla la Naga la go Lwantshana le Ditiragalo tsa Pogiso le Polao ya Basadi le Basetsana (GBVF) wa 2021
1.1. Kabinete e amogetse gore Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Lekgotla la Naga la go Lwantshana le Ditiragalo tsa Pogiso le Polao ya Basadi le Basetsana (GBVF) wa 2021 o ka isiwa kwa Palamenteng go sekasekiwa. Molao yo o Kwalolotsweng Sešwa yono o tlhagisa leano la go tsamaisa tiro le le leng mo molaong le le laelang gore go tlhamiwe setheo sa molao se se tla samaganang ka tolamo le GBVF.
1.2. Molao ono gape o laela gore go tlhamiwe le Boto ya Lekgotla e e tla okamang maemo a taolo ya setheo seno mmogo le go okama dikgato tsa go tsenya tirisong Thulaganyo ya Maano a Naga a GBVF, e Kabinete ka kgwedi ya Diphalane 2020 e amogetseng gore e tsenngwe tirisong. Mo kemeding yotlhe ya boto eno 51% e tla nna baagi mme 49% e tla nna puso. Dikgato tsa go batla maikutlo a setšhaba ka molao ono di setse di garetswe.
2. Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Ditlhagiswa tsa Motsoko le Didirisiwa tsa Eleketeroniki tsa Motsoko le tsa go Goga Motsoko wa 2018
2.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Ditlhagiswa tsa Motsoko le Didirisiwa tsa Eleketeroniki tsa Motsoko le tsa go Goga Motsoko wa 2018, o o batlang go phimola Molao wa ga jaana wa Taolo ya Ditlhagiswa tsa Motsoko wa ngwaga wa 1993 (Molao wa bo 83 wa 1993) go ya ka fao o kwalolotsweng sešwa ka gone.
2.2. Gape Molao yo o Kwalolotsweng Sešwa yono o batla go maatlafatsa dikgato tsa naga tsa boitekanelo jwa setšhaba le go di lepalepanya le Tumelano ya Letlhomeso la Setheo sa Lefatshe sa Boitekanelo malebana le Taolo ya Motsoko. Molao o o Kwalolotsweng Sešwa yono o tshitshinya, gareng ga tse dingwe, gore motsoko o se tlhole o gogelwa fa gare ga batho mo mafelong a ka fa gare ga meago le mo mafelong a mangwe a kwa ntle ga meago; go ilediwa go rekisiwa ga metsoko mo metšhining e e rekisang, mme o ema nokeng ntlha e e buang ka diphuthelwana tsa metsoko le ya matshwao a tsiboso.
2.3. Go dirilwe dikgato tse di tseneletseng tsa go batla maikutlo a setšhaba le a bao ba amegang ba ba farologaneng, go akarediwa intaseteri ya motsoko, mekgatlho ya baagi le mafapha a a maleba a puso.
D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kopano ya bo77 ya Kokoanokakaretso ya Ditšhabakopano (UNGA77)
1.1. Aforika Borwa e tla nna le seabe mo UNGA77 e e diragalang kwa ntlokgolo ya UN kwa New York City kwa USA go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 27 Lwetse 2022 ka fa tlase ga moono: “Motlha wa diphetogo: Re bulela ditharabololo tsa diphetogo tsa dikgwetlho tse di golaganeng”.
1.2. Mo dikarolong tse di mo Borwa mo lefatsheng, ditlamorago tsa ikonomi le tsa go itirela letseno ga baagi tse di bakilweng ke Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) ga di lekalekane le tsa dinaga tse di ikgonang kwa Bokone fa go lebeletswe go itharabologelwa ga dinaga tseno mme seno se tlhoka gore go nne le maiteko a a tlhakanetsweng a ditšhaba tsotlhe go netefatsa gore ga go ope yo o salelang kwa morago.
1.3. Pele ga Kopano ya UN ka Dingangisano tsa Merero ka go Farologana, Rre António Guterres, o tla bitsa samiti ya “Go fetola Thuto” mme go tla tshwarwa kopano e e tsenelwang ke batho ba maemo a a kwa godimo mme mogopolo mo kopanong eno o tla tsepamisiwa mo Dipeelong tsa Tlhabololo tse di Nnelang Ruri (di-SDG). Go solofetswe gore kopano ya di-SDG e tlhotlhomise ditsela tsa go busetsa motsamao le go akofisa tsenyotirisong ya tsona.
2. Letsatsi la Ngwaoboswa
2.1. Moporesidente Ramaphosa o tla neela puo ya letsatsi kwa meletlong ya Letsatsi la Bosetšhaba la Ngwaoboswa la 2022 kwa Union Buildings ka Lamatlhatso, 24 Lwetse 2022. Tiragalo eno e tla tshwarwa ka fa tlase ga moono: “Re keteka Boswa jwa ga Solomon Linda le Mmino wa Setso wa Aforika Borwa”.
2.2. Kgwedi ya Ngwaoboswa monongwaga e bua ka mmino wa setso wa Aforika Borwa, go totilwe mmino wa Isicathamiya gammogo le seabe se segolo se o nnileng le sona mo metshamekong, botsweretshing, setsong le mo ngwaobosweng. Moono wa teng o tlotlomatsa segopotso sa bo 60 sa go tlhokafala ga rammino le motlhami yono wa mmino, Solomon Popoli Linda (1909-1962), yo gape a itsegeng jaaka Solomon Ntsele, yo o itsegeng thata jaaka motlhami wa pina ya “Mbube”.
3. Tiragalo e e Diragalang mmogo ya Letsatsi la Lefatshe la Dikepe ya 2022
3.1. Aforika Borwa e tla bo e tshwere Mokete wa Letsatsi la Lefatshe la Mawatle o o Diragalang mmogo le wa Kgwedi ya Diphalane ya Dipalangwa (OTP) ya 2022 kwa Durban go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 14 Diphalane 2022. Mokete ono o tla tshwarwa ka nako e le nngwe le ya go keteka OTM, e le yona e tla bong e le karolo ya go tsweletsa temoso ya lephata la rona la dikepe. Mokete ono o tla tsenelwa ke bannaleseabe go tswa kwa dinageng tse di farologaneng ba ba tla itemogelang intaseteri ya dikepe ya Aforika Borwa. Aforika Borwa e sale e le tokololo ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mawatle go tloga ka 1995, e leng setheo se se itlhophileng sa UN se maikarabelo a sona e leng go laola dithulaganyo tsa go rwala dithoto tse di romelwang ka dikepe.
4. Kgwedi ya Bojanala
4.1. Kgwedi ya Bojanala monongwaga e ketekwa ka fa tlase ga moono wa Letsatsi la Lefatshe la Bojanala (27 Lwetse) wa “Re akanya sešwa ka ga Bojanala”. Bojanala jwa ka fa nageng bo botlhokwa mo go itharabologelweng ga lephata la Bojanala, le le nang le seabe se segolo mo Letsenong la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) la ka fa nageng ya Aforika Borwa le go tlhamiwa ga ditiro.
4.2. Kabinete e itumeletse gore lephata la Bojanala le nnile le koketsego ya baeti morago ga paka ya COVID-19. Maeto a a tserweng ka fa nageng ke a le 15.2 milione a a tserweng mo karolong ya ntlha ya 2022 mme a bontshitse koketsego ya 114% fa go bapisiwa le paka eo ka 2021. Seno se bontshitse tokafalo e e bonalang mo pakeng eo ka 2019, mo go nnileng le maeto a a ka fa nageng a le 8.6 milione. Jaaka karolo ya go keteka Kgwedi ya Bojanala, Kabinete e rotloetsa MaAforika Borwa go tsaya maeto a ‘Shotleft’ go ya kwa diporofenseng tse di farologaneng.
4.3. Gape Kabinete e neseditse pula tshwetso ya setlamo sa Air Belgium go bulela difofane tse di tswang kwa nageng eo go leba ka fa Aforika Borwa, go simolola ka kgwedi yona eno (ya Lwetse), e leng se se tla godisang bojanala le go dira gore re tsetsepele mo maemong a rona a go nna mmamoratwa fa go tla mo go tsa bojanala. Tsona di tla akaretsa difofane tsa beke le beke go ya Cape Town le Johannesburg.
E. Melaetsa
1. Go Akgola
Kabinete e akgotse le go eleletsa masego:
- Moporesidente William Samoei Ruto wa Rephaboliki ya Kenya, yo o tlhomilweng ka Labobedi, 13 Lwetse 2022, go latela ditlhopho tsa bosetšhaba tse di neng di rena kagiso tse di neng di tshwerwe ka 9 Phatwe 2022. Motlatsamoporesidente David Mabuza mo boemong jwa ga Moporesidente Ramaphosa, le puso le batho ba Rephaboliki ya Aforika Borwa o ne a tsenetse mokete ono wa go tlhomiwa mo setulong.
- Mokgatlho wa Rakabii wa Aforika Borwa le Motsemogolo wa Cape Town ka go tshwara ka katlego legato la borobedi la thonamente ya Rugby World Cup Sevens magareng ga la bo 9 le la bo 11 Lwetse 2022. E ne e le la ntlha tiragalo eno ya mabono e tshwarelwa ka fa nageng ya Aforika Borwa mme diketekete tsa balatedi ba ba neng ba e tsenetse ba itemogetse lebebe la rakabii le kamogelo e e tumileng ya Aforika Borwa.
2. Matshediso
Kabinete e rometse matshediso go bamalapa le ditsala tsa:
- Bana ba sekolo ba le 18 le bagolo ba babedi ba ba tlhokafetseng mo kotsing e e setlhogo kwa Pongola, kwa KwaZulu-Natala ka Labotlhano, 16 Lwetse 2022 morago ga gore lori e e nang le letoroko e thulane ka dinko le bene e e neng e pegile barutwana.
F. Ba ba Thapilweng
1. Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
a. Rre Makgothi Samuel Thobakgale o thapilwe go okama maemo a Mokaedikakaretso (DG): mo lephateng la Mokomišinara wa Bosetšhaba wa Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo.
b. Ngaka Malixole Percival Mahlati o thapilwe go okama maemo a Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lephateng la merero ya Dikolo tsa Kalafo tsa Thuto e e kwa Godimo le ya go Tlhatlhelela Badiri mo Lefapheng la Boitekanelo.
c. Rre Siyabonga Blessing Mdubeki o thapilwe go okama maemo a Mosekasekikakaretso-Mogolo kwa Lefapheng la Temothuo, Ntšhwafatso ya Mafatshe le Tlhabololo ya Magae.
d. Rre Phaswa Phineas Mamogale o thapilwe go okama maemo a Motlhankedimogolo wa Ditšhelete kwa Lefapheng la Boitekanelo.
2. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ba ba latelang:
a. Rre Tshediso Matona o thapilwe go okama maemo a Mokhomišinara wa Khomišene ya Matlafatso ya Bathobantsho mo Mererong ya Ikonomi ka Bophara.
b. Ditokololo tsa Lekgotla la Boikuelo la Boto ya Difilimi le Diphatlalatso:
- Rre Siyazi Tyamtyam (Modulasetilo);
- Mme Sohani Natasha Chundhur;
- Mme Sisanda Nkoala;
- Mme Shandukani Mulaudzi;
- Mme Nomaswazi Rachel Shabangu-Mndawe;
- Ng Litheko Modisane;
- Rre Phuti Nehemia Phukubje;
- Rre James Shikwambana; le
- Mme Manko Thalitha Buffel (o thapilwe sešwa).
Dipotsiso Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete
Selefounu: 083 501 0139