A. Merero ya ga Jaanong
1. Motlakase
1.1. Kabinete e amogetse ditsereganyo tse di itsisitsweng ke puso go samagana le mathata a motlakase a naga. Dikgato tseno tsa botlhokwa di tlhagola tsela ya go fokotsa go kgaolwa ga motlakase, go fetola lephata la motlakase le go dira gore setlwaedi sa go tlhaela motlakase e nne selo sa mo malobeng.
1.2. Go tshegetsa mafaratlhatlha a motlakase le go thusa naga ya rona gore e se imelwe ke tlamelo ya motlakase, re tlhoka go fokotsa tiriso ya motlakase ya setšhaba ka dimekawate di le 600 mo dikgweding di le tharo tse di tlang.
1.3. Malapa a ka nna le seabe mo go somareleng motlakase ka go tima mabone a a sa dirisiweng le didiriswa tsa motlakase tse di jang motlakase o montsi ka dinako tse motlakase o dirisiwang ka bontsi. Dikgwebo di rotloediwa go dirisa thekenoloji e e sa diriseng motlakase o montsi mo ditirong tsa tsona tsa tlhagiso mmogo le go nna le seabe mo dikgatong tsa go fokotsa tiriso ya motlakase.
2. Operation Vulindlela
2.1. Kabinete e amogetse kgatelopele e e dirilweng ka fa tlase ga Operation Vulindlela ya go tlosa dikgoreletsi mo maphateng a motlakase, a mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, le a metsi le a bojanala mo go tsosolosenga ikonomi.
2.2. Go fitlheletswe diphetogo tsa ikonomi di le robongwe go tswa mo go di le 26, mme mo diphetogong di le 11 go na le kgatelopele e e namatshang. Dikatlego di akaretsa go oketsa palo ya dilaesense tsa tlhagiso e e golaganeng le phatlalatso, go fetolelwa ga Bothati jwa Maemelakepe a Bosetšhaba a Transnet go nna setlamo se se ikemetseng, go gololwa ga lenane le le sekasekilweng la dikgono tsa botlhokwa le tsenyotirisong ya tsamaiso ya e-Visa mo dinageng di le 14, go akarediwa mebaraka e megolo e mentšhwa ya bajanala e tshwana le China, India, Kenya le Nigeria.
3. Go Bogisiwa le go Bolawa ga Batho ba Bomme (GBVF)
3.1. Kabinete e gagamaditswe tota ke ditiragalo tse di setlhogo tsa mo malobeng tsa go betelelwa ga basadi ba le robedi kwa Krugersdorp, kwa Gauteng. Ditiragatso tseno tse di bosula le tsa go bogisa batho ba bomme di nyatsa botho ba rona. Kabinete e akgotse gape le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa ka go tshwara ka bonako babelaelwa ba le mmalwa malebana le tiragalo eno e e setlhogo.
3.2. Kabinete e ikuetse mo baaging go dirisana le sepodisi ka go ba loma tsebe gongwe go ba begela ka ditiragalo tse di belaetsang. Fa re dira mmogo, re ka dira gore mo metseng e re tswang kwa go yona basadi le bana ba rona ba nne ba babalesegile.
3.3. MoAforika Borwa mongwe le mongwe o na le maikarabelo a go tsaya dikgato tsa molao kgatlhanong le ditlhokotsebe. Bega ditiragalo tsotlhe tse di amanang le GBVF kwa seteišeneng sa mapodisi sa kgaolo e o nnang kwa go yona gongwe o letsetse nomoro ya mahala ya Crime Stop: mo go 08600 10111, gongwe o letsetse Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya go Lwantshana le GBVF: mog go 0800 428 428 gongwe o letsetse Mogala wa Thuso ya go Lwantshana le go Bogisiwa ga Batho ba Bomme: mo go 0800 150 150.
4. Kgwedi ya Basadi
4.1. Kgwedi ya Basadi ya ngwaga le ngwaga ka Phatwe e tlotla basadi ba ba nnileng le seabe mo kgaratlhong ya kgololesego le basadi botlhe mo setšhabeng sa rona.
4.2. Kgwedi ya Basadi monongwaga e ketekwa ka fa tlase ga moono wa: “Ditshwanelo le Maatlafatso ya Basadi mo Ikonoming le mo Setšhabeng: Re aga Botoka go Tokafatsa go Tsosologa ga Basadi”.
4.3. Basadi ba feta 20 000 ba ba gwantetseng kwa Union Buildings kwa Pretoria ka la bo 9 Phatwe 1956 ba akgetse mo go netefatseng gore tekatekano ya bong le maatlafatso di tswelela go nna ditlapele tse botlhokwa mo Aforika Borweng wa temokerasi.
4.4. Dikgato tsa bona tsa bopelokgale di rotloeditse basadi ka kakaretso go tsaya manno a a ba siametseng mo Palamenteng, mo pusong le mo setšhabeng, mme re tswelela go agelela mo ditswelelopeleng tseno fa e sale re bona kgololesego ka 1994.
5. Segopotso sa Marikana
5.1. Ka Labobedi, 16 Phatwe 2022, puso e tshwaragane le naga yotlhe go ikgopotsa matlhotlhapelo a a diragetseng kwa Marikana kwa Bokone Bophirima ka ngwaga wa 2012. Kutlobotlhoko e e utlwilweng ke badiri, bamalapa a bona le setšhaba ka kakaretso, e tla nna e le mo hisetoring ya rona.
5.2. Lenaneo la Ntšhwafatso ya Marikana le tsentswe tirisong go aga sešwa le go dira gore go nne le seemo se se kgontshang go tokafatsa matshelo a baagi ba Marikana. Ngogola puso e duetse R176 milione e le tlhatswadiatla ya malapa a batswasetlhabelo mme go solofetswe gore dikgetse tse di setseng ga jaana tse di mo dikgatong tsa semolao di konosediwe kwa bokhutlong jwa Phatwe 2022.
5.3. Go neetswe batlholagadi ba Marikana matlo a le mmalwa a a ntšhwafaditsweng le a a rekilweng mme a mangwe a tla konosediwa monongwaga. Porojeke ya matlo ya R700 milione e tla dira gore badiri ba meepo ba tlamelwe ka matlo a a nang le seriti. Go tlamelwa ka mafaratlhatlha a botlhokwa a loago go tokafatsa seemo sa botshelo sa baagi ba kwa meepong.
6. Imbizo ya Moporesidente e e Tshwaretsweng kwa Gauteng e e Buang ka Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo mo Dikgaolong (DDM)
6.1. Go latela katlego ya di-Imbizo tsa Moporesidente di le tharo tse di neng di tshwaretswe kwa Bokone Bophirima, Foreisetata le Mpumalanga, ka tatelano ya tsona, Lekgotlatoropo la Kgaolo la Sedibeng kwa Gauteng le ne la amogela legato la bone ka Labotlhano, 12 Phatwe 2022.
6.2. Ka fa tlase ga moono wa: “Se tlogele ope kwa morago”, Moporesidente Cyril Ramaphosa o ne a eteletse pele baemedi ba batlhankedibagolwane go tswa kwa pusong ya bosetšhaba, ya porofense le ya selegae. MaAforika Borwa go tswa kwa maphateng a a farologaneng a ne a rotloediwa go dira mmogo kgatlhanong le seelo se se golang sa lehuma le khumanego tse di bakwang ke maemo a a gwetlhang a ikonomi.
6.3. Kgaolo ya Sedibeng e nnile le tswelelopele ka go dirisa Kgaolo ya Ikonomi e e Kgethegileng ya Vaal River (SEZ), e e nang le bokgoni jwa go fetolela kgaolo eo, porofense le naga go nna ya madirelo gape. Maikaelelo a Vaal River SEZ ke go amogela maphata a a latelang a botlhokwa: Vaal River Smart City e ntšhwa, Kutla ya Green Hydrogen Innovation; kutla ya motekwane/khanabisi; tsamaiso ya dithoto tsa temothuo (agro-logistics); eroteropolisi; boemelafofanepotlana; thomelothoto ka difofane le lephata le le tsosolositsweng la tlhagiso ya tshipi.
7. Samiti ya Moporesidente e e ka ga Lephata la go tswa Baagi Thuso
7.1. Samiti ya Moporesidente e e ka ga Lephata la go tswa Baagi Thuso e e neng e tshwaretswe kwa Ekurhuleni, Gauteng go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 5 Phatwe 2022 ka fa tlase ga moono wa: “Go Diragatsa Dikgato tsa go Tshwaraganya Setšhaba go Dira gore Baagi ba nne le Seabe mo Ditiragalong tsa go tswa Baagi Thuso tse di Nang le Seabe mo Ikonoming”, e kopantse batho botlhe ba ba amegang go tswa kwa dikhutlong tsotlhe tsa naga tse di nang le seabe mo mererong ya mothale ono, gore ba tle go dirisana mmogo le puso go samagana le dikgwetlho tsa ikonomi le tsa baagi mme gareng ga maikemisetso a mangwe a mantsi, le go batlela mekgatlho ya go ema baagi nokeng didirisiwa tsotlhe tse e di tlhokang go thusa baagi.
7.2. Samiti e sekasekane le dipegelo tsa dipuisano go tswa kwa diporofenseng di le robongwe malebana le dikgwetlho tsa tsona, tse di akareditseng tlamelo ya matlole, matsapa a melawanataolo, go fetola lekala la go tswa baagi thuso ka maikaelelo a go dira gore go nne le tirisanommogo magareng ga puso le mekgatlo ya baagi go samagana le dikgwetlho tse di amanang le lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro.
7.3. Kabinete e ikuetse kwa mekgatlhong ya baagi le mo baaging go nna le seabe se se tlhaga go netefatsa gore re aga isago e e botoka, jaaka go elediwa mo Leanong la Tlhabololo ya Naga: Mo ponelopeleng ya 2030.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Leano le Legolo la Intaseteri ya Merero ya Setso le ya Boitlhamedi
1.1. Kabinete e amogetse Leano le Legolo la Intaseteri ya Merero ya Setso le ya Boitlhamedi gore e tsenngwe tirisong. Leano leno le tsepamisitse mogopolo mo tirong e ntle ya ditshwantsho le dibidio; ya go bopa le go betla; ya dikgaso tse di reediwang le tse di bogelwang mmogo le ya metlotlo; ya ditirelo tsa mebetlo le tsa boitlhamedi; ya go diragatsa le ya go keteka, go akarediwa le ya mmino, ya go phasalatsa le ya dikgatiso.
1.2. Leano leno le tla tswela maphata ano mosola mo go direng gore re nne le lekala le le fetogileng le le kgonang go itlhamela le go itshimololela dilo le le tla tlhomphiwang mo lefatsheng le go gaisana le a mangwe mo lekaleng leno. Le tla tswela mosola intaseteri ya boitlhamedi ya Aforika Borwa gore e kgone go fitlhelela mebaraka ya ka fa nageng le ya dinaga tsa boditšhabatšhaba.
2. Leano la go Tsamaisa Tiro le le Ntšhwafaditsweng la Pholisi ya Madi a Dikadimo tsa Dimasepala le a go Samagana le Merero ya Tshoganyetso
2.1. Kabinete e amogetse dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa Leano la go Tsamaisa Tiro le le Ntšhwafaditsweng la Pholisi ya Madi a Dikadimo tsa Dimasepala le a go Samagana le Merero ya Tshoganyetso. Dikarolo tseno tota di mo karolong ya madi a dikadimo mo leanong leno. Mo dikarolong tseno, go tshitshintswe gore go atisewe paka ya go duelela madi a a adimilweng gore e tsamaelana le paka ya tse dingwe tsa dithoto tse di rekilweng ka tšhelete eo. Dikarolo tseno gape di tlhalosa seabe sa ditheo tsa ditšhelete tsa tlhabololo mo go adimeng dimasepala matlole.
2.2. Karolo ya bo 230 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o naya dimasepala dithata tsa go adima tšhelete ya ditshenyegelo tsa tsona. Leano la go Tsamaisa Tiro la ntlhantlha le amogetswe ke Kabinete ka ngwaga wa 2000 go kaela Kgaolo ya bo 6 le ya bo 13 ya Molao wa Ditšhelete tsa Dimasepala, wa ngwaga wa 2003 (Molao wa bo 56 wa 2003). Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa ke go dira gore baadimi ba bangwe ba bantsinyana mo mebasepaleng ba bone merokotso fa ka fa letlhakoreng le lengwe di tswelela go se setise dintlha tse di botlhokwa tsa dikadimo tsa dimasepala.
3. Khalentara ya go Phasalatsa Pele ga Nako Dipalopalo tsa Bosenyi tse di Rekotilweng tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe mo Ngwageng wa Ditšhelete wa 2022/23
3.1. Kabinete e amogetse Khalentara ya go Phasalatsa Pele ga Nako Dipalopalo tsa Bosenyi tse di Rekotilweng tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe mo Ngwageng wa Ditšhelete wa 2022/23. Kabinete e amogetse gore dipalopalo tsa bosenyi tsa kotara e nngwe le e nngwe di ka phasaladiwa. Seno ke go fetola nako gore e se tshwane le ya mo ngwageng o o fetileng ya go phasalatsa dipalopalo tsa bosenyi tsa naga.
3.2. Nako e e tshitshintsweng ya go phasalatsa dipalopalo tsa bosenyi pele ga nako ke Phatwe 2022 malebana le kotara ya ntlha le Ngwanaitseele 2022 malebana le kotara ya bobedi. Dipalopalo tsa bosenyi tsa kotara ya boraro le ya bone di tla phasaladiwa ka Tlhakole le Motsheganong 2023, ka tatelano ya tsona.
4. Go Khutlisa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo (NSoD)
4.1. Kabinete e amogetse kgato ya go khutlisa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo (NSoD) jaaka e ne ya tsenngwa tirisong morago ga merwalela e e sentseng thata kwa Kapa Botlhaba le KwaZulu-Natal.
4.2. NSoD e khutlile ka la bo 18 Phatwe 2022 go latela gore e atolosediwe nako ka la bo 18 Phukwi 2022. Go atolosediwa nako gono e ne e le ka ntlha ya fa go ne go santse go na le tlhokagalo ya gore go tswelele go tshegetsa dikgato tse di leng teng tsa go samagana le ditiragalo tse di diragaditsweng ke dikarolo tsa puso go fokotsa le go samagana le ditlamorago tsa ditiragalo tsa ditshenyegelo tse dikgolo ka ntlha ya maemo a bosa kwa diporofenseng tse di amegileng.
4.3. Kabinete e dumelane gore maemo a ga jaana ga a sa tlhole a tlhoka gore go nne le dikgato tse di kgethegileng ka ntlha ya fa dikarolo tsa puso, lephata la poraefete le baagi ba tla kgona go netefatsa gore ba tsweletsa dikgato tsa go thusa, go busetsa sekeng le go aga sešwa.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Kwadisa Makwalo a Bodulo wa Ngwaga wa 2022
1.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Kwadisa Makwalo a Bodulo wa ngwaga wa 2020 o ka romelwa kwa Palamenteng gore o ye go sekasekiwa ka tsenelelo. Kabinete ka Seetebosigo 2020 e ne ya letlelela gore molaotlhomo ono o ka romelwa lekgetlo le lengwe gape kwa baaging gore ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona.
1.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tla dira gore ditshwanelo tsa go nna le lefatshe e nne selo sa boammaruri se se sireleditsweng semolao ke Karolo ya bo 25(6) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Molaotlhomo ono o dira gore jaanong go kokoanngwa ga dipalopalo malebana le lotso, bosetšhaba le boagi jwa batshodi ba ditshwanelo tsa lefatshe mo Aforika Borwa e nne selo se se kgonagalang. Kgaolo eno e tla dira gore mo isagong go nne bonolo go kwala dipegelo tse di nepagetseng tsa boruni jwa lefatshe le tsa tshekatsheko ya lefatshe fa re lekola diphetogo mo go nneng beng ba lefatshe.
2. Molaotlhomo wa Setheo sa Bosetšhaba sa Mafaratlhatlha a Ditlamelo tsa Metsi (NWRIA) wa Ngwaga wa 2022
2.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo wa NWRIA wa 2022 o ka phasaladiwa sebaka sa malatsi a le 90 gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. Molaotlhomo ono o tshitshinya gore go tlhomiwe setheo sa NWRIA se se tla rwalang maikarabelo a go rulaganya, go tlamela ka ditšhelete le go tlhabolola mafaratlhatlha a metsi mo nageng. Gape se tla bo se na le maikarabelo a go tlhokomela mafaratlhatlha a a leng teng a metsi.
2.2. Setheo seno se tla tshwanela ke go netefatsa gore go nna le tlamelo e e sa kgaotseng ya metsi, e e rebolang metsi ka go lekalekana le e e go tsamaisana le maitlamo a molaotheo a gore batho ba tshwanetswe go tlamelwa ka metsi le tikologo e e babalesegileng mme e itekanetse. Setheo seno se tla tlhomiwa go nna Setheo sa Puso ka fa tlase ga Šejule 2 ya Molao wa Ditšhelete tsa Puso, wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 1 wa 1999). Setheo seno se tla rwala ditiro tse ga jaana di rwelweng ke Bothati jwa Trans-Caledon Tunnel.
3. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dithata le Ditiro tsa Ditšhelete tsa Dimasepala wa Ngwaga wa 2022
3.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dithata le Ditiro tsa Ditšhelete tsa Dimasepala wa Ngwaga wa 2022 o isiwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Dithata le Ditiro tsa Ditšhelete tsa Dimasepala, wa ngwaga wa 2007 (Molao wa bo 12 wa 2007).
3.2. Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di laola maatla a dimasepala a go lefisa ditefiso tsa tlhabololo malebana le dikopo tsa tlhabololo ya lefatshe tse di neelwang dimasepala. Dikarolo tseno di tla netefatsa gore dimasepala di dirisa ditefiso tseno kwa ntle ga go tsaya letlhakore, kwa ntle ga bofitlha le ka tshwanelo. Kabinete ka ngwaga wa 2020 e neile tetla ya gore Molaotlhomo ono o ka phasaladiwa gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona.
4. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditšhelete wa Ngwaga wa 2022
4.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditšhelete wa Ngwaga wa 2022 o ka isiwa kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o tshitshinya gore Melao e le supa e kwalolwe sešwa, e leng (1) Molao wa Letlole la Diphenšene la Ditheo tse di Dirang Tiro ya Mothale oo, wa ngwaga wa 1963 (Molao wa bo 41, wa 1963); (2) Molao wa Diphenšene tsa Masole, wa ngwaga wa 1976 (Molao wa bo 84 wa 1976); (3) Molao wa Diphenšene tsa Badiri ba Puso wa ngwaga wa 1996; (4) Molao wa Khomišene ya Ditšhelete le Taolo ya Matlole, wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 99 wa 1996); (5) Molao wa Banka ya Lefatshe le Tlhabololo ya Temothuo, wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 15 wa 2002); (6) Molao wa Porofešene ya Boruni wa ngwaga wa 2005 (Molao wa bo 26 wa 2005) le (7) Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Porofešene ya Boruni wa ngwaga wa 2021, (Molao wa bo 5 wa 2021).
4.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di akaretsa tse di leng ka fa tlase ga Molao wa Diphenšene tsa Masole wa 1996, tse di ka ga go akarediwa mo diphenšeneng tsa masole balekane ba masole gore le bona ba natholelwe ditshiamelo tsa bona mme go tla tsewa gore seno se tla diragadiwa go tloga ka letlha la bo 27 Moranang 1994. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa melao ya diphenšene di tla dira gore ka gangwe balekane ba masole ba natholelwe merokotso ya diphenšene fa ba tswa mo kgolaganong ya lenyalo.
4.3. Mo godimo ga go sedifatsa seabe sa Tona ya Ditšhelete mo boruning, ntlha e nngwe e e kwalolotsweng sešwa ke e e mabapi le go oketsa dithata tsa komiti ya kgalemo ya baruni fa moruni a amogetse molato. Molaotlhomo ono o phasaladitswe ka Ferikgong 2022 gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona.
5. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao Yotlhe (e e Lwantshanang le goTlhatswiwa ga Tšhelete le go Lwantsha Tlamelo ya Ditšhelete tsa Menolopuso) wa Ngwaga wa 2022
5.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao Yotlhe (e e Lwantshanang le goTlhatswiwa ga Tšhelete le go Lwantsha Tlamelo ya Ditšhelete tsa Menolopuso) wa Ngwaga wa 2022 e ka isiwa kwa Palamenteng go sekasekiwa ka tsenelelo.
5.2. Molaotlhomo ono ke Molaotlhomo o o kwalolang sešwa letlotlo la Melao e e farologaneng e leng (i) Molao wa Setheo sa go Lwantsha Bogodu jwa Ditšhelete, wa ngwaga wa 2001 (Molao wa bo 38 wa 2001); (ii) Molao wa Ditheo tse di sa Direng Letseno, wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 71 wa 1997); (iii) Molao wa Taolo ya Dithoto tsa Terasete, wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 57 wa 1998); (iv) Molao wa Ditlamo, wa ngwaga wa 2008 (Molao wa bo 71 wa 2008) le (v) Molao wa Lephata la Melawana ya Ditšhelete wa ngwaga wa 2017 (Molao wa bo 9 wa 2017).
5.3. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tsibogela makoa a a nopotsweng ke dinaga tsa balekane mo Letsholong la Setlhopha sa Ditiro tsa go Tsaya Dikgato mo Mererong ya Ditšhelete (FATF). Pegelo eno e dirile ditshitshinyo di le 40 tse di tla thusang go dira gore Aforika Borwa e tsamaisane le dikgato tsa boditšhabatšhaba tsa go lwantshana le go tlhatswiwa ga tšhelete le go tlamela ka ditšhelete mekgatlo ya menolopuso.
5.4. Go fitlhetswe gore Aforika Borwa e na le makoa mo dikarolong di le 20. Molaotlhomo ono o samagana le dikarolo di ka nna 14 tsa tse di nopotsweng. Aforika Borwa e sa le e ntse e le tokololo ya FATF fa e sale ka ngwaga wa 2003.
6. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Diritibatsi le go Gweba ka Diritibatsi wa Ngwaga wa 2022
6.1. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Diritibatsi le go Gweba ka Diritibatsi wa Ngwaga wa 2022 o ka isiwa kwa Palamente go sekasekiwa ka tsenelelo.. Molao wa Diritibatsi le go Gweba ka Diritibatsi, wa ngwaga wa 1992 (Molao wa bo 140 wa 1992) o dira gore go tlhagisa le go tlamela ka sere sepe se se akareditsweng ka fa tlase ga Šejule 1 le Šejule 2 ya Molao ono go tsewe e le tlolo ya molao.
6.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di samagana le Karolo ya bo 63 e go fitlhetsweng gore ga e tsamaisane le molaotheo malebana le gore Tona o neelwa dithata tsa go baakanya dišejule kwa ntle le go di fetisa mo matlhong a batlhankedi ba setheo sa peomolao.
6.3. Ka ngwaga wa 2020, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e rebotse katlholo ya gore Karolo ya bo 63 ya Molao wa Diritibatsi le go Gweba ka Diritibatsi wa 1992 ga o tsamaisane le molaotheo mme e ne ya beela thoko go tsenngwa tirisong ga katlholo eno go fitlha ka la bo 17 Sedimonthole 2022 go naya Palamente nako gore e baakanye phoso eno.
D. Tiragalo e e Tlang
1. Kgaisano ya Rugby World Cup Sevens 2022
1.1. Aforika Borwa e tla amogela kgaisano ya Rugby World Cup Sevens 2022 kwa Motse Kapa magareng ga la bo 9 le la bo 11 Lwetse 2022. Ke la ntlha metshameko eno e tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika mme go tla bo go na le ditlhopha di le 24 tsa banna le di le 16 tsa basadi go tswa lefatsheng ka bophara tse di tla bong di gaisana.
E. Melaetsa
1. Go Akgola
Kabinete e akgotse le go eleletsa masego:
- Banyana Banyana, ka ntlha ya go dira hisetori mo Aforika Borwa le go gapa sekgele sa ntlha sa kgaisano ya Women's Africa Cup of Nations (WAFCON), kwa makgaolakgannyeng a WAFCON a ngwaga wa 2022 a a neng a tshwaretswe kwa Rabat, kwa Morocco ka Lamatlhatso, la bo 23 Phukwi 2022. Go ntse go le jalo, ba nnile le tshiamelo ya Sejana sa Lefatshe sa basadi sa FIFA se se yang go amogelwa ke Australia le New Zealand go tloga ka la bo 20 Phukwi go fitlha ka la bo 20 Phatwe 2023.
- Setlhopha sa Aforika Borwa (Team South Africa), ka ntlha ya go gapa dimedale di le 27 mo maphateng a a farologaneng kwa Metshamekong ya Commonwealth ya 2022 e e neng e tshwaretswe kwa Birmingham, Engelane go tloga ka la bo 28 Phukwi go fitlha ka la bo 8 Phatwe 2022. Se feletse kwa maemong a borobongwe ka dimedale tsa gauta di le supa, tsa selefera di le robongwe le tsa boronse di le 11.
- Basadi ba Springbok, ka phenyo ya bona kgatlhanong le Spain mo metshamekong e mebedi ya ntlha ya Motseletsele wa Mariga wa Basadi kwa lebaleng la metshameko la Emirates Airline Park kwa Johannesburg.
- Mme Ndavi Nokeri (23), go rwesiwa korone ya Mmabontle wa Naga ya Aforika Borwa yo montšhwa wa ngwaga wa 2022.
- Mme Ashleigh Buhai, ka go gapa 2022 AIG Women’s Open mme e nna mosadi wa boraro wa Aforika Borwa go gapa bosimega jwa gauta.
2. Matshediso
Kabinete e rometse matshediso kwa malapeng le balesika ba:
- Tokollo “Magesh” Tshabalala (46), rammino, moopedi le mokwadi wa mmino yo a neng a tuma fa ene mmogo le ditsala tsa gagwe di le pedi ba ne ba simolola setlhopha sa mmino wa kwaito ka ka ngwaga wa 1996, se se neng se bidiwa TKZee.
3. Go Thapiwa
1. Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.1. Mme Zenkosi Dumile Mhlongo jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Dipatlisiso le Taolo ya Dipholisi kwa Lefapheng la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba (DPWI).
1.2. Ngaka Bongani Elias Sithole jaaka DDG: Tikwatikwe ya Tsamaiso ya Matlhothapelo a Setšhaba kwa Lefapheng la Pusotshwaraganelo.
1.3. Rre Adam Mthombeni jaaka DDG: Tirisanommogo mo Ditheong tsa Puso kwa DPWI.
2. Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ba ba latelang:
2.1. Ngaka Zwanani Titus Mathe jaaka Motlhankedikhuduthamaga wa Setheo sa Aforika Borwa sa Tlhabololo ya Motlakase.
2.2. Ditokololo tse di dirang nako e e sa tlalang tsa Bothati jwa Motlakase wa Naga ya Aforika Borwa:
a. Rre Thembani Bukula (Modulasetilo);
b. Mme Zandile Mpungose (Motlatsamodulasetilo);
c. Mme Precious Sibiya;
d. Mme Thembeka Semane; le
e. Rre Fungai Sibanda (o thapilwe sešwa).
2.3. Modulasetilo le tokololo ya Boto ya Lekgotla la Thekenoloji ya Diminerale:
a. Ngaka Thibedi Ramontja (Modulasetilo); le
b. Moporofesara Lwazi Ngubevana.
2.4. Mme Cladie Thamo Hloniphile Mzobe jaaka Motsamaisikhuduthamaga wa Kgaolo wa Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletsego ya Loago kwa KwaZulu-Natal.
Dipotsiso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete
Selefounu: 083 501 0139