Kabinete e kopane ka Laboraro, 30 Diphalane 2019 kwa Tuynhuys kwa Motse Kapa
A. Merero ya ga Jaanong
1. Khonferense ya Peeletso ya Aforika Borwa (SAIC)
1.1. Kabinete e emetse ka tsholofelo e kgolo khonferense ya Bobedi ya SAIC eo e tla tshwarwang mo bekeng e e latelang go tloga ka la bo 5 go ya go la bo 7 Ngwanaitseele kwa Sandton Convention Centre kwa Gauteng ka fa tlase ga setlhogo; “Go itlhaganedisa Kgolo ya Ikonomi ka go Aga Bolekane”.
1.2. SAIC 2019 e tla agelela mo SAIC ya ntlha e feletseng teng e e neng e tshwerwe ka Diphalane 2018, eo e ngokileng maitlamo a peeletso a R300 bilione. Tseno di tsenyeletsa kgwebokgolo ya theko ka inthanete, Amazon e e tlhomileng setsha sa inthanete mo Aforika Borwa; khamphani e e nang le meepo lefatshe ka bophara Vendeta Resourses e e beeleditseng ka go aga segakolosi ka fa nageng, Khamphani ya thekenoloji ya Rwanda, Mara Corporation e e beeleditseng ka fa nageng, e e dirang megala ya seatla e e nang le thekenolji ya maemo a a kwa godimo le khamphani ya melemo Aspen Pharmacare e beeleditseng mo go tlhagisiweng ga didiriswa tsa melemo tseo di senang megare.
1.3. Re ikamanya le maAforika Borwa otlhe mo go amogeleng dikemedi di feta 1 500 tsa bommakgwebo le borakgwebo ba ba emetseng dikgwebo tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba ba ba solofetswe go tsenela Khonferense ya Peeletso.
1.4. Ka la bo 7 Ngwanaitseele 2019, khonferense e tla tshwarelwa kwa Yunibesithing ya Johannesburg Soweto Campus, mme e tla bo e tsepamisitse mogopolo mo bogwebing, boitshimoleding le mo go godiseng dikgwebopotlana le tse di magareng.
2. Foramo ya Peeletso ya Aforika (AIF)
2.1. Setlhopha sa Banka Tlhabololo ya Aforika se tla tshwara AIF go tloga ka la bo 11 go ya go la bo 13 Ngwanaitseele 2019 kwa Johannesburg. Seno ke tšhono e nngwe gape ya peeletso go Aforika Borwa go bona matlole ao a ka thusang go kgweetsa tlhabololo ya mafaratlhatlha a Aforika.
2.2. Foramo e kgobokanya matlole a phenshene, matlole a peeletso a puso, babeeletsi ba poraefete, dikemakopanelo tsa peeletso le ditlhogo tsa puso. E tla tsepamisa mogopolo mo go tlhabololeng le mo go tsweletseng dikgokagano tsa kgwebo go bulela ditšhono tsa peeletso tsa dibilione bilione tsa di dolara go Aforika.
2.3. Mo go lateleng maikaelelo a rona a a umakilweng a go tlhagisa manaane mafaratlhatlha a poraefete le a botlhe, puso e beetse kwa thoko R100 bilione mo sebakeng sa dingwaga di le 10 tebang le Letlole la Mafaratlhatlha la Bosetšhaba, mme le itumeletse go dira mmogo le babeeletsi ba poraefete le ditheo tsa boditšhabatšhaba go thusa ka matlole go tlhabolola mafaratlhatlha a naga ya rona.
3. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBP)
3.1. Kabinete e amogetse MTBPS ya 2019 e e tlhagisistsweng ke Tona ya Matlotlo, Rre Tito Mboweni e a e tlhagisitseng kgatlhanong le letlamorago le le boima la ikonomi ya selegae le ya lefatshe. MTBPS ya 2019 e tshitsinya mekgwa eo e tla fokotsang ditshenyegelo tsa puso le sekoloto sa ga jaana go GDP.
3.2. Kabinete gape e etse tlhoko gore dipoelo tsa Patlisiso ya Kotara ya Bodiri ya kotara ya boraro ya 2019 eo e golotsweng ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa e bontshitse gore palelo ya semolao ya botlhokatiro e oketsegile ka poresente e le 0,1 go ya go 29,1% fa go bapanngwa le kotara ya bobedi ya 2019.
3.3. Kabinete e na le tsholofelo ya gore fa maAforika Borwa otlhe a ka ikamaganya le puso mo go tsenyeng tirisong maitlamo a a tlhalositsweng mo go MTBPS ya 2019, re ka thusa go godisa Aforika Borwa mmogo, go oketsa kgolo ya ikonomi ya rona le ya dipalo tsa ditiro tseo di tlhokegang thata mo nageng.
4. Eskom
4.1. Kabinete e amogetse pampiri e e bidiwang ‘‘Roadmap for Eskom in a Reformed Electricity Supply Industry”, eo e golotsweng ke Tona ya Dikgwebo tsa Setshaba Pravin Gordhan ka Labobedi, 29 Diphalane 2019.
4.2. Seno se latela kitsiso e e dirilweng ke Moporesitente Ramaphosa mo Puong ya Maemo a Setšhaba ya 2019 ka Tlhakole ya gore go tsosolosa tiragatso e e nonofileng, Eskom e tla tlhatlhamololwa le go aroganngwa go nna maphata a mararo e leng la tiragatso, la tlhagiso le la tlamelo.
4.3. Kabinete e atlenegisa ditshitsinyo tseno mo mmotlolong wa kgwebo wa Eskom, eo e leng leano la sešweng go baya Eskom mo tseleng ya kgolo. Lenaanethulaganyo le solofetse kelelo ya motlakase e e tlhotlhwa tlase, pabalesego ya eneji le metswedi e e farologaneng ya eneji go ya ka Leano la Tomagano ya Didiriswa; eo e tsentsweng mo kaseteng kgwedi eno e sa le sešweng le go tlhalosa setlhopha sa metswedikgolo ya eneji ya naga mo sebakeng sa dingwaga di le 10.
4.4. Re ipiletsa go baamegi botlhe mo lephateng la eneji go tshegetsa ka botlalo go tsenngwa tirisong ga leano leno.
5. Makgaolakgang a Sejana sa Lefatshe sa Rakebii (RWC)
5.1. Kabinete e motlotlo go akgola setlhopha sa rakebii sa bosetšhaba, di-Springboks, mo go fitlheleleng makgaolakgang a 2019 a RWC. Kabinete e ipiletsa go maAforika Borwa otlhe le batshegetsi ba rona go ralala lefatshe go tshegetsa “di-Boks” le go bontsha tshegetso ya bona go bagarona ka go tsaya karolo mo go Green Fridays le go arolelana melaetsa ya tshegetso mo diraleng tsa mafaratlhatlha a tlhaeletsano ya loago ka go dirisa #StrongerTogether, #Bokke, #Rugbyworldcup.
5.2. Moporesitente Ramaphosa o tla lebelela motshameko wa bofelo kwa Japan go neela ka tshegetso ya mmatota go setlhopha sa bosetšhaba sa rona.
5.3. Kabinete gape e amogela tshweetso ya SABC go phasalatsa ka tlhamalalo motshameko wa makgaolakgang magareng ga Aforika Borwa le England ka Lamatlhatso, 2 Ngwanaitseele, go tloga ka ura ya bo 11:00.
6. Tshomarelo ya metsi
6.1. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tswelela go somarela le go sekegetsa metsi. Seno se latela pegelo ya mo malobeng ya gore seelo sa matamo a naga se fokotsegile. Aforika Borwa e gareng ga dinaga di le 30 tseo di omeletseng go gaisa mo lefatsheng. Dipula tse di neleng tse di kwa tlase go na le ka fao go tlwaelegileng mmogo le tse di tsayang nako go tsorotla mo dikarolong dingwe tsa naga, go akaretsa le dithempereitšha tsa lekhubu la mogote la mo malobeng, di gakaditse seemo seno.
6.2. Le fa Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tsentse tirisong maano a go mekamekana le tshoganyetso, Kabinete e kopa botlhe go dira mmogo go netefatsa tiriso e e tsweletseng ya motswedi ono o o botlhokwa ebile o tlhokega. Maele a go somarela metsi a tsenyeletsa go sekaseka fa go na le dipeipi tse di dutlang, go dirisa metsi a a setseng a dirisitswe go nosetsa ditshimo pele ga ura ya bo 06:00 kgotsa morago ga ura ya bo 18:00 le dijalo tse di sa tshabeng lešekere. Rotlhe re tshwanetse go tshameka karolo ya rona mo go somareleng metsi.
7. Togamaano ya bolekane le China
7.1. Motlatsa Moporesitente David Mabuza o mo leetong la tiro kwa People’s Republic of China, fao a tlileng go nna modulasetilo mmogo kwa Kopanong ya bo 7 ya Khomišene ya Dinagapedi (BNC) ya Aforika Borwa-China eo e tla tshwarwang go fitlha ka la bo 3 Ngwanaitseele 2019. Aforika Borwa- China BNC e tlhomilwe ka 2002 go dira jaaka serala sa togamaano go arabela merero ya dikgatlhego tse di tshwanang tse di jaaka ditsweletso tsa kgwebo le dithefosano tsa ikonomi.
7.2. Palogotlhe ya bokana ka dikhamphani di le 26 tsa Aforika Borwa di beeletsa kwa China, ka go dirisa R88 bilione magareng ga Ferikgong 2003 le Phatwe 2019. Ka fa letlhakoreng le lengwe, palogotlhe ya dikhamphani tsa China di le 88 di beeletsa mo Aforika Borwa, ba dirisa R116 bilione mo sebakeng sa nako e e tshwanang.
7.3. Kabinete e amogela go saeniwa ga togamaano ya tirisanommogo magareng ga Bojanala jwa Aforika Borwa le khamphani ya China, Tencet, eo e leng beng ba serala sa tlhaeletsano sa WeChat. Tirisanommogo eno ya dingwaga di le pedi e neela Aforika Borwa phitlhelelo ka tlhamalalo ya dimilione tsa bajanala ba ba ka nnang le kgatlhegelo ba Machaena tebang le boitapoloso le kgwebo, go bapatsa naga jaaka lefelo la boitlhophelo.
7.4. Aforika Borwa e ikaeletse go menagana gabedi dikgorogo tsa bajanala ba boditšhabatšhaba go tloga go 10,4 milione go ya go 21 milione ka 2030.
7.5. Kabinete gape e amogela boitshimoledi ba matlafatso ba Lefapha la Thuto ya Motheo go batsamaisi ba dikolo, ka bolekane le puso ya China, eo e boneng bagokgo ba le 25 ba arolelana le go buisana ka ga ditiriso tse di botoka go gaisa mo tikologong ya sekolo le balekane ba bona kwa Shanghai, China.
8. Thibelo ya bosenyi
8.1. Kabinete e lemoga tiro ya Operation O Kae Molao, eo e eteletsweng pele ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) le go tswelela go dira tswelopele e e bonalang mo twantshong ya bosenyi kwa Gauteng.
8.2. Makgolokgolo a babelaelwa go ralala porofense eno ba tshwerwe tebang le bosenyi jo bo farologaneng mme tseno di tsenyeletsa 717 ya babelaelwa bao ba ntseng ba batliwa, 90 ya bona ke batshabi bao ba batlelwang dikgetse tse di amanang le tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV).
8.3. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go tswelela ka tshegetso le kamano ya bona mo ntweng kgatlhanong le bosenyi ka go bega ditirwana tsa bosenyi kwa ditheong tsa tiragatso ya molao. Baagi ba ka nna gape ba dirisa sediriswa se se ntšhwa sa go bega bosenyi sa SAPS, MySAPS, go neelana ka tsiboso, go bona seteišene se se gaufi sa sepodisi kgotsa go romela ditsiboso tsa potlako le melaetsa. Kabinete e itlamile mo go netefatseng gore baagi ba selegae ba tshela mo mafelong a a sireletsegileng le go babalesega.
9. GBV le Dipolao tsa Basadi
9.1. Kabinete e amogela dikotlhao tsa go atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong di le 20 le dingwaga di le 758 tse di neetsweng mobeteledi yo o setlhogo, Bongani Lucky Masuku, gammogo le kotlhao ya go go atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong ya ga mobeteledi yo a bonweng molato Nicholas Ninow. Seno se romela molaetsa o o bogale go batlolamolao gore tsamaiso ya rona ya bosiamisi jwa bosenyi ga e kitla e letla bosenyi kgatlhanong le basadi le bana.
9.2. Puso e nna e ntse e itlamile go neelana ka tlhokomelo go batswasetlhabelo le go rotloetsa batswasetlhabelo ba GBV go dirisa ditirelo tse di neelwang ke Senthara ya Taolo ya GBV. Senthara eno e dira bosigo le motshegare ngwaga otlhe. Batswasetlhabelo ba ka letsetsa 0800 428 428 kgotsa go romela “please call me” mo go *120*7867# kgotsa ba tsene mo webosaeteng ya www.gbv.org.za. Moporesitente Ramaphosa gompieno o tla itsise Palamente le setšhaba ka ga maiteko go fedisa GBV le Dipolao tsa Basadi fa a araba dipotso kwa Kokoano Bosetšhaba.
B. Ditshweetso tsa Kabinete
1. Leanolegolo la Diritibatsi la Bosetšhaba (NDMP) 2019-2024
1.1. Kabinete e atlenegisa NDMP 2019-2024 le leano la yona la tsenngotirisong, leo le tlhalosang ditogamaano go lwantsha tirisobotlhaswa ya diritibatsi mo Aforika Borwa. NDMP 2019-2024 eno e latela tlhatlhobo ya NDMP 2013-2017.
1.2. Leano leno le tshitsinya maikaelelo a le supa a togamaano go lwantsha tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi mo baaging ba rona. Gape e tshitsinya ditsela tsa go mekamekana le phokotso ya seelo se se kwa godimo sa diritibatsi, taolo e e gagametseng ya diritibatsi tseo maikaelelo a tiriso ya tsona e leng go alafa, gammogo le taolo, boeteledipele le maikarabelo a go diragatsa NDMP.
2. Pholisi ya Tshireletso le Tlhokomelo ya Ngwana ya Bosetšhaba (NCCP)
2.1. Kabinete e atlenegisitse NCCP, eo e neelang tiragatso ya Molao wa Bana wa 2005 (Molao 38 wa 2005). Karolo 28 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 e tsholetsa tshwanelo ya bana botlhe ya go fitlhelela ditirelo tsotlhe tsa loago le tsa tshireletso kgatlhanong le tirisodikgoka, tshotlakako, go sa kgathalelwe le go dirisiwa botlhaswa.
2.2. NCCP e e atlenegisitsweng e matlafatsa tsamaiso ya tlhokomelo le tshireletso ya bana, le go netefatsa gore didiriswa tsa ga jaana di dirisiwa ka botlalo tebang le gore go nne le ditirelo tse di tlhabolotsweng tseo di tsweletsang tlhabololo ya bana e e namatsang. Pholisi eno e tswelela go tsibogela katlholo ya Kgotlhatshekelokgolo ya North Gauteng eo e laelang Tona ya Tlhabololo ya Loago go dira diphetogo tseo di tla matlafatsang tsamaiso ya tlhokomelo le kgodiso ya bana.
3. Diphemiti tse di Kgethegileng tsa Lesotho (LSP)
3.1. Kabinete e atlenegisitse go okeletswa nako ga di-LSP ka dingwaga tse dingwe di le nne. Nako ya tsona ya ga jaana e ya bokhutlong ka di 31 Sedimonthole 2019. Go okediwa ga nako gono go tla letla Lefapha la Merero ya Selegae (DHA) go feleletsa tiro ya lona ka go batla ditsela tse di ka rarabololang matsapa a phudogo, bogolosegolo ga baagi ba ba tswang kwa kgaolong ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika.
3.2. Go okelediwa gono ga nako go tla diragala fela mo go bao ba setseng ba na le di-LSP. DHA e tla neelana ka dintlha go ya pele ka ga tsamaiso e e tla salwang morago.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa 2019 o o ka ga go se Bole ga Dikgetse tsa Melato ya go Gatana mo Khontsheng le ya Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano)
1.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa 2019 o o ka ga go se Bole ga Dikgetse tsa Melato ya go Gatana mo Khontsheng le ya Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano). Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di baakanya Karolo 18 ya Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi, 1977 (Molao 51 wa 1977) oo o neng wa itsisiwe o se ka fa molaong ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Molaotlhomo o neelana ka go sekisiwa ga batho bao ba dirileng ditlolomolao tsa thobalano, go sa kgathalesege gore ditlolomolao tseo di dirilwe leng.
1.2. Molaotlhomo ono gape o dira ditlhabololo mo Karolong ya bo 12 ya Molao o o ka ga go se Bole ga Dikgetse tsa Melato wa 1969, (Molao wa bo 68 wa 1969). Molao ono o laola gore go se bole ga dikgetse tsa melato go simolola neng mme fela jaaka Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi wa 1977, gape o bontsha lenaane le le lekanyeditsweng la ditlolomolao tsa thobalano.
1.3. Ditlhabololo tse di tshitsintsweng di tla neelwa Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba ka boitlhophelo jo bo farologaneng go itsise tshekiso ya dikgetse tsa ditlolomolao tsa thobalano tseo di dirilweng le pele ga dingwaga di le 20.
D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Go bulwa ga Kgotlatshekelokgolo
1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla bula semmuso Kgotlatshekelokgolo ya Mpumalanga kwa Mbombela, ka Labotlhano, 8 Ngwanaitseele 2019. Moporesitente o tla bo a na le Tona ya Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa Rre Ronalad Lamola le Tona ya Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha Mme Patricia de Lille mo legatong la bofelo la lenaane le le netefatsang gore porofense nngwe le nngwe mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe ka fa nageng ya Aforika Borwa e nna le Kgotlatshekelokgolo.
1.2. Baagi ba porofense ya Mpumalanga jaanong ba tla nna le Kgotlatshekelokgolo e e leng ya bona mme ga ba kitla ba tlhola ba tlhoka go tsaya maeto a a tlhotlhwa godimo go ya Pretoria go ya go batla thuso ya molao.
E. Melaetsa
1. Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola kwa go:
1.1. Olwami Shangase wa dingwaga di le 12 go tswa kwa KwaZulu-Natal, yoo buka ya gagwe e e reng Rejected Treasure e e ikaeletseng go ruta mongwe le mongwe, bogolosegolo bana, ka ga maatla a go itshwarela bao ba go leofelang le go nna le lerato mo botshelong.
1.2. Amahle Zenzile wa dingwaga di le 11 go tswa kwa Motse Kapa, yo a laleditsweng go emela Aforika Borwa kwa Dikgaisanong tsa Chess tsa Bašwa ba Aforika eo e tla tshwarelwang kwa Namibia ka Sedimonthole.
1.3. Motlhagisi le motlhami wa ka fa nageng ya Aforika Borwa, Rre Lebohang Morake, yoo a netefaditseng gore Setlhopha sa Mmino sa Drakensberg Boys Choir se fofisa folaga ya rona kwa godimo fa ba ne ba diragatsa kwa tlotlong e e kgethegileng ya Lion King kwa London.
1.4. Moporesitente Mokgweetsi Masisi le baagi ba naga ya Botswana ka go tshwara ditlhopho tse dingwe gape tsa boporesitente tse di renang kagiso, e leng seo se matlafatsang temokerasi ya Botswana. Aforika Borwa e romela kemedi go nna karolo ya Go Ikaniswa ga Moporesitente wa Botswana kamoso, 1 Ngwanaitseele 2019. Re itumelela go tswelela ka dikamano tsa loago, tsa ikonomi, tsa sepolotiki le tsa sedipolomatiki le naga ya Botswana.
F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Boto ya ZA Domain Name Authority:
1.1. Mme Palesa Legoze (Modulasetilo)
1.2. Mme Veronica Motloutsi
1.3. Mme Sizo Mzizi
1.4. Moporofesara Kasturi Moodaliyar
1.5. Mme Malekgoloane Malapane
1.6. Moporofesara Daniel Mashao
1.7. Mme Anriette Esterhuysen
1.8. Rre Rendani Mbuvha, le
1.9. Rre Nicholas Msibi (o thapilwe gape)
2. Mme Mmakgomo Anna Tshatsinde, Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Lephata la Ditirelo tsa Tekolo, Lefapha la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME).
3. Rre Blake Keith Mosley-Lefatola, DDG: Lephata la Naga la Tekolo le Tlhabololo ya Bokgoni, DPME.
4. Rre Luambo Thomas Sigama, DDG: Ditirelo tsa Baagi, DHA.
Dipotso: Ms Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete sa Namaosatshwere
Mogala wa seatleng: 083 501 0139