Pegelo ya Kopano e e Tlwaelegileng ya Kabinete e e neng e Tshwaretswe kwa Union Buildings, Pretoria ka Labotlhano, 13 Sedimonthole 2019
A. Merero ya ga jaanong
1. Eskom
1.1. Kabinete e tshegetsa ka gotlhe maiteko otlhe ao maikaelelo a ona e leng go netefatsa kelo ya motlakase mo nageng. Mo ntlheng eno, Kabinete e laetse Tona ya Dikgwebo tsa Setšhaba Rre Pravin Gordan go buisana le Motlhankedikhuduthamagamogolo Rre Andre de Ruyter go simolola tiro ya gagwe pelenyana ga nako e e beilweng.
1.2. Rre de Ruyter mmogo le setlhopha sa gagwe sa batsamaisi ba tla mekana ka bonako le merero e e amang dithata, tlhokego ya botsamaisi jwa ditšhelete gammogo le go tshetlela ditiragatso tsa Eskom. Seno se tsenyeletsa go mekana le tshalelo e e kwa morago ya paakanyo ya metšhini e e onetseng ya diteišene tsa motlakase le mathata a dikago kwa diteišeneng tsa Medupi le Kusile.
1.3. Motlatsa Moporesidente Rre David Mabuza o tla bitsa kopano go tsosolosa Lefelo la Taolo ya Matla le le akaretsang Tona ya Matlotlo Rre Tito Mboweni; Tona ya Diminerale le Matla Rre Gwede Mantashe le Tona Gordan. Setlhopha se tla mekana le dikgwetlho dingwe le dingwe go kelo ya motlakase mo nageng.
1.4. Dintšhwafatso di tla tshameka karolo e e botlhokwa go kelo ya motlakase wa rona go thusa Eskom mo maitekong a bona.
2. Thuso ya Ditšhelete go Kgwebo ya South African Airways (SAA)
2.1. SAA e ne mo bekeng e e sa tswang go feta ya bewa ka fa tlase ga maemo a Thuso ya Ditšhelete go Kgwebo. Kabinete e na le tshepo ya gore tsereganyo eno e tla thusa mo go baakanya maemo a khamphani ya difofane ya naga go nna setheo se se nang le matla le go gaisana, seo ka nako se tla tshepiwang ke Maaforikaborwa otlhe le go ngoka balekane ba babeeletsi.
2.2. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Modiri wa Thuso ya Kgwebo Rre Les Matuson go tswa kwa Matuson Associates. O tla dira le Balekane ba BathoBantsho bao bat la itsisiweng mo nakong e e sa reng sepe.
2.3. SAA e tla amogela madi a tlaleletso a R2 billione ka thuso ya ditšhelete go tswa go puso go tlatsa go phetolo e e tseneletseng ya khampani ya difofane. Gape, baadimi ba SAA ba ga jaana ba tla tlamela ka tlaleletso ya R2 billione.
2.4. Kabinete e na le tshepo ya gore tsereganyo eno e tla busa serodumo sa khamphani ya difofane le go thibela go phutlhama goo go tla nnang le seabe se sa siamang go bapalami, baneeladitirelo le balekane ba bangwe mo lephateng la diphofo le se se botlhokwa, letsholo la tiro.
2.5. Tona Gordhan o tla bega tswelopele e e mabapi le tsereganyo ya Thuso ya Kgwebo go Kabinete nako le nako.
3. Merwalela
3.1. Kabinete e romela matshidiso go bao ba latlhegetsweng ke bao ba ba ratang e le ka ntlha ya merwalela e e itemogetsweng mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga.
3.2. Puso e rulaganya tsereganyo ya maphatamantsi ka go dirisa Setheo sa Botsamaisi jwa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo go mekana le tshenyo e e bakilweng ke merwalela eno.
3.3. Kabinete e amogela tshegetso ya mekgatlho e e farologaneng ka go neelana ka maiteko a thuso ya ka bonako. Go tloswa ga batho go tswa mo dikagong le go fuduswa ga batho bao ba neng ba latlhegile go tswa kwa diholong tsa baagi le dikereke di bontshitse mowa wa nnete wa Ubuntu (Botho). Kabinete e ipiletsa go baagi go reetsa ditsiboso le maele ka ga maemo a bosa a a tseneletseng.
3.4. Metsi a morwalela a a tsamayang ka bonako ke matshosetsi go botshelo mme batsamaya ka dinao le bakgweetsi ba kopiwa go nna kelotlhoko thata le go efoga ka gotlhe go dirisa ditsela tse di tletseng metsi a morwalela.
3.5. Baagi bao ba nnang ka fa tlase ga mela ya morwalela ya dinoka le matamo ba tsiboswa go nna kelotlhoko le go suthela kwa dikgaolong tse di babalesegileng ka bonako jo ba bonang matshwao a morwalela. O seka wa tsenya botshelo jwa gago mo kotsing ka go thuma mo matamong le mo dinokeng ka nako ya dipula tse dikgolo.
4. Setlha sa Keresemose
4.1. Kabinete e eleletsa Maaforikaborwa otlhe Setlha sa Keresemose se se ba balesegileng le go atlega. Re le Maaforikaborwa re tshwanetse go tswelela go bontsha Ubuntu go Maaforikaborwa ka rona le baeng ba rona ka nako eno ya boitumelo.
4.2. Kabinete e ipiletsa go Maaforikaborwa otlhe go obamela melao ya tsela jaaka ba tsaya maeto go ya go mafelo a bona a maikhutso le go ralala setlha sa keresemose. Maikarabelo go fokotsa dipolao tsa mo ditseleng ke maikarabelo a rona rotlhe. Maitsholo a a siameng mo ditseleng a tsenyeletsa go sa nwe o ntse o kgweetsa, go kgweetsa ka lobelo lo lo beilweng, go naganela badirisi ba bangwe ba tsela, go tsenyeletsa batsamaya ka dinao. A re direng mmogo go boloka matshelo #LiveBeyondDezemba # Goroga o Tshela
4.3. “Ditiragatso tsa Setlha sa Keresemose se se Babalesegileng” sa puso se setse se simologile ka Tirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) ba tswile ka matla ka nako eno.Baagi ba rotloediwa go dirisa MySAPS mobile App, eo e leng ya ntlha ya mofuta wa yona mo kontinenteng ya Aforika.
4.4. App eno e ntšhwa e letla baagi go golagana le mapodisi ka nonofo e e oketsegileng ka go neelana ka go loma tsebe ntle le go itlhagisa, go bona seteišene se se gaufi sa sepodisi, le go letla motswasetlhabelo wa bosenyi go romela melaetsa ka bonako ka nako ya tshoganyetso.
4.5. Kabinete e ikuela go batsadi le batlhokomedi go netefatsa gore bana ga ba tlogelwe ba le nosi mo nakong eno.
4.6. Kabinete e rotloetsa Maaforikaborwa go tsaya Sho’t Left ka go etela mafelo a selegae a a ngokang baeng le go tshegetsa ditiragalo tsa selegae. Tiriso ya batsamaisi ba maeto ba ba ikwadisitseng ba tla netefatsa pabalesego le go oketsa maitemogelo a go loeto. Dintlha tsa bakaedi ba maeto ba ba ikwadisitseng di ka bonwa mo diwebosaeteng tse di farologaneng tsa Kantoro ya Porofense ya Bojanala.
5. Dipholo tsa Setifikeiti sa Bosetšhaba sa Marematlou (NSC) sa 2019
5.1. Kabinete e leboga barutabana, baithuti le batsadi ka go dira le puso go netefatsa bokhutlo jo bo atlegileng jwa Ditlhatlhobo tsa NSC tsa 2019. Dipholo di tla itsisiwe mo bosigong jwa 7 Ferikgong 2020 le baithuti ba marematlou ba rotloediwa go etela webosaete ya Lefapha la Thuto ya Motheo (www.education.gov.za) kgotsa ba ka ikwadisa ka SMS ka go romela nomoro ya ID ya bona le nomoro ya Tlhatlhobo mo go 35658 go bona dipholo tsa bona.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
6. Letlhomeso la Taolo ya Biofuels
6.1. Kabinete e atlenegisitse Letlhomeso la Taolo ya Biofuels, leo le tla diragatsang go tsenngwa tirisong ga Togamaano ya Kgwebo ya Biofuel. Biofuels di amogelwa boditšhabatšhaba jaaka thefoso ya ka bonako e e kwa tlase ka khabone. Di tswakanya leokwane go dilookwane tsa diminerale tse di tlwaelegileng gore go tle go fokodiwe dikgotlhela mowa go tswa go tiriso ya lookwane la dipalangwa.
6.2. Letlhomeso le neelana ka dikgaolo tse tlhano go laolwa e leng (1) Tsamaiso ya didiriswa tse di tala tsa lookwane. Tsamaiso e fokotsa kotsi ya lenaneo la biofuels go isa go go nna teng ga dijo. (2) Taolelo ya melao ya go tswakanya gore go tle go tlhamiwe tlhomamisego ya tlhokego ya biofuels (3) Mekgwa ya go bona ditshenyegelo tsa go tswakanya di biofuels. (4) Mekgwa ya ketleetso ka matlole go tshegetso ya molemi wa biofuel le tshegetso ya motlhagisi wa biofuel. (5) ntlhatheo ya tlhopho go diporojeke tsa biofuel tse di tlhokang thuso ya ketleetso ya matlole. Tokomane ya letlhomeso e ka bonwa ka go dirisa webosaete ya Lefapha la Matla e leng: www.energy.gov.za.
7. Khansele ya Bosetšhaba ya Pabalesego
7.1. Kabinete e atlenegisa go tlhomiwa gape ga Khansele ya Bosetšhaba ya Pabalesego go rulaganya tsamaiso ya ditiro tsotlhe tse di amanang le pabalesego ya naga. Khansele e tla rwala maikarabelo tebang le go atlenegisiwa ga Togamaano ya Bosetšhaba ya Pabalesego, tse di kwa setlhoeng tsa matlhale a Bosetšhaba a naga le Dilekanyetso tsa Matlhale a Bosetšhaba.
7.2. Khansele e tla etelelwa pele ke Moporesidente ka bokgoni jwa gagwe jaaka Motsamaisimogolo wa Matsholotshireletso le Pabalesego. Maloko a mangwe a khansele e tla nna Motlatsa Moporesidente Mabuza; Tona ya Pabalesego ya Naga Ayanda Dlodlo; Tona ya Tshireletso le Bagaka ba Sesole Nosiviwe Mapisa-Nqakula; Tona ya Merero ya Selegae Aaron Motsoaledi; Tona ya Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa Rre Ronald Lamola; Tona ya Sepodisi Bheki Cele; Tona ya Matlotlo Tito Mboweni le Tona ya Merero ya Setso le Pusotshwaraganelo Nkosazana Dlamini Zuma.
8. Lokwalotemoso ka ga Merero ya Selegae
8.1. Kabinete e atlenegisitse Lokwalotemoso ka ga Merero ya Selegae, gammogo le togamaano ya boemo jo bo kwa godimo le tselammapa go fetola seemo sa Lefapha la Merero ya Selegae jaaka mokgontsi yo o botlhokwa segolo go tlhabololo ya ikonomi le pabalesego ya naga.
8.2. Lokwalotemoso le ikaegile ka motheo wa pholisi tebang le puso ya ditsela tsa segompieno le ya dijitale eo e re isang gaufi go boning maikaelelo a rona a Puso ka Inthanete le kgwebo ka Inthanete.
9. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Tumelano ya Madrid ka ga Ikwadiso ya Boditšhatšhaba ya Matshwao(1989) go Palamente go atlenegisiwa.
9.1. Tsamaiso ya Madrid e tsenyeletsa go sirelediwa ga matshwaokgwebo. Matshwaokgwebo a aga temogo ya matshwaokgwebo le maemo a a siameng a kgwebo mo go rekiseng dikuno le ditirelo selegae le kwa boditshabatshaba.
9.2. Tlaleletso go Tsamaiso ya Madrid e tla kgontsha kgatelopele ya Pholisi ya Matlhale a Thoto(IP) a naga. E tla neela Maaforikaborwa bogolosegolo dikgwebopotlana tshono ya go dirisa tsamaiso ya IP go rekisa dithoto tsa bona le ditirelo boditshabatshaba.
10. Setheo sa Bapalami le Diporo sa Aforika Borwa (PRASA)
Cabinete e atlenegisitse go tlhatlhamololwa ga Boto ya Nakwana ya PRASA le go tsenya setheo ka fa tlase ga botsamaisi.
10.1. Aforika borwa e tlhoka diferwana tsa seporo tse di tshepegang, tsa tlhotlhwa e e kwa tlase le go relela sentle tseo di dirang jaaka mokwatla wa dipalangwa tsa botlhe mo go gokaganyeng mefuta e e farologaneng ya dipalangwa. Dipoelo tsa sesweng tsa Moruni Kakaretso tsa 2018/19 di begile go palelwa go go masisi ga taolo kwa PRASA, tlhokego ya tsamaiso e e nonofileng ya botsamaisi jwa ditshelete go go bakileng PRASA go bona Boitatolo jwa Dipoelo tsa Kuno.
10.2. Ka ntlha ya seno, Kabinete e atlenegisitse go thapiwa ga Motsamaisi, Rre Bongisizwe Mpondo, go tsamaisa merero ya setheo lobaka la dikgwedi di le 12. Tsereganyo eno e tla nna le seabe mo go busetseng tiragatso e e nonofileng ya PRASA.
11. Phudugelo go Phasalatso ya Dijithale
11.1. Kabinete e begetswe ka boripana ka ga maemo a lenaneo la Phudugelo go Phasalatso ya Dijithale mabapi le bobeelo jwa dekhoutara, phasalatso le botsamaisi jwa tsenyo.
11.2. Go etswe tlhoko gore letlhomeso la go tsenngwa ga di dikhoutara tse di beilweng kwa matlomadirelo a Kantoro ya Poso ya Aforika Borwa. Kabinete e atlenegisitse gore go ditsenngo tsa di dikhoutara tse di setseng, batsenyi ba tla thapiwa kwa maemong a mmasepala wa selegae. Mmotlele ono wa thebolo e e baakantsweng e ikaeletse go itlhaganedisa tsamaiso e e isang go phudugo go tswa go analoko go ya go dijithale le go gololwa ga Lekhubu le le Tlhokegang Thata.
11.3. Kabinete e atlenegisitse go thapiwa ga Rre Newyear Niniva Ntuli jaaka Motsamaisi le Bothati jwa Taolo jwa Setheo sa Phitlhelelo le Tirelo tsa Botlhe sa Aforika Borwa go dikgwedi di le 24.
12. Pegelo e e ka ga Tshekatsheko ya Matlafatso ya Basadi le Tekatekano ya Bong mo Dingwageng di le 25 mo Aforika Borwa: 1994-2019
12.1. Kabinete e neseditse pula pegelo, eo e tla dirang jaaka Pegelo Morago ya Naga go Maikano a Beijing le Seralo sa Tiragatso (Beijing+25) ya Ditšhaba Kopano (UN). Khomišene ya UN ka ga Boemo jwa Basadi e beetswe go keteka dingwaga di le 25 tsa Maikano a Beijing le Seralo sa Tiragatso ka di 25 Mopitlwe 2020. Aforika Borwa ke mongwe wa basaini ba Maikano a Beijing.
12.2. Pegelo e tlhagisa tswelopele mo dikgaolong di le mmalwa go lebeletswe matlafatso ya basadi le maiteko a go fokotsa sekgala sa go sa lekalekaneng ga bong. Le fa le netefatsa gore Aforika Borwa e na le molao o o mekanang le bong ka botlalo le ditsenogare tsa pholisi go bakaanya kgethololo ya bong, dikgwetlho tsa go fetola go sa lekalekaneng ga bong le go arabela dikgwetlho tsa histetori tsa go sa lekalekaneng ga bong le go samagana le maitsholo a banna a a tsweletseng a go nyenyefatsa basadinle mmabudu o o tsamaelanang le maitsholo ao.
13. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) le Leanotogamaano la Bosetšhaba la Dipolao tsa Basadi (NSP) (2020-2030)
13.1. Kabinete e tsopoletswe ka ga NSP 2020-2030, eo e tlamelang ka letlhomeso la pholisi ya togamaano e e golaganeng mo makaleng a mantsi a a farologaneng le letlhomeso la lenaane go netefatsa gore puso e nna le tsibogelo e e golaganeng mo mererong ya bosetšhaba le ya naga ka kakaretso. Kabinete e atlenegisitse gore mananeo otlhe a a neilweng matlole a leano a tshwanetse go tsenngwatirisong ke mafapha a a farologaneng a a amegileng.
13.2. Kabinete, le fa go le jalo, e kaetse gore go dirwe tiro e nngwe gape go dirwa ka go fetola thulaganyo e e tshitsintsweng ya kgokagano ya setheo ya tiro eno.Ditona tse di latelang di laetswe go tswelela go dira mo ntlheng eno: Tona ya Tlhabololo ya Loago Lindiwe Zulu; Tona ya Bosiamisi le Tirelo tsa Kgopololo Ronald Lamola; Tona ya Sepodisi Bheki Cele; Tona ya Basadi, Bašwa le Digole Maite Nkoana-Mashabane. Tona Nkoana-Mashabane o tla bitsa kopano le setlhopha seno.
14. Dikatlenegiso go Phanele ya Kgakololo go Moporesidente ka ga Phetolo ya Lefatshe le Temothuto
14.1. Ka di 24 Phukwi 2019, Kabinete e amogetse Pegelo ya Phanele ya Kgakololo go Moporesidente ka ga Phetolo ya Lefatshe le Temothuo e eteletswe pele ke Ng Vuyokazi Mahlati, eo e dirileng dikatlenegiso di le 73. Ka Komiti ya Ditona ka ga Phetolo ya Lefatshe e e eteletsweng pele ke Motlatsa Moporesidente Mabuza, mafapha otlhe a a amegang a kopilwe go ithuta dikatlenegiso tse di amanang le dipotifolio tsa bona tse di farologaneng le go araba ka tolamo.
14.2. Kabinete e sale ya letla le go tshegetsa dikatlenegiso di le 60 tsa tsone. Di le robongwe ke tsone fela tseo di sa atlenegisiwang mme di le tharo di ne tsa elwa tlhoko. Mafapha a a farologaneng a tla neelana ka tsopolelo e e feletseng ka ga dikgaolo tse di e tsweng tlhoko le tse di sa atlenegisiwang.
15. Porojeke ya go Tokafatsa Gauteng Freeway (GFIP)
15.1. Kabinete e etse tlhoko pegelo ka ga GFIP (e-tolls) ya Setlhopha sa Tiro se se neng se eteletswe pele ke Tona ya Dipalangwa Fikile Mbalula. Tshwetso ya bofelo ka ga dikatlenegiso tsa Setlhopha sa tiro jaaka se le ka teng mo pegelong se tla dirwa mo Ngageng o Montshwa.
16. Pholisi ya Kabo ya Lefatshe le Tlhopho ya Moamogeladitshwanelo
16.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga pholisi gore setšhaba se dire ditshwaelo. Pholisi e tlamela ka tsamaiso e e tshepegang le go sa nne bofitlha tebang le kabo ya lefatshe le tlhopho ya moamogeladitshwanelo.
16.2. Bogolosegolo, e mekana le go sa lekalekaneng ga bong mo kabong ya lefatshe le phitlhelelo, le go tlhoka mekgwa go kgontsha baagi ba ba humanegileng le ba metse go fitlhelela lefatshe mo kgetseng ya matlhotlhapelo a a baiklweng ke tlholego le maemo a mangwe a tshoganyetso.
C. Melaotlhomo
17. Kabinete e atlenegisitse phasalatso ya Molatlhomo wa Ditirelo tsa Tshegetso ya Batswasetlhabelo ya 2019 gore setšhaba se dire ditshwaelo. Molaotlhomo o neelana ka tebo ya tsenogare e e lomagantsweng ya mefuta e e farologaneng go isa kwa ditlhokong tsa batswasetlhabelo ba bosenyi le tirisodikgoka. Ka Molaotlhomo ono ditiro le ditirelo ka mafapha a a farologaneng a Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Pabalesego le Setlhopha sa Loago di tla gokaganngwa botoka jaaka karolo ya lephata le lengwe le le nang le boleng. Kabinete e atlenegisitse gape le Pholisi ya Ditirelo tsa Tshegetso ya Batswasetlhabelo ya 2019.
18. Kabinete e atlenegisitse Molaotlhomo wa Badiri ba Ditirelo tsa Loago wa 2019 go tsenngwa mo kaseteng go bona ditshwaelo tsa setšhaba. Molaotlhomo o tla atolosa go laolwa ga badiredi ba tirelo tsa loago ka go amogela gore go na le baporofešinale le ba tlaleletso ka bobedi mo gare ga ditiro tsa tirelo ya loago. Molaotlhomo fa fela o sena go nna molao, o tla fedisa Molao wa Tirelo tsa Loago tsa Seporofešinale, 1978 (Molao 110 wa 1978). Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla mo nakong e e tlang la tlhatlhamolola melaotlhomo e e tshitsintsweng.
19. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo wa go Amoga Lefatshe wa 2019 go bona ditshwaelo tsa setšhaba. Molaotlhomo o tokafaditswe ke dikakanyo go tswa go dipuisano tse di tseneletseng le setšhaba le go tswa kwa ditlhopheng tse di farologaneng. Fa fela molao o fetisitswe, Molaotlhomo o tla neelana ka ditsamaiso tse di tshwanang fa go diragatswa go amoga ya lefatshe. E neelana ka letlhomeso la molao go mafapha a puso le maphata a mangwe a puso mo maphateng a mararo go dirisa ditsamaiso tse di tshwanang tsa lefatshe le mafaratlhatlha a go amoga ya lefatshe.
20. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga kakangwa ya Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Didiriswa tsa Intaseteri ya Petoroliamo go bona ditshwaelo tsa setšhaba. Molaotlhomo o tla tlhama tikologo eo e tla tsweletsang peeletso go lephata la intaseteri ya petoroliamo. E neelana ka kaedi ka ga ditiro tsa go epa le tsa tlhagiso tseo di tla nnang le seabe go kgolo ya ikonomi le phetogo. Molaotlhomo gape ka go farologana o neelana ka taolo ya didiriswa tsa petoroliamo. E tlhoma Setheo sa Petoroliamo sa Aforika Borwa, seo se tla dirang dikatlenegiso go Tona ya Didiriswa tsa Diminerale le Matla.
21. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga Phetolo ya Molaotlhomo wa Ditiro le Dithata tsa Matlole a Mmasepala Bill go bona tshwaelo ya setšhaba. Molaotlhomo o tla fetola Molao wa Ditiro le Dithata tsa Matlole a Mmasepala, 2007 (Molao 12 wa 2007). E laola dithata tsa mmasepala go tlhabololo ya dituelo tsa lekgetho go lebeletswe dikopo tsa tlhabololo ya lefatshe tse di rometsweng go mmasepala.
Dituelo tsa tlhabololo ke nngwe ya didiriswa tsa bommasepala di ka e dirisang go nna le matlotlo a go tlhabolola mafaratlhatlha a mmasepala Seno se kgontsha bommasepala go dira karolo ya go neelana ka ditirelo tse di tlhokometsweng sentle ebile di dira go golola kgolo ya ikonomi.
22. Kabinete e atlenegisitse go romelwa go Palamente Phetolo ya Molaotlhomo wa Porofešene ya go Runa. Molaotlhomo o batla go fetola Molao wa Porofešene ya go Runa, 2005 (Molao 26 wa 2005). Molaotlhomo o tshitsinya gore Boto ya Taolo e e Ikemetseng ya Baruni e matlafadiwe go pateletsa ka molao motho mongwe le mongwe yo o nang le tshedimosetso e e tlhokegang go feleletsa patlisiso ka ga maitsholo a a sa siamang a baruni. Diphetolo gape di tla matlafatsa Tona ya Matlotlo go swetsa bogolo jwa madi ao a ka duedisiwang moruni yo o bonweng molato morago ga ditheetso kgalemo.
D. Ditiragalo tse di Tlang
23. Piletso go tsenela dikopo tsa Dikabo tsa Bobegakgang go Dinaga Tlhabololo tsa Aforika Borweng (SADC)
23.1. Bobegakgang jwa Aforika Borwa bo lalediwa go romela dikopo tebang le dikgaisano tsa Dikabo tsa Bobekgang tsa SADC tsa 2020 pele ga 28 Tlhakole 2020. Babegadikgang bao ba eletsang go tsenela kgaisano ba ka fitlhelela tshedimosetso go ya pele go tswa go www.sadc.int and www.gcis.gov.za.
E. Melaetsa
24. Dikakgolo
Kabinete e romela dikakgolo go:
24.1. Miss South Africa Zozibini Tunzi tebang le go rwala korone ya Miss Universe 2019 kwa Atlanta, USA.
24.2. Restaurant Mosaic tebang le go tlhophiwa go nna lefelo la dijo la maemo a a kwa godimo mo Afroika Borwa kwa Dikabong tsa Lefelo la Dijo la Lefatshe la La Liste kwa Paris, France.
24.3. Mapodisa a mantšhwa a le 4 971 bao ba alogileng ka Labotlhano, 13 Sedimonthole 2019 go tswa kwa dikholetšheng tsa sepodisi. Mapodisa a mantšhwa a a sa tswang go aloga a tla bo a ikamanya le SAPS go tokafatsa pabalesego ya baagi.
24.4. Tonakgolo Boris Johnson wa United Kingdom (UK) le mokgatlho wa gagwe wa Conservative Party ka go fenya Ditlhopho Kakaretso tsa 2019 le go itumelela go tswelela go matlafatsa dikamano magareng ga dinaga tse pedi ka nako ya keteledipele ya gagwe.
24.5. Amajita (Setlhopha sa kgwele ya dinao sa bosetšhaba sa ba ba kwa tlase ga dingwaga di le -20) tebang le go fenya motshameko kgatlhanong le Zambia le go fitlhelela maemo a bobedi kwa Sekgeleng sa COSAFA sa U20.
F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1. Khansele ya Tlhabololo ya Didiriswa tsa Botho ya Aforika Borwa:
a. Moatef Richard Sizani (Khomisene ya Tirelo tsa Setšhaba);
b. Moh Phindile Mkwanazi (Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso);
c. Moh Riefdah Ajam (Federation of Unions of South Africa);
d. Rre Narius Moloto (National Council of Trade Unions);
e. Rre Bheki Ntshalintshali (Congress of South Africa Trade Unions);
f. Ng Octavia Mkhabela (O lebogile tiro);
g. Ng Chris Nhlapo (Cape Peninsula University of Technology);
h. Ng Dudu Mkhize (South African Youth into Engineering);
i. Rre Sanele Mlotshwa (Mokgatlho wa Bagokgo ba Kholetšhe tsa Aforika Borwa);
j. Rre Thulani Dlamini (Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri);
k. Ng Glenda Kruss (Lekgotla la Patlisiso ya Disaense tsa Setho);
l. Rre Joe Samuels (Bothati jwa Dithebolo tsa Makwalothuto a Aforika Borwa);
m. Rre Bruno Peter Nkosi Druchen (Fetereisene ya Disusu ya Aforika Borwa);
n. Rre Sifiso John Mtsweni (Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa);
o. Ng Jeremia Gule (Setheo sa Batho sa Tsamaiso);
p. Moh Busisiwe Mavuso (Keteledipele ya Kgwebo mo Aforika Borwa);
q. Rre Mustak Ally (Lekgotla la Aforika Borwa la Diminerale);
r. Rre Dumisani Mphafa (Lekgotla la Kgwebo ya Bathobantsho);
s. Moporof Sibongile Muthwa (Diyunibesithi tsa Aforika Borwa);
t. Moh Sesi Nombulelo Nxesi (Lephata la Foramo ya Thuto le Katiso);
u. Ng Randall Carolissen (Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti);
v. Moh Yvonne Pelle (Tsweletso ya Lephata la Thuto le Katiso);
w. Rre Christo van der Rheede (AgriSA);
x. Rre Michael Peter (Dikgwa tsa Aforika Borwa);
y. Moh Sithembiso Dlamini (Bojanala jwa Aforika Borwa); le
z. Rre Gerhard Hattingh (Manufacturing Enterprise Solution Association).
2. Boto ya Letlole la Dikotsi tsa mo Mebileng.
3. Moh Nompumelelo (Mpumi) Mpofu jaaka Mokaeditsamaiso wa Dikhamphani tsa Boemelafofo tsa Aforika Borwa.
Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139