Skip to main content
x

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Barutwana ba Materiki ba Ngwaga wa 2020


1.1.    Kabinete e akgola Barutwana ba Materiki ba Ngwaga wa 2020 ba ba itshokileng le fa go ne go le boima mme ba dira bontle mo dipholong tsa bona tsa materiki. Ditlhatlhobo tsa ngwaga wa 2020 tseo di neng di kwalwa ke batithuti ba ba ntsinyana fa ba bapisiwa le ba mo ngwageng wa 2019, di tlhagisitse palo e ntsinyana ya barutwana ba materiki ba ba falotseng ka dipholo tse di ba letlang go ka ithutela tekerii kwa diyunibesiti. 

1.2.    Kabinete e eletsa barutwana botlhe masego jaaka mo ngwageng ono ba tla bo ba tsena mo dithutong tsa bona tsa kwa dikholejeng le kwa diyunibesiting. Le fa barutwana ba rotloediwa go ya yunibesiti, ba rotloediwa gape le gore ba itekelele gape le ka fa dithutong tse di katisang bokgoni jwa ditiro tsa diatla tse di leng teng mo dikholejeng tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegeniki (di-TVET), jaaka e le karolo ya go gagamatsa bokgoni jwa Aforika Borwa jwa setegeniki jo bo tlhokagalang thata mo ikonoming ya rona. Barutwana ba ba sa kgonang go ka iponela dipholo tse di ba kgontshang go ka ya kwa dikholejeng tsa TVET kgotsa kwa yunibesiti ba rotloediwa go ikwadisetsa Letsholo le le ba Neelang Tšhono e Nngwe Gape ya go ka Konosetsa Dithuto tsa Materiki (SCMP)

1.3.    Kabinete gape e akgotse le batlhankedi botlhe mmogo le botsamaisi jwa Lefapha la Thuto ya Motheo ba, mo godimo ga go samagana le namane e tona ya tiro ya go netefatsa gore kwa dikolong go na le pabalesego ya boitekanelo mo ngwageng wa 2020 gore ba babalele matshelo a barutabana le barutwana mo leroborobong la mogare wa corona (COVID-19), ba dirileng ka natla gore ba tsweletse dipholo tsa materiki tse di kgatlhisang. 

1.4.    Kabinete e rata go ka leboga barutabana botlhe, balaodi botlhe ba dikolo, batlhankedi mo lephateng la thuto ya motheo, mekgatlho ya badiri ya barutabana, mekgatlho ya barutwana, barutwana ka bobona mmogo le batsadi ka go dira ka natla le ka go tshwatagana mo go netefatseng gore re fitlhelela dipoelo tseo re ka kgonang go ikgantsha ka tsona le fa ngwaga wa 2020 o ne o le bokete. 

1.5.    Kabinete e itumeletse gore ngwaga wa dithuto wa 2021 o simolotse semmuso mme e na le tshepo ya gore dikgato tse di leng mo tirisong ga jaana di lekanetse go dira tikologo e e babalesegileng go ka rutela le go ithutela mo go yona. Motho mongwe le mongwe o na le maikarabelo a go ntsha matlho dinameng mme a ikobele ditaolelo tsa boitekanelo le tsa pabalesego, tseo maitlhomo a tsona e leng go disa pabalesego ya barutabana, badiredi ba dikolo mmogo le barutwana. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa barutwana ba rona gore ba kgone go dira bontle mo dithutong tsa bona.

2.    Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA)

2.1.    Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi SoNA ya 2021 ya ga Motlotlegi, Moporesitente Matamela Cyril Ramaphosa, e a neelaneng ka yona mo Kopanotshwaraganelong ya Dintlo tse Pedi tsa Palamente - e leng ya Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA) le ya Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) – kwa Motse Kapa ka Labone, 11 Tlhakole 2021.

2.2.    Puo eno ya SoNA mmogo le Tsibogelo ya Dipotso tsa Ngangisano ka ga SoNA di re riboletse ka fao Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi (ERRP) le ntseng le tla ka teng mmogo le go re supetsa leano leo maano a puso a diragadiwang ka teng gore a nne le seabe. Kabinete e ikemiseditse go diragatsa maikano otlhe a a dirilweng ke Moporesitente mo puong eno. 

2.3.    Le fa e amogela gore go na le dikgwetlho tse re tobaneng le tsona tsa tlhabololo ya ikonomi le ya loago, Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore dikgwetlho tseno di tla rarabololwa ka go diragatsa ERRP mmogo le Lenaanetiro la Puso (PoA), mo go tla tsepamisiwa mogopolo mo kgolong e e akaretsang botlhe mmogo le mo Ponelopeleng ya 2030 jaaka e tlhalositswe mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

2.4.    Le fa re nnile le matsapa a a tlisitsweng ke leroborobo la COVID-19 le le re aparetseng mo ngwageng wa 2020, PoA e santse e tsamaya ka tolamo le fa e e tsamaya ka iketlo. Ka Laboraro, 24 Tlhakole 2021, Tona ya Matlole Tito Mboweni o rebotse tekanyetsokabo e e tla dirisiwang mo maanong a monongwaga.

3.    Pegelo ya Ditshekatsheko tsa NDP

3.1.    Kabinete e sekegetse tsebe pegelo e e ka ga ditshekatsheko tsa NDP mme e sweditse go dira kgatelopele mo go nneng le seabe ga puso mo go diragatseng Ponelopele ya 2030. Komiti ya Togamaano a Naga (NPC) e tla rebola Pegelo ya Ditshekatsheko tsa NDP.

4.    Tlhagiso ya Moento wa ka fa Nageng

4.1.    Kabinete e leboga matsapa le kgatelopele tse di dirilweng ke borasaense ba rona, babatlisisi le baitseanape ba melemo ka letsholo le ba itshimoletseng lona la naga la go itirela moento wa ka fa nageng go lwantshana le leroborobo la ga jaana le a mangwe a a ka nnang teng mo isagong. Borasaebse ba rona, babatlisisi le baitseanape ba melemo ba ntse ba di goga kwa pele mo go lwantshanneng le leroborobo leno la COVID-19 mme e bile ba etile pele letsholo la go disa phetogo ya mogare wa COVID-19, e leng seo se dirileng gore go fitlhelwe mogare wa 501Y.V2. Mo ntlheng eno, Kabinete e rata go ka akgola borasaense botlhe ba Aforika Borwa mmogo le babatlisisi ba yona ba ba kgonneng go ka itirela mogare ono ka bobona ka maitlhomo a go gagamatsa dipatlisiso tsa go alafa leroborobo leno la COVID-19. 

4.2.    Kabinete e dumela gore thulaganyo ya naga ya saense le boitshimololedi ke motswedi yo o botlhokwa thata yo o tshwanetseng go tlhokomelwa le go tlhabololwa. 

4.3.    Ntle le dipatlisiso tsa COVID-19, borasaense le baitshimololedi ba naga ya Aforika Borwa ba ba tlotliwang, o lefatsheng ka bophara ba tlhagisitse thekenoloji e e dirang sentle e e jaaka leisara ya ntlha ya dijithale mo lefatsheng mmogo le sekenara se se sekenang mmele otlhe sa x-ray sa Lodox. 

5.    Letsholo la go Tlhaba Moento wa COVID-19 

5.1.    Kabinete e leboga go thankgololwa ga letsholo la naga la go tlhaba moento wa COVID-19, mme meento ya ntlha ya moento wa Johnson & Johnson e tlhabiwa badiredi ba tlhokomelo ya boitekanelo (di-HCW) mo maokelong a maphata ka bobedi a puso le a poraefete. 

5.2.    Fa e sale leroborobo leno la COVID-19 le re aparela, di-HCW tsa rona ke tsona di ntseng di sireletsa baagi ba naga ya rona. Ba ne ba thulana le mogare ono ka ditlhogo mmogo le go kakatlela mo ditsuatsueng tsa mogare ono o o sa sweng lentswe. Go se inaganele ba le esi ga bona go pholositse matshelo a batho ba le bantsi mme e bile naga ya rona e ba leboga go menagane. 

5.3.    Go entiwa ga bona go tla thusa go babalela matshelo a bona mo ditshwaetsong mme kwa bofelong seno se tla dira gore naga ya rona e boele mo maemong a re a tlwaetseng. Kabinete e itumedisitswe ke gore dimilione tsa meento e mengwe e e rekilweng mo ditlamong di le dintsinyana e tla goroga ka dinako tse di farologaneng mo nageng mo dikgweding tse di tlang, go simolola ka Mopitlwe 2021.

5.4.    Fa go setse go feditswe ka Kgato ya ntlha ya go enta di-HCW, Kgato ya bobedi e tla samagana le letsholo la go enta batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e tseneletseng, le mo go lona go nang le batho ba ba nang di dingwaga di feta di le 60, batho ba ba nang le malwetse a a iphitlhileng mmogo le batho ba ba nnang mo mafelong a a jaaka a tlhokomelo ya bagodi le a dihosetele. 

5.5.    Baagi ba gakololwa gore letsholo leno la go tlhaba moento ga ba le duelele e bile ga ba gapelediwe go go tlhabiwa moento, mme e bile ke kgato e e botlhokwa thata ya go ipabalela mo mogareng, mmogo le dikgato tsa go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo tsa go ikgatolosa go nna mo go kitlaneng batho, go apara maseke fa o le fa gare ga batho, go bolaya megare mo diatleng ka go di tlhapa ka metsi a sesepa kgotsa go di tlotsa ka sebolayamegare se se nang le 70% ya alekholole mmogo le go katogana le batho ba bangwe ka sekgala sa dimitara di le pedi le halofo. Dikgato tseno di botlhokwa thata mo itekanelong ya naga ya rona. 

6.    Dipatlisiso tsa Dipalopalo tsa Badiri tsa Kgweditharo ya Bone (QLFS) 

6.1.    QLFS ya kotara ya bone e e rebotsweng ke ba Dipatlisiso tsa Dipalopalo tsa Aforika Borwa (StatsSA) ka Labobedi, 23 Tlhakole 2021 di tswelela go re gopotsa ka dikgwetlho tse naga ya rona e tobaneng le tsona tsa botlhokatiro. Kabinete le gale e rotloediwa ke tsotlhe tse dintle tseo ikonomi ya rona e tswelelang go di dira le fa re re tobane le matlhotlhapelo a ikonomi.

6.2.    Go ya ka dipalopalo tsa sešweng jaana ditiro di tlhatlogile ka diphatlhatiro ditiro di le 333 000, mo puso e thapileng batho ka bontsi (ka ditiro di le 189 000) mo Kgweditharong ya Boraro le ya Bone mo ngwageng wa 2020. Mo godimo ga seno, go nnile le phokotsego mo dipalong tsa baagi ba ba senang seabe mo ikonoming ka palo e le kanaka 890 000 mo Kgweditharong ya Bone fa e bapisiwa le ba no Kgweditharong ya Boraro ka 2020.

6.3.    Kabinete e tshwenngwa ke lebelo leo ikonomi ya rona e tlholang ditiro ka lona ka le tswelela go goga maoto fa le bapisiwa le leo naga ya rona a latlhegelwang ke ditiro ka lona ka ditiro di le 701 000 magareng ga Kgweditharo ya Boraro le Kgweditharo ya Bone. Le fa tota Kgweditharo ya Bone e nnile le koketsego mo dipalong tsa botlhokatiro, koketsego ya 1, 7% e santse e le kwa tlase go gaisa ya Kgweditharo ya Boraro e mo go yona botlhokatiro bo oketsegileng ka 9%.

6.4.    Go utlwisa botlhoko gore bašwa ke bona ka bontsi ba ba leng mo palong eno ya batho ba ba tlhokang ditiro. Bana ba mmala wa sebilo le makhalate ba mo Aforika Borwa mmogo le basadi e santse e le bona ba ba santseng ba le mo maemong ano a a tlhobaetsang mo ikonoming ya naga, mme seno se gagamatsa dikgato tsa puso tsa go sala morago dikgato tsa go tshegetsa le go bulela ditšhono tsa gore bašwa, basadi le bana ba mmala wa sebilo ba nne le seabe se se utlwagalang mo ikonoming ya naga. Seno se tsamaisana le maikano a mašwa a go fetola batsholateu mo ikonoming a a dirilweng ke Moporesitente mo go SoNA ya 2021.

7.    Tekanyetsokabo ya Naga ya 2021

7.1.    Go tlhagisiwa ga Tekanyetsokabo ya Naga ya 2021 ke karolo ya botlhokwa ya Aforika Borwa mo thulaganyong ya temokerasi ya Aforika Borwa e e senang lehunelo e bile e na le maikarabelo. Go latela SoNA ya ga Moporesitente Ramaphosa, Tekanyetsokabo ya Naga ya 2021 e tlhagisa maano a matlole a puso le ka fao a tla tshegetsang tiragatso ya PoA ya naga jaaka SoNA e tlhalositse. 

7.2.    Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi Tekanyetsokabo ya Naga ya 2021 jaaka karolo ya botlhokwa e re nang le yona mo go samaganeng le phokotso ya dikoloto fa mo letlhakoteng le lengwe re tlamela ka matlole matsholo a a botlhokwa a puso a a jaaka a go reka meento ya COVID-19, go tshegetsa ba ba leng mo tlalelong go gaisa ka fa nageng ya rona ka matsholo a a mosola a go rola boima jo bo jarilweng ke baafi mmogo le go diragatsa ERRP gore re kgone go tsosolosa ikonomi, re tshegetse go tlhodiwa ga ditiro le go ngokela dipeeletso, le fa re le ka fa tlase ga maemo a a boima a ikonomi.

8.    Bogodu jwa Megala ya Motlakase ya Koporo

8.1.    Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Kapa Bophirima e e atlholetseng batho ba le batlhano ba ba amegang mo bogodung jwa go utswa megala ya motlakase ya koporo dingwaga tse di tlhakantshitsweng tsotlhe di le sekete le kotara kwa kgolegelong. Re akgola ditheo tsa go disa kobamelomolao ka di kgonne go golega le go tšhotšhisa ka katlego batho bao ba amegang mo bogodung jwa megala ya motlakase ya koporo. 

8.2.    Kabinete e na le tshepo ya gore dikgato tsa sešweng tsa go golega le go latlhela kwa kgolegelong bao ba dirang ditiro tseno tsa go senyetsa ikonomi le tsa bosenyi ba tla di gama ba sa ditlhapela. Re ikuela mo baaging go begela ditheo tsa go disa kobamelomolao fa go na le ditiragalo tsa bosenyi.
 
9.    Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)


9.1.    Kabinete e amogetse go golegwa ga monna yo a tlhasetseng setlhogo mmegadikgang wa Lesedi FM, Mme Dimakatso Ratselane.

9.2.    Kabinete e amogetse gape le katlholo ya mmolai wa Tshegofatso Pule yo a neng a le mo mmeleng mmogo le mokapelo wa gagwe yo e neng e le ene rre wa leseanyana le le neng le ise le belegwe, e bong Nthuthuko Shoba, yo a tshwerweng ka ditatofatso tsa gore ke ene yo a logileng leano la polao eno. 

9.3    Kabinete e ikuela mo thulaganyong ya tsamaiso ya bosiamisi gore e netefatse gore e dtswela mosola batho ba ba jaaka Mme Ratselane, Mme Pule yo a tlhokafetseng. mmogo le batswasetlhabelo ba bangwe botlhe ba GBVF. Gore re kgone go fedisa tirisodikgoka mo basading le mo baneng, re tlhoka gore rona rotlhe re tsaya dikgato tsa go fedisa leroborobo leno.

10.    Dikabo tsa Bobegakgang tsa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC)

10.1.    Kabinete e ikuetse mo bobegakgang jotlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa go romela maina a bona mo go tseneleng dikgaisano tsa Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC. Babegakgang ba ba nang le kgatlhegelo ya seno ba ka bona tshedimosetso ka botlalo ka ga dikgaisano tseno mo go www.sadc.int(link is external) le mo go www.gcis.gov.za.

10.2.    Dikabo tseno di susumetsa tshwaragano le tirisanommogo mo tikologong ka go rotloetsa bobegakgang jwa dinaga tse e leng karolo ya SADC go bega dikgang tse di mabapi le maemo a tikologo eno.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga


1.1.    Kabinete e neseditse pula tshweetso ya go tsenya tirisong dithulaganyo tsa Maemo a Masetlapelo a Naga go latela ditshenyegelo tse di tlhodilweng ke ditsuatsue tsa Eloise le dipula tsa selemo tse di gogotseng mafaratlhatlha le magae mo diporofenseng tse di farologaneng. Dithulaganyo tseno di diriwa ka go latela Karolo ya bo 27(1) ya Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002, (Molao wa bo 57 wa 2002). 

1.2.    Dithulaganyo tseno di tla thusa puso go gagamatsa dikgato tse di leng teng ga jaana tse di leng mo diatleng tsa ditheo tse di farologaneng tsa puso go samagana le seabe seo masetlapelo a naga a nang le sona.

2.    Pegelo ya Khomišene ya Ditshekatsheko tsa Megolo ya Moporesitente (PRRC) 

2.1    Kabinete e amogetse le go nesetsa pula pegelo ya PRRC. PRRC e thapetswe gore e dire dipatlisiso mo megolong le mo maemong a ditiro mo Tirelopusong le mo ditheong tsa puso tsa naga le tsa diporofense jaaka di tlhagelela mo go Karolo A le Karolo C, mo Lenaneothulaganyong la 3 la Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA) wa ngwaga wa 1999, (Molao wa bo 1 wa 1999). 

2.2    Makala a a botlhokwa a a tlhagelelang mo pegelong eno ke la barutabana, la boitekanelo, lekala la pabalesego le ditheo tsa puso (Lenaneothulaganyo la 3A le la 3B la PFMA ya 1999. Pegelo eno e tla phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapha la Tirelopuso le Tsamaiso ya (www.dpsa.gov.za). 

3.    Pegelo ya Naga ya Aforika Borwa ya Dinagakopano (UN) Mabapi le Dikgato tsa go Fedisa Mefuta Yotlhe ya Ditiraragalo tsa go Tlhaolana go ya ka Lotso. 

3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa pegelo ya naga ya Aforika Borwa ya go simolola ka paka ya borobongwe go fitlha ka paka ya bo 11 kwa Kopanokgothakgotheng ya Boditšhabatšhaba ya UN e maitlhomo a yona e leng go tsaya Dikgato tsa go Fedisa Mefuta Yotlhe ya Ditiraragalo tsa go Tlhaolana go ya ka Lotso (ICERD). Aforika Borwa e saenile ICERD ka ngwaga wa 1994 mme ya e utlwanela semmuso ka la bo 10 Sedimonthole 1998.

3.2.    Pegelo eno e tlhagisa kgatelopele e e dirilweng ke Aforika Borwa mo go tlhomeng melao, dikgotlatshekelo le tsamaiso ya puso go fedisa mefuta yotlhe ya ditiraragalo tsa go tlhaolana go ya ka lotso. 

3.3.    Pegelo eno e e buang ka dipaka e tsepamisa mogopolo mo kgatelopeleng e e dirilweng mo go godiseng tekatekano, go lwantshana le ditlhaselo tsa bosemorafe le ditiragalo tse dingwe tse di supang go se itshokelane, dikgato tsa go thibela ditlhaselo tse di tlhodiwang ke letlhoo, mmogo le go nopola dikgwetlho tse di santseng di le teng. Morago ga gore pegelo eno e tlhagisediwe setheo se se maleba, e tla phasaladiwa mo phasalatseng.
 
4.    Tumelano ya Kopanokgothakgothe ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Kgatelelo le Kotlhao ya Ditlolomolao tsa Tlhaolele 


4.1.    Kabinete e neseditse pula go tlhagisiwa ga Tumelano ya Kopanokgothakgothe ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Kgatelelo le Kotlhao ya Ditlolomolao tsa Tlhaolele. Seno se diriwa go ya ka Karolo ya bo 231(2) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Kopanokgothakgothe eno, gareng ga tse dingwe, e tlhalosa gore tlhaolele ke tlolomoloa ya metheo ya botho mme e bile e bonwa e le tshosetso e kgolo mo dikgatong tsa boditšhabatšhaba tsa kagiso le tshireletsego. 

4.2.    Gang fa e sena go nesetswa pula ke dintlo ka bobedi tsa Palamente, Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba le tla tsenya sedirisiwa seno kwa UN. 

5.    Go Fetolwa ga Tumelano Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya Netherlands Mabapi le Megolo ya Loago 

5.1.    Kabinete e neseditse pula go fetolwa ga tumelano magareng ga puso ya Aforika Borwa le ya Naga ya Bogosi ya Netherlands mabapi le tirisanommogo mo megolong ya loago. 

5.2.    Tumelano eno e e mabapi le tirisanommogo mo megolong ya loago e sale e saeniwa kwa teropong ya Hague ka Motsheganong 2001. Tumelano eno e disa melemo ya megolo ya loago e e romelwang go thusa baaagi ba ba maleba. Pholisi ya Megolo ya Loago ya naga ya Netherland e fetotse dikarolo dingwe tsa yona tse di mabapi le megolo ya loago e e reomelwang kwa ntle ga naga go thusa bana ba morafe wa maDatšhe. Phetolo ya tumelano eno ke fela go dira gore e tsamaelane le diphetogo tseno tse di dirilweng. 

6.    Go Baakanngwa ga Khonferense ya Lefatshe ya Ditlhaeletsano tsa Seyalemowa ya 2019 (WRC-19)

6.1.    Kabinete e neseditse pula go tlisiwa kwa Palamenteng ga Kgato ya Bofelo ya WRC-19 gore e baakanngwe gore e tle e tsamaisane le Karolo ya bo 231(2) ya Molaotheo. WRC-19 e tlhodilwe ke khonferense ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) e e tshwarwang ngwaga o mongwe le o mongwe go tšhotlha dikgang tse dintsi tse di farologaneng tse, gare ga tse dingwe, e leng tse di mabapi le go sekaseka le go kwala sešwa ga melawanataolo ya seyalemowa. Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di saenileng mo mokgatlhong ono wa ITU. Gang fa Palamente e setse e saenile Kgato ya Bofelo ya WRC-19, Aforika Borwa e tla baakanya ka tshwanelo Leano la Naga la Marang a Kgaso a Seyalemowa.

7.    Sekwalwa sa Masupatsela se se Kwalolotsweng Sešwa se se ka ga Pholisi ya Dipalangwa tsa Naga 

7.1.    Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela se se Kwalolotsweng Sešwa se se ka ga Pholisi ya Dipalangwa tsa Naga. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa pholisi eno di samagana le dikgwetlho tse di tlhageletseng mo tsamaong ya dingwaga tse di fetileng mo maphateng a dijanaga, diterene, dikepe le difofane. E lepalepanya ka kakaretso maemo a naga eno le a dinaga tsa boditšhabatšhaba, dinaga tsa mo kgaolong ya rona mmogo le dinaga tsa mo kontinenteng. 

7.2.    Pholisi eno e fetile mo matsogong a le mantsi a bannaleseabe ba ba maleba go e sekaseka. Gang fa e sena go phasaladiwa mo kaseteng, tokomane eno e tla fitlhelwa mo webesaeteng ya Lefapha la Dipalangwa ya (www.transport.gov.za). 

C.    Melaotlhomo

1.    Molaotlhomo wa Kgotlatshekelo ya Dingongorego tsa Mafatshe
 

1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Kgotlatshekelo ya Dingongorego tsa Mafatshe go tla go sekasekwa. Molaotlhomo ono o tlhoma Kgotlatshekelo ya Dingongorego tsa Mafatshe, eo dikatlholo tsa yona, ditaolelo tsa yona le ditshwetso tsa yona di ka ganediwang ka go isiwa kwa Kgotlatshekelo e e tshitshintsweng ya go Dira Boikuelo mo Dikatlholong tsa Dingongorego tsa Mafatshe. 

1.2.    Molaotlhomo ono o rarabolola dikgwetlho tse re kopaneng le tsona mo Molaong wa Pusetso ya Ditshwanelo tsa go Nna Mong wa Naga wa ngwaga wa 1994 (Molao wa bo 22 wa 1994) tse di jaaka ditopotuelo tsa mafatshe tse di saletseng morago mmogo le go rarabolola matsapa a a tlhagelelang mo ntlheng eno. Kgotlatshekelo eno e tla nna botlhokwa gape le fa go tshwanetswe gore go tsewe dikgato tsa Matsholo a go Fetola Beng ba Mafatshe.

2.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Digase wa 2020

2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Digase wa 2020. Molaotlhomo o o tshitshingwang ono maitlhomo a ona ke go lepanya intaseteri ya digase le, gareng ga tse dingwe, thekenoloji e ntšhwa ya dipalangwa ya tiriso ya digase tsa tlhago le tse di sa tlwaelegang tse go neng go sa tlhalosiwe sepe ka tsona mo Molaong wa ga jaana wa Digase wa ngwaga wa 2001, (Molao wa bo 48 wa 2001). Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno, tse go batlilweng ka botlalo maikutlo a bannaleseabe botlhe ba ba maleba, di tla nna le mosola mo dipeeletsong tse di tsweletseng tsa mafaratlhatlha go netefatsa gore naga e nna le metswako e e farologaneng ya motlakase.

2.2.    Molaotlhomo ono o tla romelwa kwa Palamenteng gape go batla maikutlo a bapalamente go netefatsa gore gang fa molaotlhomo ono o diriwa molao o be o diriwa jalo go latela maikutlo a maphata a mantsi a setšhaba. 

3.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa 2021 wa Tsholetso ya Tekatekano le Thibelo ya Tlhaolele e e Sokameng

3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa 2021 wa Tsholetso ya Tekatekano le Thibelo ya Tlhaolele e e Sokameng gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno maitlhomo a tsona ke go samagana le makoa a a leng teng mo Molaong wa Tsholetso ya Tekatekano le Thibelo ya Tlhaolele e e Sokameng wa ngwaga wa 2000, (Molao wa bo 4 wa 2000). Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tla gagamatsa bokgoni jwa molao ono mo go tsholetseng tekatekano mo maAforika Borweng otlhe, jaaka seno se tlhagelela mo Karolong ya bo 9 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

3.2.    Molaotlhomo ono o tla phasaladiwa mo kaseteng le mo webesaeteng ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo ya (www.justice.gov.za). 

4.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Banka ya Poso ya Aforika Borwa wa 2020

4.1.    Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Banka ya Poso ya Aforika Borwa wa 2020 o phasaladiwe gore baagi ba dire ditshwaelo ka one. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa ga jaana wa Ditlamo tsa Banka ya Poso ya Aforika Borwa wa ngwaga wa 2010 (Molao wa bo 9 wa 2010).

4.2.    Molaotlhomo ono o letlelela gore go nne le Setlamo sa Bodisi jwa Banka ya Poso ya Aforika Borwa go ya ka Molao wa Dibanka wa ngwaga wa 1990 (Molao wa bo 94 wa 1990). Setlamo seno se tla kgontsha baagi ba ba neng ba sena ditlogo tsa go nna le seabe mo ditirong tsa ikonomi go kgona go dira jalo ka go ba tlamela ka matlole. Se tla dira gape gore go nne le dikarolo tse di tlamelang puso ka ditirelo tsa matlole. 

D.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Seabe sa Basadi

1.1.    Kabinete e tla ikgolaganya le lefatshe fa go tla bo go ketekiwa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Seabe sa Basadi ka la bo 8 Mopitlwe 2021. Letsatsi leno le dirisediwa go lebelela kgatelopele e e dirilweng mo go fitlheleleng tekatekano ya bong mme e bile gape letsatsi leno le ketekiwa ka nako e le nngwe le leo naga ya rona e ketekang Segopotso sa bo 25 sa go amogela go busiwa ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

1.2.    Fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1994 re dirile kgatelopele e e utlwagalang mo go tsenyeng tirisong dipholisi le matsholo a maitlhomo a ona e leng go godisa ditshwanelo tsa basadi mme e bile gape re santse re eme ka le le reng re tshwanetse go netefatsa gore basadi ba matlafadiwa mo mererong ya ikonomi. 

1.3.    Mo go supeng tlotlo mo go Molwelakgaratlho wa naga ya rona e leng Mme Charlotte Maxeke mo go nneng ga gagwe le seabe a le kanosi le fa a na le ba bangwe gore re bone kgololesego le temokerasi mo nageng ya Aforika Borwa, puso e ikuetse gore ngwaga wa 2021 ke Ngwaga wa Mme Charlotte Maxeke, e leng go keteka segopotso sa bo 150 sa go belegwa ga gagwe. E ne e le molwelakgaratlho wa loago le dipolotiki yo a neng a na le sebete le botlhale jo bogolo.

2.    Kopano ya Foramo ya Ditona tsa Basadi ya Dinaga tsa India, Brazil le Aforika Borwa (IBSA)

2.1.    Aforika Borwa – e eteletswe pele ke Tona e e Samaganang le Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi mo Kantorong ya Moporesitente, e bong Mme Maite Nkoana-Mashabane – e tla nna le seabe mo Kopanong ya Foramo ya Ditona tsa Basadi ya IBSA ka la bo 16 Mopitlwe 2021. Kopano eno e botlhokwa thata mo go Aforika Borwa gonne fa Aforika Borwa e ne e santse e le Monnasetulo wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mo ngageng wa 2020, Moporesitente Ramaphosa o ne a beile kwa setlhoeng matlafatso ya basadi, boitshimololedikgwebo le twantsho ya GBVF. 

2.2.    Foramo eno, e e saleng e tlhomiwa ka ngwaga wa 2007, e tla tlamela Aforika Borwa ka serala sa go godisa dipholisi tsa yona mmogo le dintlha tse di botlhokwa tse di amang basadi. 

2.3.    Kopano e e tlang eno e tla tshwarwa go ntse go samaganwe le maano a naga a go itharabologelwa mo go COVID-19. Go a itsege gore basadi ke bona ba ba jarang boima jo bo gaisang jwa ditlamorago tseno tse di sa jeseng diwelang tsa leroborobo leno. 

3.    Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho

3.1.    Moporesitente Ramaphosa o tla fana ka puo ya gagwe ya dintlha tse di botlhokwa ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio mo moketeng wa 2021 wa Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 21 Mopitlwe 2021 ka moono yo o reng: “Ngwaga wa wa go keteka ditiro tsa ga Mme Charlotte Maxeke: Re tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa batho le fa re le mo pakeng ya COVID-19”. 

3.2.    Mokete ono wa monongwaga o diragala ka nako e le nngwe le ya mekete e le mebedi e leng wa Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho mmogo le wa segopotso sa bo 25 sa go keteka go amogelwa ka fa nageng ga Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, mme e bile gape mokete ono o re naya tšhono ya go leboga ditiro tsa go tlhoka bogatlapa tseo di dirilweng ke banna le basadi ba ba neng ba tsena mo mogwantong ka la bo 21 Mopitlwe 1960 ba gwantela gore melao yotlhe ya go ebela ka dipasa e fedisiwe. 

3.3.    Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go dirisa letsatsi leno jaaka segopotso le go supa tlotlo mo go bao ba kgaratlhetseng tokologo le temokerasi. 

E.    Melaetsa

1.    Melaetsa ya go Akgola


Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego: 

  • Badiri ba difilimi ba naga ya Aforika Borwa ba ba dirileng filime e e bediwang, Address Unknown, ka ba fitlheletse maemo a Tlhopho ya Semmuso ya ngwaga wa 2021 mo Pan African Film Festival, e leng o mongwe wa mekete e megolo e e botlhokwa ya Amerika ya difilimi tsa bathobantsho. Filimi e khutshwanyana eno, e e buang ka baagi ba District Six, e tlametswe ka matlole, gareng ga ba bangwe, ke ba National Film and Video Foundation, e leng setheo sa Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso.
  • Ngaka Ngozi Okonjo-lweala, yo a belegweng kwa nageng ya Nigeria, yo a tlhophilweng ka bontsi ka la bo 15 Tlhakole 2021 go nna Mokaedikakaretso (DG) wa bosupa wa Mokgatlo wa Dikgwebo tsa Lefatshwe (WTO), go simolola ka la bo 1 Mopitlwe 2021. Ke mosadi wa ntlha e bile gape ke ngwana wa mmala wa sebilo wa ntlha go ka okama maemo ano a DG wa mokgatlho wa boditšhabatšhaba o o laolang melao ya dikgwebo tsa lefatshe gore di tshwanetse go gwebisana jang magareng ga dinaga.

2.    Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

  • Thovhele Ranwedzi Gilbert Tshikalange (87) wa bogosi jwa Mphaphuli kwa Limpopo, e leng molwelakgaratlho wa mmatota yo gape a thulaneng ka tlhogo le Molao wa Tsamaiso ya Dithoto tsa Bathobatsho wa ngwaga wa 1927. O ne a goga kwa pele Ditshupetso tsa go Ema Kgatlhanong le Molao wa Tuediso ya Lekgetho magareng ga ngwaga wa 1964 – 1969. O ne a tebelwa mo motseng wa gaabo mme a fudusetswa kwa Kuruman kwa porofenseng ya Kapa Bokone go tloga ka ngwaga wa 1969 go fitlha ka ngwaga wa 1974. 
  • Morago ga gore a busediwe gae, o ne a fitlha gape a atlholelwa gore a se golagane le baagi mme a laolelwa gore a se tswe ka jarata ya gagwe kwa lekeišeneng la Makwarela mo Tikologong ya Moagiseterata ya Sibasa go tloga ka ngwaga wa 1974 go fitlha ka ngwaga wa 1976. Ka ngwaga wa 1987, a le mmogo le bagale ba balwelakgaratlho ba bangwe mmogo le baeteledipele ba merero ya setso ba ba neng ba setse ba fatlhogile, ba ne ba tlhoma mokgatlho wa Congress of Traditional Leaders of South Africa (Contralesa) mme o ne a tlhophiwa gore a okame maemo a a kwa godimo a Molaodi wa Mokgatlho mo Maemong a Naga.
  • Badiri ba le bararo ba ArcelorMittal – Rre Lesenyeho Mofokeng (31), Rre Thami Sampo Molefe (52) le Rre Mpho Meshack Madumisa (29), ba ba tlhokafetseng setlhogo fa moago kwa lefelo leo ba neng ba dira mo go lona kwa Vanderbijlpark le ne le gosomela go latela gore le thunye ka Laboraro, 17 Tlhakole 2021. Ba Ditirelo tsa Phuruphutso ya Maemo le Kgapeletso ya Tatelo ya Melao ya Tiro go tswa mo Lefapheng la Merero ya Ditiro le Badiri ba thankgolotse dipatlisiso mabapi le tiragalo eno. Kabinete e ikuela mo ditlamong tsotlhe go baya pabalesego ya badiri ba yona kwa setlhoeng mmogo le go dira diteko gangwe le gape go lekola gore metšhini ya bona e dira ka tsela eo e tshwanetseng go dira ka yona go dira gore badiri ba bona ba se nne mo kotsing go sa tlhokagale.
  • Moambasatara Themba Muziwakhe Nicholas Kubheka (72), yo a thutseng botala ka tlhogo kwa Pietermaritzburg, KwaZulu-Natal. Moambasatara Kubheka e ne e le Moambasatara yo a emetseng naga ya Aforika Borwa kwa nageng ya Rephaboliki ya China, ya Denmark le ya Rephaboliki ya Angola. O dirile gape jaaka moitseanape wa Botsalano jwa Dipuso le Tirisanommogo Magareng ga Mebuso mo Kantorong ya Monnasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) kwa Palamenteng. O ne a ya botshabelo mo dingwageng tsa bo 1970 le go katisiwa kwa nageng ya Angola ka 1977 go nna tokololo ya Umkhonto we Sizwe, mme o ne a itsege ka leina la gagwe la sesole Aaron Mnisi.

F.    Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Boto ya Bakaedi ba Amatola Water
a.    Rre Mncedisi Malotana;
b.    Mme Buhle Tonise;
c.    Rre Abraham Pieter le Roux;
d.    Ngaka Mosidi Makgae;
e.    Rre Zamikhaya Xalisa;
f.    Nkosazana NomaXhosa Jongilanga;
g.    Ngaka Gaathier Mahed;
h.    Mme Tabiso Wana;
i.    Rre Mxolisi Joe Skosana; 
j.    Rre Makgobi Ramushu; le
k.    Mme Lebogang Letsoale.

2.    Monnasetulo le Motlatsamonnasetulo wa Boto ya Bakaedi ba Letloletlamelo la Dikotsi tsa mo Mebileng (RAF) 
1.    Mme Thembi Msibi; le
2.    Ngaka Nomonde Mabuya.
3.    Mme Nomkhita Mona – Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Maphata ka Bophara a Posokatoro ya Aforika Borwa (SAPO).
4.    Rre Moegamat Ishaam Abader – CEO wa Setheo sa Tirelo ya Bolepi jwa Aforika Borwa.
5.    Rre Zolani Kgosietsile Matthews – CEO wa Maphata ka Bophara a Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa). 
6.    Mme Melanie Rambally – Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO) wa SENTECH.
7.    Moatefokate Boyce Mkhize – Moombatemogolo wa Tirelo ya Boombate mo Dikemaeng tsa Baagi, Lefapha la Bonno jwa Batho, Metsi le Kgeleloleswe. 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building