A. Merero ya ga Jaanong
1. Ntwa ya Naga ya Russia le Ukraine
1.1. Kabinete e santse e tshwenngwa ke se se diragalang magareng ga naga ya Russia le Ukraine. Tshenyegelo ya ikonomi le ya batho ka ntlha ya se se diragalang ke e kgolo thata e bile e tla ama lefatshe lotlhe.
1.2. Kabinete e ikuela gore go batliwe ditharabololo ka go buisana mme gape e ikuela gore maphata otlhe a a amegang a tshwanetse go tlotla le go sireletsa ditshwanelo tsa batho, le go ikobela maikano a a dirilweng go ya ka molao wa boditšhabatšhaba le molao wa boditšhabatšhaba wa go phutha batho.
1.3. Puso e ntse e tsweletse go thusa baagi ba naga ya Aforika Borwa ba ba tlhokang go tla gae go tswa kwa nageng ya Ukraine e bile ba bantsi ba setse ba boile gae. Re ntshitse se se mo mafatlheng a rona gape le ka go tshwariwa makgwakgwa ga Bana ba Mmala wa Sebilo fa ba leka go tshabela ntwa e e runtseng eo fa ba kgabaganya melelwane ya dinaga tsa boditšhabatšhaba.
1.4. Re dumela gore dinaga tse di santseng di iketetsa le tsona di tshwanetse go nna le lefoko le le utlwagalang le seabe se se bonagalang mo ditheong tsa mebuso yalefatshe. Ka ntlha ya seno, naga ya Aforika Borwa e eme ka lefoko la gore thulaganyo ya mebuso mo lefatsheng ka bophara e tshwanetse go nna le matla a a lekalekanang e bile gape e eme ka la gore mo ditheong tsa mebuso ya mafatshe go tlhokagala diphetogo gore bontsi jwa maloko bo nne le ditshwanelo tse di lekalekanang.
2. Khonferense ya Aforika Borwa e e mabapi le Dipeeletso (SAIC)
2.1. Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara SAIC ya bone ka Labone 24 Mopitlwe 2022 kwa Sandton Convention Centre kwa Johannesburg. Khonferense eno ke karolo ya letsholo la puso la dipeeletso mo maitlhomo e leng go ngokela R1.2 trilione mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano, mme Khonferense eno e ngokela batho go tswa ka fa nageng ya Aforika Borwa le mo lefatsheng ka bophara gore ba tle go atlhaatlha dintlha tse di ka ga ditšhono tsa dipeeletso.
2.2. Fa e sale go tshwarwa khonferense ya dipeeletso ya ntlha ka fa nageng ka ngwaga wa 2018, Aforika Borwa e ngoketse ditsholofetso tsa go dira dipeeletso tse di ka fitlhang go R774 bilione go ralala le makala ka go farologana ga one a ikonomi. Dipeeletso tse dintšhwa tseno di tla re thusa go godisa ikonomi, go tlhola ditiro tse di tlhokagalang le go tokafatsa matshelo a batho.
3. Tshedimosetso ya Sešweng ya Mogare wa Corona (COVID-19)
3.1. Kabinete e lebogile matsapa a naga e a tsayang go lwantshana le COVID-19 fela e lemositse gore ntwa eno e santse e le ya matlho a mahibidu, mme e ikuetse mo bathong botlhe ba ba nnang ka fa naageng ya Aforika Borwa go tswelela go ntsha matlho dinameng le go tswelela go itlhokomela gore ba se gase mogare o o setlhogo ono.
3.2. Kabinete e itumedisiwa ke gore mabotlolwana a meento ya COVID-19 a a ka dirang dimilione di le 32 a setse a dirisitswe e bile batho ba bagolo ba ba ka dirang 42% ba setse ba tlhabilwe meento yotlhe e ba tshwanetsweng go e tlhabela.
3.3. Le fa go le jalo, batho ba ba sa tlhabelang moento ba santse ba le mo kotsing ya go ka tshwarwa ke COVID-19 ka jalo ba baya boitekanelo jwa bona le jwa batho ba ba tshelang le bona mo kotsing. Go tlhabela moento e santse e le tsela e e gaisang ya go lwantshana le COVID-19, mme ka jalo Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba nang le dingwaga di le 12 go ya kwa godimo go tlhabela moento ntle le go diega.
3.4. Meento ya go tsosolosa e e tlhabetsweng jaanong e teng mme le yona ga e duelelwe mme batho ba ba tlhabetseng meento yotlhe mme ba na le matshwanedi a go tlhabela moento ono Kabinete e ikuela mo go bona go ya go tsosolosa ka bonako jo ba ka bo kgonang. Re tshwanetse go tswelela gape le ka go apara dimaseke tse di thibang nko le molomo, go tlhapa diatla ka gale kgotsa go di tsikitletsa ka sebolayamegare, go katogana le go netefatsa gore mo re leng go na le mowa o o phepa o o tsenang ka go bula matlhabaphefo.
4. Kopano ya Ditheo tsa Motlakase tsa Aforika ya Indaba
4.1. Kabinete e neseditse pula go garelwa ka katlego ga Kopano ya Ditheo tsa Motlakase tsa Aforika ya Indaba e e neng e Tshwerwe ka Inthanete le ka Namana kwa Motsekapa go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 3 Mopitlwe 2022 ka moono yo o reng “Kopano e e Seng ya Segapeletsa ya Lekala la Motlakase la Aforika”. Kopano eno e ne e tsenetswe ke ditlamo tse di itsegeng tsa motlakase mo lefatsheng le ka fa nageng mme go ne go tšhotlhiwa ntlha ya gore kontinente ya Aforika e ka dirisa jang motlakase jaaka selo se se botlhokwa mo go godiseng ikonomi le mo go tokafatseng matshelo a batho.
4.2. Aforika Borwa e santse e eme ka le le reng e batla go nna le metswako e e farologaneng ya motlakase go tsamaisana le dintlha tse e batlang go di fitlhelela tsa tlhabololo mmogo le go bapa le dintlha tse e di ipeetseng mo phetogong ya maemo a loapi fa ka fa letlhakoreng le lengwe e netefatsa gore ga e tlhaele motlakase o o tlhokagalang.
5. Go Thapiwa ga Batlhankedi ba Ditheo tsa Tshireletso
5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa sešweng tsa go thapa batlhankedi mo diphatlhatirong tsa maemo a a kwa godimo mo Bothating jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) le mo Sethong sa Phemelo ya Puso (SSA). Moporesitente o thapile Moatefokate Andrea Johnson go etelela pele Lephata la Dipatlisiso la NPA mmogo le Moatefokata Thembisile Majola go nna Mokaedikakaretso (DDG) o montšhwa mo go SSA.
5.2. Moporesitente o thapile gape le Moatefokate Navilla Somaru go okama maemo a Bokaedi jwa Tshekiso ya Baagi (DPP) kwa porofenseng ya Foreistata; Moatefokate Matodzi Rachel Makhari-Sekhaolelo go okama maemo a DPP kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mmogo le Moatefokate Nicolette Bell go okama maemo a DPP kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.
5.3. Go thapiwa ga batho bano go tla gagamatsa dikgato tsa rona tsa go batlisisa le go sekisa mefuta yotlhe ya ditiro tsa bosenyi le bonweenwee.
6. Leeto la go Tlhatlhoba Kabo ya Ditirelo
6.1. Kabinete e neseditse pula leeto le le atlegileng la go tlhatlhoba kabo ya ditirelo le le rebotsweng ke Tona ya Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba, mme Patricia de Lille mmogo le Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Rre Mondli Gungubele, fa ba ne ba boloditse leeto leno kwa Porojekeng ya Mmila o Mogolo wa N2 Nodal kwa Masepaleng wa Nelson Mandela Bay kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba ka Labobedi, 08 Mopitlwe 2022.
6.2. Leeto leno ke karolo ya letsholo la puso la go tlhatlhoba ka gale kgatelopele e e diriwang mo go diragatseng Leano la go Beeletsa mo Mafaratlhatlheng gore ikonomi e busediwe sekeng le gore e tlhole ditiro.
6.3. Porojeke eno e e tshwanang e le esi eno e tla ka ditšhono di le 12 100 tse dintšhwa tsa go aga dintlo mmogo le meago ya dikgwebo, dikantoro le diintaseteri ka bogolo bo feta disekweremitara di le 500 000 mmogo le go aga mafelo ka botlalo a boitapoloso mo metseng le mo setšhabeng.
7. Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Seabe sa Basadi
7.1. Aforika Borwa e eme le dinaga tsa boditšhabatšhaba mo go tlotlomatseng Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Seabe sa Basadi ka Labobedi, 08 Mopitlwe 2022. Letatsi leno le re naya tšhono ya go sekaseka koo re tswang gone mo go direng gore re nne le tekatekano ya batho ba bong jo bo farologaneng le mo goreng ke eng se se ka diriwang gore re nne naga e batho ba yona ba lekalekanang go sa kgathalesege bong jwa bona.
7.2. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tse dintsi tseo e atlegileng mo go tsona tse di tlhokang go ketekiwa tsa fa e sale re nna le temokerasi. Aforika Borwa e gatetse pele mo go tlotlomatseng tekatekano mo basading mo maphateng a tiro a a jaaka mo pusong, mo setšhabeng, mo tsamaisong ya ditheo tsa molao, mo metshamekong le mo setsong. Le fa go le jalo, Kabinete e ntse e re go santse go le gontsi go go santseng go tlhoka go diriwa go dira bonnete jwa gore basadi mo ikonoming ya naga ya Aforika Borwa ba nna le seabe fela jaaka batho ba bong jo bongwe.
7.3. Kabinete e neseditse pula gape le go nopolwa ga naga ya Aforika Borwa go nna monnasetulo mo kopanong ya bo 66 ya Khomišeneng ya Dinagakopano mabapi le Maemo a Basadi e e tla tshwarwang ka Mosupologo, 14 Mopitlwe go fitlha ka Labotlhano, 25 Mopitlwe 2022.
8. Tshireletso ya Puso
8.1. Kabinete e nopotse dikgato tse Setheo sa Matlole sa Naga ya Amerika di se tsereng go golega batho ba ba latofadiwang ka ditiragalo tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu. Re tsweletse go dirisana le badirisanimmogo ba rona ba boditšhabatšhaba go utolola ditiragalo tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu.
8.2. Maphata a rona a tshireletso a tsweletse go ntsha matlho dinameng e bile a tsweletse go tshwarisana tiro le ditheo tsa ditirelo tsa boditšhabatšhaba tsa go gata metlhala mefetsho ya bogodu, tse di leng ka fa nageng le tse di leng kwa ntle ga naga. Didirisana ka go abelana tshedimosetso fa go tla mo tirisodikgokeng e e tswileng mo taolong le mo ditiragalong tsa menolopuso.
9. Go Melelana Meno ga Baagi
9.1. Kabinete e kgalemile ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa go melelana meno ga baagi tse di diragetseng kwa Alexandra gaufi le Sandton. Ga go dingongorego dipe tse di ka dirisiwang jaaka maikatlapelo a ditiragalo tsa go gatakaka ditshwanelo tsa batho ba bangwe ka fa nageng.
9.2. Kabinete e lebogile dikgato tsa ka bonako tsa go rarabolola matsapa ano tsa sepodisi, tse di dirileng gore meruso eno e se tswe mo taolong le go tshwariwa ga ba bangwe ba ba ditlhokotsebe tse di neng di fetlha meruso eno.
9.3. Baagi ba rotloediwa go tsaya dikgato tse di se nang tirisodikgoka go rarabolola dikgogakgogano mmogo le go begela sepodisi ka ditiragalo tsa go tlola molao.
10. Ikonomi
10.1 Kabinete e nopotse dipalopalo tse di golotsweng ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa tse di mabapi le Letseno la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) tse di bontshang gore GDP ya naga ya Aforika Borwa e oketsegile ka 1.2% mo kgweditharong ya bone ya ngwaga wa 2021, morago ga gore e fokotsege ka 1.7% mo kgweditharong ya boraro ya ngwaga wa 2021. Seno se raya gore kgolo ya ngwaga le ngwaga mo ngwageng wa 2021 e oketsegile ka 4.9%. Maphata a a nnileng le seabe se segolo mo kgolong eno ke la temothuo, la tlhagisodikuno, la ditirelo le la dipalangwa.
10.2 Kabinete e santse e eme ka la gore e tla tswelela go dirisana le badirisanimmogo mo mererong ya loago go godisa ikonomi e e tswelang botlhe mosola le go dira gore re nne le tikologo e re tla kgonang go samagana le dikgwetlho tsa botlhokatiro, tshokolo le go se lekane re se meno.
11. Fantisi ya Makhubu a a Tlhokegang Thata a Kgaso
11.1. Kabinete e akgotse Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) ka go simolola ka dikgato tsa go fantisa makhubu a a tlhokegang thata a kgaso, le fa tota go santse go na le dikgetse tsa molao tse di santseng di le mo tshekong ka thekiso ya makhubu ano.
11.2. Kabinete e akgotse gape le bao ba tsenetseng fantisi eno ka Labobedi, 08 le ka Labone 10 Mopitlwe 2022, e leng sesupo sa gore intaseteri ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano e ikemiseditse go tswelela go beeletsa mo mafaratlhatlheng a thekenoloji a Aforika Borwa.
11.3. Puso e tsweletse ka maikano a yona a go dira gore re nne le tikologo e e bulelang batho dikgoro ka go dirisa marang a kgaso ka bontsi, e seng fela go dirisiwa ke diintaseteri tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, mmogo le mo go direng gore a tswele mosola le ikonomi ya rona le baagi ba rona.
11.4. Go rebolela tetla ya go dirisiwa ga makhubu a a tlhokegang thata a kgaso go tla tlhabolola bokgoni jwa ditlamo tsa megala jwa go aga mafaratlhatlha a ditlhaeletsano a a tswileng diatla a a tla nnang le mosola o montsi le go tswela batho ba bantsi mosola. Mosola wa seno o mogolo o o sa bolong go letwa ke gore re tla nna le phokotsego ya ditlhwatlhwa tsa go reka data le go letsetsana megala.
11.5. Makhubu ano go solofetswe gore a tla tlisa phetogo mo ikonoming mo makaleng a a farologaneng e bile dipoelo tsa fantisi eno di tla tsenya madi a feta R8 bilione mo sekgwameng sa matlole sa naga.
12. Dipatlisiso Mabapi le Khomišene ya Metshameko ya Naga ya Lotho (NLC)
12.1. Kabinete e nopotse kgatelopele e e tswileng diatla e e dirilweng ke ba Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) mabapi le tirisobotlhaswa ya madi le bonweenwee mo go NLC, mme e ikuetse mo ditheong tse dingwe tsa molao tse di samaganeng le dikgetse tseno go garela tiro ya tsona ka bonako jo bo kgonagalang. Seno se tla dira gore go tsewe dikgato tse dingwe go rwesa molato ba ba amegang mo ditiragalong tsa go abela matlole batho ba ba seng matshwanedi ka madi a a neng a tshwanetse go thusa batho ba ba sokolang.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Leano la Mafaratlhatlha a Naga (NIP) 2050
1.1. Kabinete e neseditse pula ntlha ya go tsenya tirisong NIP 2050. NIP e tla ka diporojeke tse di botlhokwa tse maitlhomo a tsona e leng go diragatsa dipeelo tsa naga tsa pakatelele tsa tlhabololo ya ikonomi le thuso ya baagi.
1.2. Ka Phatwe 2021 fa le sena go phasaladiwa batho ba bantsi ba ne ba kwala ka leano leno go ntsha maikutlo a bona. Baagi le bannaleseabe ba ba farologaneng mo makaleng a mafaratlhatlha le bona ba ne ba ntsha se se mo mafatlheng a bona. Maikutlo a tswile le ko mekgatlhong ya kgaolo le ya kontinente e e jaaka Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) le Khomišene ya Mafaratlhatlha ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU).
1.3. Mosola wa NIP ke go tlisa tlhabololo mo mefutafuteng ya mafaratlhatlhatlha a naga a tsamaisanang le Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro la Kago ya Madulo le Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM). NIP e dira gape le gore go tlhomiwe mafaratlhatlha a a mabapi le tlhabololo ya ikonomi le ya loago, mmogo le go tlhola ditšhono tsa ditiro le tsa Matlafatso ya Maemo a Ikonomi a Bathobatsho (B-BBEE).
2. Go Diragatsa Leano la Digase tsa Seedi sa Peterole (LPG) la 2022
2.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa mo Lekwalo la Semmuso le le Gatisang Melao ya Pusoga go Diragadiwa ga Leano la LPG la 2022 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga lona. Maitlhomo a leano leno ke go samagana le dikgwetlho tsa tlamelo ya motlakase ka fa nageng.
2.2. Gareng ga tse dingwe leano leno le samagana le sebopego sa ga jaanong sa mebaraka ya LPG, mafaratlhatlha a a leng teng, thulaganyo ya ditlhwatlhwa mmogo le mafelo a ga jaana a go diriwang kwa go ona mabotlolo a digase. Leano leno le samagana gape le matsholo a go bula baagi matlho le a pabalesego go lemosa setšhaba ka gase ya ka fa nageng e e sa kgotlheleng tikologo.
3. Leano la go Phuruphutsa Kgonagalo ya go Tlhama Moepo mo Intasetering ya Aforika Borwa ya Meepo
3.1. Gareng ga tse dingwe, leano leno le tlamela ka ditharabololo tsa ka gang mo leanong la lona go diragatsa leano ka botlalo la go ithuta ka matlapa gore seno se tlhabolole tshedimosetso ya naga ya go ithuta ka matlapa.
3.2. Leano leno le tlhalosa gape le gore go nne le tirisanommogo magareng Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE) le Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) gore ditiragalo tsa go phuruphutsa kgonagalo ya go tlhama moepo le yona le tsona di neelwe ditlamo tse dinnye tse di santseng le tsona di simolola. Le gatelela gape le seabe sa dipatlisiso se se diriwang ke ditheo tsa dipatlisiso tse di jaaka setheo sa MINTEK mmogo le sa Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR) mmogo le matsholo a tlhatlhelelo ka bokgoni.
3.3. Leano leno ke sekwalwa se se kwadilweng ka go dirisana ga maphata a a farologaneng a puso, diintaseteri le le badirisanimmogo mo mererong ya setšhaba. Intaseteri ya meepo e santse e le botlhokwa mo go maswe mo thulaganyong ya ikonomi ya naga ya rona.
4. Go Tsenya mo Tirisong Dikgato tsa go Tsosolosa Leano la 2021 la Batho Pele
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya mo tirisong Dikgato tsa go Tsosolosa Leano la 2021 la Batho Pele. Leano leno le latela gore ditheo tsa puso le tsa makala ao e seng a puso di dire dipatlisiso di le dintsi ka ga mosola wa Pholisi ya 1997 ya Batho Pele.
4.2. Leano leno le tlhagisa dikarolo di le tlhano tse mafapha a puso a tla tshwanelwang ke go di latela go dira gore a nne mo maemong a a amogelesegang. Dikgato tseno tsa go tlisa ditharabololo di tla dira gore matsholo a tlamelo ya ditirelo mo baaging a tote baagi ka tlhamalalo.
4.3. Leano leno le tla dira gore go kgonagale go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le seriti e bile e tlisa tlhabologo, e leng selo se se santseng se le botlhokwa thata fa go tla mo go direlelang baagi ba Aforika Borwa. Le tla dira gape le gore go kgonagale go gagamatsa dikgato tsa go tsenya tirisong metheo e le robedi ya Batho Pele. Kwa bofelong maitlhomo ke go fetola maitsholo a batlhankedi mo Tirelong ya Puso.
5. Go kwalola sešwa ga pholisi ya go disa marang a kgaso a a tlhokagala ka bontsi mmogo le dintlha tse pholisi e samaganang le tsona fa go tla mo go abiweng ga dilaesense tsa go letlelelwa go gasa marang a kgaso a a sa diriseng megala (WOAN)
5.1. Kabinete e neseditse pula go kwalola sešwa ga pholisi ya go disa marang a kgaso a a tlhokagalang thata mmogo le dintlha tse pholisi e samaganang le tsona fa go tla mo go abiweng ga dilaesense tsa WOAN gore e phasaladiwe gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di fedisa ditlhokwa tse di neng di tlhokagala gore motho a rebolelwe WOAN.
5.2. Kabinete mo ngwageng wa 2019 e neseditse pula pholisi eno e e ka ga go disa marang a kgaso a a tlhokagalang thata mmogo le dintlha tse pholisi e samaganang le tsona fa go tla mo go abiweng ga dilaesense tsa WOAN gore go samaganwe gape le Molao wa Didirisiwa tsa Motlakase tsa go Tlhaeletsana wa ngwaga wa 2005 (Molao wa bo 36 wa 2005). Go rebolwa ga dilaesense tsa marang a kgaso a a tlhokagalang thata e santse e le ntlha e e botlhokwa thata mo letsholong la go tsosolosa ikonomi ya naga.
6. Letlole la go Thusa Boradithekesi (TRF) mo Boimeng jwa COVID-19
6.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosa nako ya letlha la bofelo la go tsenya dikopo tsa COVID-19 TRF, go atolosiwa ka ngwaga go tloga ka la bo 31 Mopitlwe 2022 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe2023. TRF, e e beetseng kwa thoko madi a le kanaka R1,135 bilione, a go duela gangwe fela go rola boima jo intaseteri ya dithekesi e bo rweleng jwa ditšhelete ka ntlha ya COVID-19.
6.2. Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba ke lona le le rweleng maikarabelo a go abela boradithekesi botlhe ba dithekesi tsa bona di leng mo molaong ka meputso eno, fano go buiwa ka dithekesi tse di tlwaelegileng, dithekesi tse di duelelwang go ya ka mitara le dithekesi tse banamedi ba di bitsang ka megala go tla go ba lata.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Poso ya Aforika Borwa (SAPO) wa 2021
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa SAPO. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Molao wa SAPO wa ngwaga wa 2011, (Molao wa bo 22 wa 2011).
1.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa maitlhomo a tsona ke go dira gore SAPO e sole mosola thekenoloji e e ntseng e tlhagelela mo lephateng la yona. Ka go dira jalo e tla kgona go kwalola sešwa tiro ya yona le go oketsa ditiro tsa yona. E tla kgona go tlamela ka ditirelo tsotlhe tsa poso le tsa go tsamaisa dithoto; e tla kgona go golaganya ditirelo tsotlhe tsa go rwala dithoto; ya tsena mo dikgwebong tsa go rekisa ditirelo ka inthanete e bile e tla nna lefelo le le botlhokwa thata la ditirelo tsa thekenoloji mo dikgwebong le mo baaging.
2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Banka ya Poso ya Aforika Borwa wa 2021
2.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Banka ya Poso ya Aforika Borwa wa 2021. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Banka ya Poso wa ngwaga wa 2010 (Moao wa bo 09 wa 2010) go o lepalepanya le Molao wa Dibanka wa ngwaga wa 1990 (Molao wa bo 94 wa 1990). Molaotlhomo ono o tlhagisa gore go tshwanetswe go tlhomiwe Setlamo se Segolo sa Taolo ya Banka ya Poso ya Aforika Borwa fela jaaka go le mo Molaong wa Dibanka wa ngwaga wa 1990.
2.2 Molaotlhomo ono o setse o fetisitswe mo matlhong a baagi gore ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona e le maitlhomo a go o gagamatsa. Fa o sena go amogelwa go nna molao, Banka ya Poso e tla kgona go dira jaaka setheo se se ikemetseng se se nang le melaotaolo ya sona ya leano la go tsamaisa tiro e e sa amaneng le SAPO.
3. Molaotlhomo wa Matlole a go Rwala Dikgerekgere tse di Kotsi
3.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Matlole a go Rwala Dikgerekgere tse di Kotsi gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o tlhalosa gore go tshwanetswe go bokelediwe matlole a go rwala dikgerekgere tse di kotsi fela jaaka go tlhalositswe mo Pholising ya go Rwala Dikgerekgere tse di Kotsi.
3.2 Matlole ano a tla bokelediwa go dirisediwa go rwala dikgerekgere tse di kotsi. Matlole ano a tla dirisiwa go aga mafaratlhatlha a a tla kgonang go samagana le tiro eno, go aga mafelo a dikgerekgere tseno di ka beiwang gone le go dira gore dikgerekgere tseno tse di kotsi di kgonagale go tlhatlhamololwa ntle le go tlisa tshenyo epe. Matlole ano a tla laolwa ke Setheo sa Naga sa Dikgerekgere tse di Kotsi.
3.3 Aforika Borwa e tswelwa mosola ke motlakase o o tlhagisiwang kwa Seteišeneng sa Motlakase o o Nang le Maatla a Mantsi sa Koeberg. E bile gape Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di tlhagisang ka bontsi metšhini ya kalafo e e tlholang dikgerekgere tse di kotsi ya go alafa kankere mo lefatsheng.
D. Ditiragalo tse di Tlang
1. Leeto la Semmuso la ga Moporesitente wa Naga ya Mozambique
1.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla amogela Moporesitente ka ene wa naga ya Mozambican, Motlotlegi Moporesitente Filipe Nyusi ka Labotlhano, 11 Mopitlwe 2022.
1.2. Leeto leno le tla gagamatsa tirisanommogo ya dinaga tsa kgaolo le tsa kontinente magareng ga dinaga tseno ka bobedi.
2. Imbizo ya Moporesitente kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima
1.1. Ka Lamatlhatso, 12 Mopitlwe 2022, Moporesitente Ramaphosa o tla etelela kwa pele batlhankedi ba puso kwa poronfenseng ya Bokone Bophirima go tshwara Imbizo ya Moporesitente. Mo leetong leno Moporesitente o tla etelela kwa pele baeteledipele botlhe ba maphata otlhe a puso go buisana le baagi ba Bokone Bophirima.
1.2. Letsholo leno la Semmuso la Imbizo ya Moporesitente ya 2022 le naya
1.3. Go tsweletsa letsholo la DDM, le le ipiletsang gore go nne le tirisanommogo e e tseneletseng magareng ga baagi le baemedi ba puso, Kabinete e ikuela mo baaging kwa Bokone Bophirima go sola mosola tšhono eno ka go lelela Moporesitente le go ntsha ka tlhaa dingongorego tsa bona gore di sekegelwe tsebe.
2. Letsatsi la Ditshwanelo tsa Batho
2.1. Kabinete e neseditse pula metseletsele ya dipuisano le dikopano tse di tshwerweng ka moono yo o reng: Ngwaga wa go Tshwaragana re le setšhaba mmogo le go ipopa sešwa: re tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa rona tsa batho” tse di tshwerweng jaaka karolo ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho la monongwaga ka Mosupologo, 21 Mopitlwe 2022. Seno se re thusa gape le go lekola porojeke ya naga ya temokerasi ya molaotheo.
2.2. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go sola mosola Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho ka go rotloetsana go nna seoposengwe, go aga setšhaba le go ipona re le bana ba mpa. Re le setšhaba ke maikarabelo a rona go kgaratlhela go nna le tlhabololo ya ikonomi le ya loago e botlhe ba nang le seabe mo go yona, fa ka fa letlhakoreng le lengwe re samagana le go lwantshana le ditiragalo tsa go nyatsa batho ba merafe e mengwe, ditiraragalo tsa go tlhaolana go ya ka lotso le ditiragalo tse dingwe tsotlhe tsa mothale ono.
3. Beke ya go Keteka Mosola wa Metsi
3.1. Letsholo la Beke ya go Keteka Mosola wa Metsi le tla simolola ka Latshipi 20 go fitlha ka Lamatlhatso 26 Mopitlwe 2022, mme le tsepamisitse mogopolo mo go sireletseng le mo go somareleng metsi.
3.2. Le fa go nele dipula tsa mosorotsoro go feta ka fao go tlwaelegileng mo dikarolong tse dintsi ka fa nageng mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, Aforika Borwa e tswelela go nna naga e e tlhokang metsi. Ke e nngwe ya dinaga di le 30 mo lefatsheng tse di tlhokang metsi e bile metsi a yona ka bontsi ke a pula.
3.3. Kabinete e netefaleditse baagi gore dipompo tsa rona di ntsha metsi a a babalesegileng go kwa nwewa, go ya ka fap Setheo sa Naga sa Malwetse a a Fetelanang se totobaditseng, e bile dipegelo tsa gore metsi a a nwewang a kgotlhetswe ke bolwetse jwa typhoid ga di na boammaruri. Puso e beile kwa setlhoeng phepafatso ya metsi.
E. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Setlhopha sa Aforika Borwa sa Basadi ba Motshameko wa Kerikete, ka ntlha ya bona folaga ya naga e fofelang kwa godimo kwa Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete ya Basadi kwa New Zealand.
- Ramabelo Stephen Mokoka, yo a robileng rekoto ya lefatshe ya boramabelo ba lebelo la dikhilomitara di le 50 o e robile ka go garela lebelo leno ka metsotso e le 40 le metsotswana e le 13 kwa dikgaisanong tsa boramabelo tsa Nedbank Runified Breaking Barrriers tse di neng di tshwaretswe kwa teropong ya Gqeberha, kwa Kapa Botlhaba, ka Latshipi, 06 Mopitlwe 2022.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Rre Mandla Ka-Mabuza, yo a neng a na le dingwaga di le 47, yo e neng e le seopedi, sebui sa mo phasalatseng e bile gape e kile ya nna Moporesitente wa Mokgatlho wa Baithuti wa South African Students’ Congress (Sasco). E ne e le motlhankedipuso mo Lefapheng la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba.
F. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Zane-Udien Dangor go nna Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba.
2. Mme Phindile Patronella Mkwanazi go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lephateng la Thuto le Tlhatlhelelo ya Diporofešenale mo Sekolokatisong sa Bosetšhaba sa Puso (NSG).
3. Rre David Mamphitha go nna Mokaedikhuduthamagamogolo mo Lekgotleng la Tlhokomelo le Pabalelo ya Lefelo la Tirelo la Meepo.
4. Batho ba ba tla dirang mo Lekgotleng la Ditirelo tsa Difofane:
(a) Mme Nomveliso Ntanjana (Monnasetulo);
(b) Rre Nare Thupana (Motlatsamonnasetulo);
(c) Rre Grant Reagon Son;
(d) Rre Tumelo Chipfupa; le
(e) Mme Pfumelani Dorcas Mbulayeni.
5. Batho ba ba tla dirang mo Lekgotleng la Ditirelo tsa Difofane la Dilaesense:
(a) Rre Leroy Musa Nsibande (Monnasetulo);
(b) Mme Raesibe Sharon Kekana (Motlatsamonnasetulo);
(c) Rre Rickie Rodger Rennie;
(d) Mme Zonica Leanda Mtshali; le
(e) Rre Ramovha Emmanuel Mbuwe.
Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete
Mogala: 083 501 0139