Skip to main content
x

 

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi 

1.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tse di itumedisang tsa sešweng tse di dirilweng ka fa nageng tse di samaganeng le go tsosolosa ikonomi. Go ya ka Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) dipalopalo tsa batho ba ba tlhokang ditiro di fokotsegile go tloga mo go 35.3% mo dikgweding di le tharo tsa bofelo tsa ngwaga wa 2021 go fitlha mo go 34.5% mo dikgweding di le tharo tsa ntlha tsa ngwaga wa 2022. E setse e le dikgweditharo di le pedi di tlhomagane jaanong palo ya batho ba ba tlhokang ditiro e wela kwa tlase. Maphata a a nnileng le mosola o mogolo mo go seno ke a ditiro tsa mo metseng le tsa ditirelo tsa baagi, a ditiro tsa tlhagiso ya dikuno le a kgwebisano. 

1.2. Mo dikgweding tsa ntlha di le tharo tsa ngwaga wa 2022 Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) se oketsegile ka 1.9% mme seno se busetsa bogolo ba ikonomi ya naga ya rona mo maemong a e neng e le mo go yona pele re ka welwa ke leru la leroborobo leno. Mo dikgweding di le tharo tseno, lephata le le neng le tsentse seatla go gaisa a mangwe mo ikonoming ke la tlhagiso ya dikuno mo re boneng go nna le koketsego mo lekaleng la tlhagiso ya dipeterole le dikhemikhale, la dijo le dino mmogo le mo go la tshipi le la metšhini.

1.3. Dikgato tsa go itharabologelwa tse dinnye tseno di re bontsha gore ikonomi ya naga ya rona e santse e le ya bogatlhamelamasisi e bile di re bolelela gape gore dikgato tsa go rarabolola maemo a yona tse di jaaka lebelo la Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi le setse le simolotse go kokotlela. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go ema nokeng dikgwebo le diintaseteri tsa ka fa nageng ka go di rekela fa ba reka ditlhagisiwa le ditirelo. 

1.4. Kabinete e itumedisitswe gape le ke tshwetso e e tserweng ke setheo sa tekolo ya dikoloto sa S&P Global ya go fetola ponelopele ya yona ka dikoloto tsa naga ya Aforika Borwa - e e neng e re maemo a yona ke a a siameng mme jaanong e a re ke a a itumedisang. Setheo seno gape se totobaditse gape gore mo pakeng e telele e e tlang tekanyetso ya dikoloto tsa madi a ka fa nageng le a dinaga tsa boditšhaba di tla nna mo maemong a dikoloto a a tlhobaetsang a a bidiwang BB minus mme a fetoge a nne mo maemong a a itumedisang a a bediwang BB ka go latelega.

2. Madi a go iphedisa 

2.1. Leroborobo la Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) mmogo le dintwa tse di tsweletseng mo lefatsheng ka bophara di amile ka tsela e e sa itumediseng madi a go iphedisa mo lefatsheng lotlhe. MaAforika Borwa le ona a rwele boima ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di tsweletseng go ya kwa godimo tsa leokwane, dijo le dilo tse dingwe tse di botlhokwa. 

2.2. Fa seemo se rototse matlho jaaka sele jaana, rotlhe re tlhoka go tshwara ka natla, re thusane le go boloka didirisiwa tsa rona. Puso e tshwere ka natla go thusa batho botlhe, segolo bao ba sokolang.

2.3. Bankakgolo ya Aforika Borwa e e dirang ka tshwanelo, e e nang le maatla e bile e ikemetse e samagane le go thibela gore setšhaba se se welwe ke matsadi a phetogo ya ditlhwatlhwa tse di yang kwa godimo ka go dira gore di se fete seelo se se beilweng; se se leng kwa tlase thata go gaisa sa tsa dinaga tse dingwe.

2.4. Kabinete e itumedisitswe ke tshwetso e e tserweng ke Setheo sa Naga sa Matlole go letlelela gore paka e e tlhomilweng ya go fokotsa Dituelelo Tsotlhe tsa Leokwane e okelediwe nako. Go tloga ka kgwedi ya Moranang go fitlha ka ya Motsheganong litara e nngwe le e nngwe mo dituelelong tsa GFL e fokoditswe ka R1.50, mme seno se dumeletswe gore se ka se kgaotswe mme se tla tswelela go tloga ka la bo 01 Seetebosigo go fitlha ka la bo 06 Phukwi 2022. 

2.5. Kabinete e itumedisitswe gape le ke tshwetso e e tserweng ke Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo ya gore e tla lebelela ka leitlho le le ntšhotšho ditlhwatlhwa tsa dijo, segolo go ya ka molao yo o reng dikgwebo di tshwanetse tsa bo di na le mabaka a a utlwagalang fa di oketsa ditlhwatlhwa tsa dituelelo tsa dilo tse di rekisiwang. 

3. Foramo ya Dikgwebo tsa Japan le Aforika Borwa 

3.1. Kabinete e itumedisitswe ke seo mo malobanyaneng se dirilweng mo Foramong ya Dikgwebo tsa Japan le Aforika Borwa, mo go dumelanweng gore go diriwe letsholo le legolo la tiro le mo go lona go tla dirisanwang mmogo mo diintaseteri tse di dirisang motlakase o o sa kgotlheleng tikologo, mo thekenolojing ya dijanaga tse di tsamayang ka motlakase mmogo le leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo. 

3.2. Mo foramong eno go dumelanwe gape le gore go tsewe letsholo le le tla nopolang ditšhono tse di leng teng mo Aforika Borwa tse di tla bontshiwang dikgwebo tsa Japan, tlhatlhelelo ka bokgoni e e tlhokegang mo diintasetering tsa go aga dijanaga ka fa nageng, ditšhono tsa ditiro mo maphateng a tlhagiso ya dikuno mmogo le go abelana ka maitemogelo a a tseneletseng a setegeniki.

3.3. Japan ke e nngwe ya dinaga tse di botlhokwa tse di gogang kwa pele dipeeletso mo makaleng a le mantsinyana ka fa nageng ya Aforika Borwa, mme ona ke a dijanaga le a megala le a a gatetseng kwa pele a metšhini ya kwa meepong, mmogo le a dikgwebo mo temothuong le mo ditirelong tsa matlole.

3.4. Kabinete gape e itumedisitswe le ke dikgato tsa Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (dtic) ka go tlhomiwa ga Setheo sa Merero ya Ditlamo tsa Bathobantsho tsa Ditlhagisiwa tse di Rekisediwang Dinaga tsa kwa Ntle, jaaka di dira gore dikgwebo tsa bathobantsho tse di rekisang ditlhagisiwa tsa tsona tse di tswang ka fa nageng di kgone go di rekisetsa dinaga tse dingwe mo lefatsheng. Setheo seno se tla dira gore go abelanwa ga tshedimosetso, maitemogelo le kitso e nne selo se se kgonagalang e bile seno se tla dira gore re kgone go godisa tseo re atlegileng mo go tsona mo Letsholong la Beng ba Diintaseteri ba Bathobantsho.

4. Motlakase 

4.1. Dikgato tsa rona tsa go nna le motlakase o o sa tshabeng mo pakeng e telele e e tlang di tshegeditswe go utlwagala go latela gore Seteišene sa Motlakase sa Kusile kwa porofenseng ya Mpumalanga se neelwe tetla ya go ka dirisa Yuniti ya bo 04 ya go tlamela ka motlakase. 

4.2. Kabinete e nopotse gore go setse go konoseditswe tiro ya go aga diyuniti tsa go fetlha motlakase di le nne mo go di le thataro tse di agiwang mo porojekeng ya Seteišene sa Motlakase sa Kusile. 

4.3. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tseno tsa go oketsa diyuniti tsa tlamelo ya motlakase ka yuniti eno e ntšhwa, mme seno se diragetse go nne go tserwe tshwetso ya go letlelela ditlamo tse di ikemetseng tsa tlamelo ya motlakase gore le tsona di tlamele baagi ka motlakase. Sešweng jaana puso e saenile tumelano ya go reka motlakase wa dimekawate di le 150 mo setlamong sa tlhagiso ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dinšhwa tse di sa kgotlheleng tikologo, e leng setlamo sa Scatec ASA.

5. Lekgotla la Dikeletso la Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi (B-BBEE)

5.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa Moporesitente Cyril Ramaphosa tsa go thapa Lekgotla le lentšhwa la Dikeletso la B-BBEE.

5.2. Lekgotla leno le diriwa ke batho ba ba farologaneng go tswa mo dikgwebong, mo mekgatlhong ya badiri, mo mekgatlho ya baagi le mo diruteging e leng bona ba ba tla supetsang puso gore e ka godisa ikonomi jang.

5.3. Le fa re kgonne go fetola maaka a a tlhagisitsweng ke seemo sa puso ya tlhaolele mo ikonoming, tsela yona e santse e le motsopodia mo go ka oketseng batlhankedi ba bathobantsho mo maemong a bolaodi, mo go oketseng tlhatlhelelo ya bokgoni le mo go oketseng dithendara gore di neelwe le basadi ba bašwa ba bathobantsho.

6. Merwalela 

6.1. Dikgato tse di tsweletseng tsa go thusa diporofense tse mo malobeng di wetsweng ke leru la merwalela di na le mosola o o seng kana ka sepe. Puso e beile kwa setlhoeng dikgato tsa go tlamela ba ba amegileng ka dijo, metsi le madulo mo go bao ba sa tlholeng ba na le magae le go baakanya mafaratlhatlha ao a senyegileng. Go samaganwe le namane e tona ya tiro ya go busetsa sekeng ditirelo tse di botlhokwa di tshwana le tsa metsi, motlakase, kgeleloleswe le tsa kolelo ya ditlakala.

6.2. Go setse go simolotswe go ka dirisa dimilione tsa diranta di le 189 217 go tlhabolola mafelo a batho ba itlhomileng mo go ona gore botshelo jwa baagi mo mafelong ano bo tokafale. 

6.3. Mo godimo ga seno, mo Sekgwameng sa Setheo sa go Agela Baagi Madulo go loketswe dimilione tsa diranta di le 733 086 tseo di tla dirisediwang tiro ya go aga madulo a a tla nnelang ruri a a golaganeng le ditirelo tsa botlhokwa. 

6.4. Kabinete e itumeletse dikgato tsa go tswa baagi thuso go tswa kwa pusong ya Qatar moo e kolekileng ka dijo, diaparo, dijenereitara, metšhini ya go phepafatsa metsi, didirisiwa tsa go thusa go hema, ditente le ditlhare. Koleke eno e tla thusa batho ba feta ba le 4 000 ba ga jaana ba beilweng nakwana mo dintlolehalahaleng tsa ditirelo tsa setšhaba. Kabinete e lebogile gape le dikgato tse dingwe gape tsa go tswa baagi thuso tse di tswang kwa nageng ya United Arab Emirates (UAE) moo yona e kolekileng ka dijo le metsi go thusa bao ba senyegetsweng ka ntlha ya merwalela ya mo malobeng.

7. Go Thankgololwa ga Sekgwama sa go Tswa Baagi Thuso

7.1 Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa go thankgololwa ga Sekgwama sa go Tswa Baagi Thuso se se thankgolotsweng ke Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) mmogo le Kantoro ya Moporesitente le Lefapha la Kgwebisano le Kgaisano ya Diintaseteri (dtic). Thuso eno e tla dira gore bašwa ba direlwe ditšhono di fitlha go di le 50 000 tse di tswelang baagi mosola mo metseng. 

7.2 Thuso eno e tla akaretsa ya kalafi le ya tlhokomelo ya setšhaba, go ema nokeng mekgatlho e e fepang baagi ka dijo le ka dikotla, go ruta baagi go buisa, go ema nokeng matsholo a go tlhokomela tlhago le a go tlhokomela phetogo ya maemo a loapi mmogo le matsholo a a emang bašwa nokeng. Sekgwama seno se tla thusa ditšhaba di le 26 e seng dikgwebo tse di dirang letseno.

8. Bosenyi le Bonweenwee 

8.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa go tshwariwa ga batho ba le bantsinyana ba ba amegang mo ditiragalong tsa bokhukhuntshwane, tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu le tsa bonweenwee. Mo go bano go akarediwa gape le bao mo malobeng ba neng ba okame maemo a a kwa godimo mo pusong le mo dikgwebong tsa puso, mme mo go bona ba bangwe ba bona ba latofadiwa ka go tlola Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA) wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 01 wa 1999). Dikgetse tsa go tshwana le tsa go tshwariwa ga batlhankedi ba Lefapha la Merero ya Selegae ba kwa Desmond Tutu Refugee Reception Centre kwa Pretoria ba ba tsereng pipamolomo e ba neng ba e neelwa ke moagi wa naga ya kwa ntle ke bopaki jwa gore ga go ope yo a tshabiwang ke molao le gore batlhankedi ba ba senang nnete ga ba batlege mo pusong. 

8.2. Kabinete gape e itumedisiwa le ke dikgato tsa go busetsa ka fa nageng ya Aforika Borwa basimane ba ga Gupta e bong Rajesh le Atul. Seno se latela gore ba tshwariwe kwa teropong ya Dubai kwa nageng ya UAE morago ga gore Mokgatlho wa Sepodisi sa Lefatshe ka Bophara (Interpol) o rebole taelo ya gore ba a batliwa. Bana bano ba motho ba batliwa ka makatlanamane ka fa nageng ya Aforika Borwa gore ba tle go ikarabela mo ditatofatsong tse ba rwesitsweng tsona mo mererong ya go goga puso ka nko, go akaretsa le tsa bokhukhuntshwane le tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu. Ditheo tsa molao tsa naga ya Aforika Borwa le tsa naga ya UAE di tsweletse ka dipuisano tse di ka ga go ba busetsa ka fa nageng. Go tshwariwa ga bona ke se supo sa gore puso e ikemiseditse go lwantshana le bosenyi le bonweenwee ntle le go tshaba ope kgotsa go sekamela ka fa letlhakoreng la ope. 

8.3. Ditiragalo tseno tsa go tshwara batho bano di bontsha sentle gore dithulaganyo tse di leng teng di a kgona go dira fa go tla mo go rweseng batho melato ya ditiro tse di setlhogo tse ba di dirileng le go netefatsa gore molao o se nne le bao o ba tshabang kgotsa o ba ratang go gaisa ba bangwe 

8.4. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale maiteko a go nyatsa ikonomi ya rona le naga ya rona go latela gore go senngwe mogala wa motlakase wa Yuniti ya 1 ya Eskom ko Seteišeneng sa Motlakase sa Matla kwa porofenseng ya Mpumalanga. E setse jaanong e le lekgetlo la bone ditiragalo tseno tse go belaelwang e le tsa go senyetsa seteišene sa motlakase di diriwa ka bomo mo diteišeneng tse dingwe di le tharo tsa motlakase mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng.

8.5. Dipalopalo tsa mo malobeng tsa dikgetse tsa bosenyi ke bopaki jwa gore re le baagi re tshweanetse go dira go tlala seatla go dira gore metse ya rona e nne e e babalesegileng. Seno se re gakolola gore rotlhe re le baagi re tshwanetse go nna le seabe mo go fokotseng ditiragalo tsa bosenyi mme re le sepodisi, baeteledipele ba dipolotiki, baagi, balelapa, beng ba dikgwebo, mekgatlho ya badiri le ya baagi re tshwanetse go dira se re tshwanetseng go se dira go lwantshana le bosenyi. 

8.6. Kabinete e na le tshepo ya gore madi a a okeditsweng a a ntshitsweng ke Kantoro ya Tona ya Sepodisi a a tshwanetseng go dirisiwa mo diteišeneng tsa sepodisi tse go begiwang dikgetse tse dintsi mo go tsona tsa polao, petelelo le dikgetse tse dingwe tse di setlhogo a tla thusa go fetola maemo ano le go dira gore re nne le metse e botlhe ba babalesegileng mo go yona.

9. Tshedimosetso ya Sešweng e e ka ga COVID-19

9.1. Kabinete e gakolotse batho botlhe gore COVID-19 e santse e le teng le gore mo marigeng ano ditshwaetso tse dintšhwa di tla oketsega. Re tshwanetse go tswelela go latela dikgato tsotlhe tsa go itlhokomela le tsa go tlhokomela batho ba bangwe. Tsona ke tsa go tlhapa diatla kgotsa go di tsikitletsa ka sebolayamegare gangwe le gape, go apara dimaseke fa go lwe fa gare ga batho ka fa teng ga meago, go katogana, go atlhamisa matlhabaphefo gore go tsene mowa o o phepa mmogo le go tlhabela moento.

10. Samiti ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)

10.1. Kabinete e itumedisitswe ke maikano a a tserweng kwa Samiting ya Tshoganyetso ya Mokgatlotshwaraganelo wa Aforika e e ka ga Ditiragalo tsa Menolopuso le tsa go Thopa Puso ka Dikgoka Ntle le go Latela Molaotheo mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika e e neng e tshwarwetswe kwa teropong ya Malabo, kwa nageng ya Rephaboliki ya Equatorial Guinea, ka Lamatlhatso wa la bo 28 Motsheganong 2022.

10.2. Baeteledipele ba dinaga tsa Aforika ba ne ba sekaseka matshosetsi ano a a santseng ba lebane nao, ba sekaseka ditsela tsa ga jaana tsa go samagana le ntlha eno mme ba dira maikano a gore ba tla dirisana mmogo jaaka dinaga mo mererong ya pabalesego go thusa bao ba tobaneng le ditiragalo tsa menolopuso le tsa go thopa naga ka dikgoka.

11. Bolwetse jwa Monkeypox

11.1. Kabinete e netefaleditse maAforika Borwa gore ditheo tsa rona tsa maokelo di ntshitse matlho dinameng mo go thibeleng bolwetse jwa Monkeypox, seno se latela gore bo tlhasele dinaga di le mmalwa tse bolwetse jono bo sa tlwaelegang mo go tsona. Le fa ka fa nageng go ise go nne le molwetse yo go begilweng gore o na le bolwetse jono ka fa nageng ya Aforika Borwa, maokelo a ka fa nageng a tsweletse go tlhokomela maemo ka fa nageng ka leitlho le le ntšhotšho.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Dikgato tsa go Batla Maikutlo a Baagi Mabapi le Ditsela tse di ka Tsewang go Samagala le Dikgwebo tse di seng mo Molaong tsa go Reka Dikgerekgere tsa Ditshipi 

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go batla maikutlo a baagi mabapi le ditsela tse di ka tsewang go samagala le dikgwebo tse di seng mo molaong tsa go reka dikgerekgere tse di utswitsweng tsa ditshipi tse di tlhatlhamolotsweng kgotsa tse di gakolositsweng. Go utswiwa ga ditshipi le megala ya koporo mo mafaratlhatlheng a setšhaba go kgoreletsa ikonomi go re tswela mosola go nne go dira gore ditlhwatlhwa tsa dilo di ye kwa godimo thata.

1.2. Tse dingwe tsa dikgoreletsi tseno ke tsa go kgaolwa ga motlakase le tsa go dira gore re tlhoke diterene ka ntlha ya ditshipi tse di utswiwang mo diporong. Seno se dira gore banamedi ba diterene ba dirise madi a mangwe gape go duelela dipalangwa tse dingwe fa diterene di sa dire. Go kgakgamololwa ga megala e e tshwereng motlakase le go e tlogela e ponaka le go leketla go baya matshelo a batho mo kotsing, segolobogolo mo baneng. 

1.3. Kabinete e laetse gore dtic e nne yona e e gogang kwa pele dikgato tseno le go dira jalo ntle le go tsaya nako e telele, le go bokeletsa ditshwaelo go tswa mo baaging le mo makaleng a a matshwanedi mmogo le go tla ka maano a a tla re tswelang mosola a puso e ka a dirang le go a tsenya tirisong go fedisa ditiragalo tseno tsa go senyetsa setšhaba mafaratlhatlha a sona a a botlhokwa mo ikonoming. E tla re morago ga fao, puso ya itsese setšhaba ka dikgato tse e dumelaneng le tsona gore di ka tsenngwa tirisong. 

C. Ditiragalo tse di Tlang

1. Kopanokgothakgothe ya Dinaga tsa Boditšhabatšhaba e e ka ga go Tlhabana Botlhale mo Mererong ya Tirisanommogo ka Didirisiwa tsa Thekenoloji tse di Dirang gore go Rene Kagiso (PTPS) mo Dinagakopanong (UN) 

1.1. Naga ya Aforika Borwa e tla tshwara PTPS ya borataro kwa Lekgotleng la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri (CSIR) kwa Pretoria go tloga ka Labobedi, 21 go fitlha ka Labotlhano, 24 Seetebosigo 2022. Go solofetswe gore go tla tla baeng ba le 300 go tswa kwa dinageng di le 50 tse e leng karolo ya dinagakopano.

1.2. Kopanokgothakgothe eno ya go tlhabana botlhale e tla kopanya batlhankedi botlhe ba ba nang le kgatlhegelo mo sesoleng, sepodising le mo baaging mo dinageng tseo e leng karolo ya dinagakopano go dirisana mmogo mo tirisong ya thekenoloji ya segompieno e e tlhabologileng thata le mo go logeng maano a segompieno a a tlhabologileng thata go dirisiwa mo matsholong a dintwa a a gogwang kwa pele ke UN. Kopanokgothakgothe eno ya go tlhabana botlhale e tla dirisiwa jaaka lefelo le mo go lona dinaga tse e leng karolo ya sesole sa go tlisa kagiso sa dinagakopano di tla tlhabanang botlhale mo go lona mmogo le mo go tlhameng dikakanyo tse dintšhwa tse di ka ga gore thekenoloji e ntšhwa ya segompieno e ka solwa jang mosola go thibela dintwa le mo go direng gore go rene kagiso. 

2. Dikgaisano tse di Tshwarwang Lekgetlo la Bone tsa Bokgoni jo bo Tswileng Diatla mo Nageng ya Aforika Borwa (WSZA) tse di Tshwarwang Gangwe le Gape Morago ga Dingwaga di le Pedi ka fa Nageng 

2.1. Dikgaisano tsa Naga tse di Tshwarwang Lekgetlo la Bone tsa WSZA tse di Tshwarwang Gangwe le Gape Morago ga Dingwaga di le Pedi ka fa Nageng di tla tshwarelwa kwa Tikwatikweng ya Kopanelo ya Boditšhabatšhaba ya Inkosi Albert Luthuli kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal go tloga ka la bo 07 go fitlha ka la bo 10 Seetebosigo 2022 ka fa tlase ga moono yo o reng: “Go Tlhatlosa Dikuno tsa mo Ngwagaketeng wa bo 21 Badiri ba Ditiro tsa Diatla”. 

2.2. Dikgaisano tseno di tshwarwa ka maitlhomo a go tlhatlosa serodumo sa batho ba ba nang le bokgoni jwa tiro ya diatla gore batho ba bangwe ba nne le lerato la tsona le go itlhophela tsona jaaka ditiro tse ba tla di latelang mmogo le go bulela tirisanommogo e e solofetsang go nna teng le diintaseteri tse di matshwanedi. Mo godimo ga go dirisiwa jaaka dikgato tsa go tlhatlosa serodumo sa tiro ya diatla gore e ratege mo baithuti go itlhophela tsona jaaka ditiro tse ba batlang go di dira, di dirisiwa gape le ka maitlhomo a go tlhatlhoba maemo le bokgoni jo re nang le jona jwa tiro ya diatla mmogo le go tlhatlhoba tlhatlhelelo ka bokgoni 

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya Matshediso 

Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa fa a romela matshediso kwa balelapa le morafe wa Bogosi jwa amaMpondo go latela gore Kgosi ya bona Zanozuko Tyelovuyo Sigcau a thule botala ka tlhogo. 

E. Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Rre Jacob Ganny Mbele o thapilwe go nna Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE). 
2. Mme Pumeza Nwabisa Nodada o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lefapheng la Merero ya Dikgwa, ya Botshwaro jwa Ditlhapile le ya Tikologo (DFFE).
3. Mme Susan Mafanedza Masapu o thapilwe go nna Mmueledimogolo wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo (DoJCD). 
4. Mme Doris Tshepe o thapilwe go nna Mokhomišenare mo Khomišeneng e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo. 
5. Ngaka Alex Mahapa o thapilwe go nna Motlhankedi yo a Itlhophileng wa go Eletsa Tona ya Lefapha la Tirelo ya Puso le Tsamaiso wa ditiro tsa letsatsi le letsatsi. 
6. Moatefokate Rams Ramashia o thapilwe go nna Motlhankedi yo a Itlhophileng wa go Eletsa Tona ya Lefapha la Tirelo ya Puso le Tsamaiso wa ditiro tsa nakwana. 

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building